Isaia 35:1-10

  • Paradaise e a tsosolosiwa (1-7)

    • Difofu di tla bona; bosusu ba tla utlwa (5)

  • Ba ba rekolotsweng ba tsamaya mo Tseleng e e Boitshepo (8-10)

35  Naga le lefatshe le le omeletseng di tla itumela,+E bile sekaka se tla itumela se bo se ntsha malômô* jaaka saferone.*+   Ruri se tla ntsha malômô;+Se tla itumela e bile se tla goa ka boitumelo. Se tla newa kgalalelo ya Lebanona,+Bontlentle jwa Karemele+ le Sharona.+ Ba tla bona kgalalelo ya ga Jehofa, e leng bontlentle jwa Modimo wa rona.   Nonotshang ba ba bokoa,Le mangole a a roromang.+   Rayang ba ba dipelo di tlhobaelang lo re: “Nonofang. Lo se ka lwa boifa. Modimo wa lona o tla tla go lo busolosetsa mo babeng ba lona,Modimo o tla tla go diragatsa katlholo.+ O tla tla go lo boloka.”+   Ka nako eo, matlho a difofu a tla bulwa,+Le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa.+   Ka nako eo, motho yo o tlhotsang o tla tlolaka jaaka kgama,+Le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.+ Gonne metsi a tla pomponyega mo nageng,Le melatswana e tla pomponyega mo sekakeng.   Mmu o o omeleditsweng ke mogote o tla nna jaaka mogobe o o tletseng lotlhaka,Le mmu o o nyorilweng o tla nna jaaka metswedi ya metsi.+ Go tla nna le bojang jo botala le lotlhaka le papiraseMo mengobong e bophokoje ba ikhutsang mo go yone.+   Mme go tla nna le tsela e kgolo,+Tsela e e bidiwang Tsela ya Boitshepo. Yo o seng phepa ga a kitla a tsamaya mo go yone.+ E baakanyeditswe ba ba tsamayang ka tsela;Ga go na ope yo o seeleele yo o tla fapogelang mo go yone.   Ga go kitla go nna le tau teng,E bile ga go kitla go nna le dibatana dipe tse di kotsi mo go yone. Ga di kitla di fitlhelwa teng;+Ba ba rekolotsweng ke bone fela ba tla tsamaya teng.+ 10  Ba Jehofa a ba golotseng ba tla boa+ ba bo ba tla mo Siona ba goa ka boitumelo.+ Boitumelo jo bo sa feleng bo tla nna mo ditlhogong tsa bone,+Ba tla nna le boitumelo le boipelo,Mme khutsafalo le selelo di tla tshaba.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dithunya.”
Kgotsa “monyelenyele.”