Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

NNANG LO DISITSE!

Lefatshe le a Senyega—Baebele e a Reng ka Gone?

Lefatshe le a Senyega—Baebele e a Reng ka Gone?

 “Go ise go ye kae, re tlile go lebana le maemo a bosa a a tla bakang tshenyo e kgolo thata. Go tla nna le merwalela mo ditoropong di le dintsi. Mogote o o feteletseng. Ditsuatsue. Go tlhaela ga metsi mo mafelong a le mantsi. Go nyelediwa ga mefuta e mentsi ya dimela le diphologolo. Seno ga se tlhamane kgotsa go feteletsa dilo. Ke se saense e re bolelelang gore se tla direga fa dipuso di sa fetole tsela e go dirisiwang motlakase ka yone.”—Mafoko a ga António Guterres, motsamaisimogolo wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, fa a ne a bua ka pego ya Intergovernmental Panel on Climate Change e e ntshitsweng ka April 4, 2022.

 “Baitsesaense ba tlhagisa gore mo dingwageng tse di tlang, diphaka di ka nna 423 tse di nang le diphologolo [kwa United States], di tla amiwa ke maemo a bosa a a fetofetogang ka gonne di ka senngwa ke dithemperetšha tse di ntseng di oketsega. Dilo tseno tse di bosula tse di tla diregang, di tshwana le masetlapelo a re ka balang ka one mo Baebeleng: molelo le morwalela, go nyerologa ga aese, metsi a a oketsegang mo mawatleng le mogote o o feteletseng.”—Mafoko a a tswang mo setlhogong se se reng, “Flooding Chaos in Yellowstone, a Sign of Crises to Come,” mo lokwalodikgannyeng lwa The New York Times, June 15, 2022.

 A mathata a lefatshe a a amang tikologo a ka rarabololwa? Fa go le jalo, ke mang yo o tla a rarabololang? Ela tlhoko se Baebele e se buang.

Baebele e ne ya bolelelapele ka go senngwa ga tikologo

 Baebele e a re Modimo o tla ‘senya ba ba senyang lefatshe.’ (Tshenolo 11:18) Temana eno e re ruta dilo di le tharo:

  1.  1. Dilo tse batho ba di dirang di tla feleletsa di sentse lefatshe.

  2.  2. Bothata jono jwa go senngwa ga lefatshe bo tla fela.

  3.  3. Modimo ke ene a tla fedisang mathata a lefatshe a a amang tikologo, e seng batho.

Modimo o tlile go baakanya lefatshe la rona

 Baebele e a re ‘lefatshe le tswelela le le gone ka bosakhutleng.’ (Moreri 1:4) Go tla nna le go na le batho mo go lone.

  •   “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

 Lefatshe la rona le tlile go baakanngwa.

  •   “Naga le lefatshe le le omeletseng di tla itumela, e bile sekaka se tla itumela se bo se ntsha malômô jaaka saferone.”Isaia 35:1.