Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 73

Re Neye Bopelokgale

Re Neye Bopelokgale

(Ditiro 4:29)

  1. 1. Fa re rera ka Bogosi,

    Fa re bua ka wena.

    Ba bantsi ba re ganetsa,

    Ba bangwe ba re sotla.

    Go na le go ba boifa,

    Re tla utlwa wena fela.

    Jalo re fe moya wa gago;

    Tlhe Jehofa, re a kopa.

    (KHORASE)

    Re neye bopelokgale;

    Gore re se boife.

    Re neye bopelokgale

    Gore botlhe ba utlwe.

    Haramagedon’e gaufi,

    Fa re ntse re e letile,

    Re neye bopelokgale.

    Re a kopa.

  2. 2. Le fa gone re ka boifa,

    Ga’o re felele pelo.

    O re tlhomamiseditse

    Gore o tla re thusa.

    Babogisi ba rona

    Ba leka go re tshosetsa.

    Jah tlhe, re thuse go itshoka.

    Fa re’itsise leina la ’go.

    (KHORASE)

    Re neye bopelokgale;

    Gore re se boife.

    Re neye bopelokgale

    Gore botlhe ba utlwe.

    Haramagedon’e gaufi,

    Fa re ntse re e letile,

    Re neye bopelokgale.

    Re a kopa.