Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 72

Go Itsise Boammaaruri Jwa Bogosi

Go Itsise Boammaaruri Jwa Bogosi

(Ditiro 20:20, 21)

  1. 1. Re kile ra nna mo ’fifing

    Re sa itse boammaaruri.

    Mme Jah a re ruta ka

    ’Gosi jwa ’gwe jo bo maatla.

    Re ne ra nna le tshono ya:

    Go’obamela Modimo Jah;

    Go bua ka Bogosi

    Le go galaletsa leina la ’gwe.

    Re rerela batho botlhe,

    Ka ntlo le ntlo, mo mebileng.

    Re ba ruta boammaaruri;

    Gore ba tle ba gololwe.

    Fa re leka go’anamisa

    Kobamelo ya Jehofa,

    A rotlhe re se kgaotse

    Go fitlha Jah a re go lekane.