Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thomas Emlyn—Motlhapatsi Kgotsa Mmueledi wa Boammaaruri?

Thomas Emlyn—Motlhapatsi Kgotsa Mmueledi wa Boammaaruri?

THOMAS Emlyn e ne e le mang, mme ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa go emela boammaaruri? Ke eng se re ka se ithutang mo go ene se se ka re thusang gompieno?

E le gore re arabe dipotso tseo re tlhoka go boela morago kwa Engelane le kwa Ireland mo lekgolong la bo17 le la bo18 la dingwaga. Ka nako eo Kereke ya Engelane e ne e na le taolo e kgolo. Mekgatlho e mentsi ya Boporotesetanta le batho ba ne ba le kgatlhanong le dithuto le meetlo ya kereke.

E NE E LE MANG?

Thomas Emlyn o tsholetswe mo go one maemo ano ka Motsheganong 27, 1663, kwa Stamford, Lincolnshire kwa Engelane. O ne a simolola go rera fa a le dingwaga di le 19. Moragonyana, o ne a nna leloko la Presbyterian ya motlotlegi mongwe yo o neng a nna kwa Lontone mme moragonyana a fudugela kwa Belfast kwa Ireland.

Fa a le kwa Belfast o ne a etelela pele mo kerekeng. Fa nako e ntse e ya, Emlyn o ne a nna moreri mo mafelong a a farologaneng go akaretsa le kwa Dublin.

KE KA NTLHA YANG FA GO NE GO TWE KE MOTLHAPATSI?

Ka nako eo, Emlyn o ne a ithuta Baebele ka kelotlhoko. Dithuto tsa gagwe di ne tsa dira gore a simolole go belaela thuto ya Tharonngwe, le fa gone kwa tshimologong a ne a e dumela. Fa a ntse a dira dipatlisiso tsa Diefangele, o ne a tlhatswega pelo gore di tsamaisana le se a se dumelang.

Ka nako eo, Emlyn ga a ka a senola se a neng a se ribolotse. Le fa go ntse jalo, bangwe mo kerekeng ya gagwe ya kwa Dublin ba ne ba lemoga gore ga a sa tlhole a bua ka Tharonngwe mo ditherong tsa gagwe. E re ka a ne a itse gore bangwe ga ba na go amogela dilo tse disha tse a di ithutileng, o ne a kwala jaana: “Ga ke bone ke tla tswelela ka tiro e ke e dirang ga jaana, fa ke setse ke buile jalo.” Ka June 1702, ditsala tsa gagwe tse pedi di ne tsa tla kwa go ene go mmotsa gore goreng a sa dirise Tharonngwe mo ditherong tsa gagwe. Emlyn o ne a bua boammaaruri gore ga a sa tlhole a e dumela, a bo a leboga tiro morago ga moo.

Kgatiso ya ga Emlyn e e nayang bosupi jwa Dikwalo jo bo malebana le lebaka la go bo Jesu e se Mogodimodimo

Mo malatsing a se kae o ne a fuduga go tswa kwa Dublin, Ireland, a ya kwa Engelane. Le fa go ntse jalo, morago ga dibeke di le lesome o ne a boela gape kwa Dublin go ya go rarabolola dikgang dingwe, ka maikaelelo a gore o tla fudugela leruri kwa Lontone. Fa a le koo, o ne a gatisa An Humble Inquiry Into the Scripture-Account of Jesus Christ ka maikaelelo a gore batho ba dumele mo dilong tse a di dumelang. Mo kgatisong eno o ne a bontsha bosupi jo bo tletseng jwa Dikwalo gore ga go kgonege gore Jesu e ka nna Modimo Mogodimodimo. Seno se ne sa shakgatsa maloko a kereke ya ga Emlyn ya pele ya kwa Dublin. Ba ne ba ngongorega kwa molaong.

Emlyn o ne a tshwarwa a bo a sekisiwa kwa Kgotlatshekelo ya Queen’s Bench kwa Dublin ka Seetebosigo 14, 1703. Mo bukeng ya gagwe ya True Narrative of the Proceedings, Emlyn a re o ne a latofalediwa “go kwala le go gatisa buka, e e buang gore, Ke gatelela ka go tlhapatsa le ka bopeloetlhoi, jalo le jalo.  Gore Jesu Keresete o ne a sa lekane le Modimo Rara.” Tsheko yotlhe e ne e se na tshiamiso. Babishopo ba le supa ba Kereke ya Ireland ba ne ba ntse le baatlhodi. Emlyn o ne a sa letlelelwa go ipuelela. Mmueledi wa maemo a a kwa godimo e bong Richard Levins o ne a bolelela Emlyn gore o tla gatakiwa “jaaka phiri e e se nang molao.” Kwa bofelong jwa tsheko, Richard Pyne Moatlhodi mogolo wa kwa Ireland o ne a bolelela setlhopha sa basekisi gore fa ba sa fitlhelele katlholo e ba e lebeletseng, ba tla di gama ba sa di tlhapela.

“Ke bogisediwa se go tweng ke boammaaruri ka ene [Modimo] le kgalalelo ya gagwe.”—Thomas Emlyn

Fa Emlyn a bonwa molato, mmueledi mogolo o ne a re a ikope maitshwarelo. Emlyn o ne a gana. O ne a duedisiwa a bo a atlholelwa ngwaga kwa kgolegelong. E re ka a ne a se na madi a go duela, o ne a nna kwa kgolegelong dingwaga di le pedi, go fitlhela tsala nngwe ya gagwe e kopa baeteledipele gore ba fokotse madi a kotlhao. Emlyn o ne a gololwa ka July 21, 1705. Go tlontlololwa ka tsela eno go ne ga mo tlhotlheletsa gore a kwale jaana jaaka go builwe pelenyana, “Ke bogisediwa se go tweng ke boammaaruri ka ene [Modimo] le kgalalelo ya gagwe.”

Emlyn o ne a fudugela kwa Lontone, kwa kgabagare a neng a itsane le William Whiston, mokanoki mongwe wa Baebele yo le ene a kileng a bogisediwa go bo a kwadile se a akanyang gore ke boammaaruri jwa Baebele. Whiston o ne a tlotla Emlyn, a re ke “‘moipobodi wa ntlha le wa konokono’ wa ‘bokeresete jwa bogologolo.’”

KE KA NTLHA YANG FA A ILE A GANA THARONNGWE?

Go tshwana fela le William Whiston le mokanoki mongwe yo o tlotlegang e bong Isaac Newton, Emlyn o ne a fitlhela gore thuto ya Tharonngwe ga e tshegediwe ke Baebele jaaka go bontshiwa mo Athanasian Creed. O ne a tlhalosa jaana: “Morago ga go tlhatlhanya thata le go ithuta Dikwalo tse di boitshepo, . . . Ke bone lebaka la botlhokwa . . . la go fetola tsela e ke neng ke leba Tharonngwe ka yone.” O ne a konela ka gore, “Modimo le Rraagwe Jesu Keresete ke ene a le esi Mogodimodimo.”

Ke eng se se dirileng gore a swetse jalo? O ne a fitlhela ditemana di le dintsi tse di buang ka tsela e Jesu le Rraagwe ba farologaneng ka yone. A re sekasekeng dikai di le mmalwa (dikakgelo tsa ga Emlyn ke tsa mokwalo o o sokameng):

  •  Johane 17:3: “Ga go na gope mo go tweng Keresete ke Modimo a le mongwe kgotsa Modimo, fa e se Modimo ka boene.” Ke Rre fela a bidiwang “Modimo yo o esi wa boammaaruri.”

  •  Johane 5:30: “Morwa ga a dire thato ya gagwe, fa e se ya ga Rraagwe.”

  •  John 5:26: “O neilwe botshelo ke Rraagwe.”

  •  Baefeso 1:3: “Fa Jesu Keresete ene a itsege e le Morwa wa Modimo, ga re ka ke ra fitlhela Rre a bidiwa Rragwe Modimo, le fa gone gantsi a bidiwa Rraagwe Morena wa rona Jesu.”

Morago ga gore Emlyn a bue mafoko ano o ne a re: “Ga go na temana le fa e le epe mo Dikwalong tse di boitshepo, e e ka utlwalang e kete Rre, Morwa le Moya o o Boitshepo ke motho a le mongwe.”

RE KA ITHUTA ENG?

Gompieno batho ba le bantsi ba boifa go emela se Dikwalo di se rutang. Emlyn ene o ne a ikemiseditse go emela boammaaruri jwa Baebele. O ne a botsa jaana, “Fa motho a sa buelele boammaaruri jwa botlhokwa, jo a bo bonang bo utlwala e bile bo lemotshega mo Dikwalong, ke ka ntlha yang fa a tshwanetse go bo bala le go bo batlisisa?” Emlyn o ne a tswelela a emetse boammaaruri.

Sekao sa ga Emlyn le ba bangwe se ka re tlhotlheletsa gore re itlhatlhobe gore a re tla emela boammaaruri le fa gone re ganediwa. Le rona re ka ipotsa jaana, ‘Ke eng se se botlhokwa mo go nna—go amogelwa ke batho kgotsa go emela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo?’