Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa terama eno ya Baebele e ne e dirwa go ne ga tlisiwa matlapa a a sitsweng a dikelogerama di ka nna 27 500 kwa setudiong sa Mt. Ebo

KA FA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Go Diriwa ga Dibidio Tsa Kopano ya Tikologo ya 2020 ya ‘Ipeleng ka Metlha’!

Go Diriwa ga Dibidio Tsa Kopano ya Tikologo ya 2020 ya ‘Ipeleng ka Metlha’!

AUGUST 10, 2020

 Dibidio tse di tshamekiwang kwa kopanong ya tikologo di re ama pelo e bile di re thusa go tlhaloganya dithuto tsa Baebele botoka. Kopano ya Tikologo ya 2020 ya ‘Ipeleng ka Metlha’! e na le dibidio di ka nna 114 tse di akaretsang dipuo di ka nna 43, tse di neelwang ke maloko a Setlhopha se se Laolang le bathusi ba bone. A o kile wa ipotsa gore go tsewa matsapa a a kana kang le gore go dirisiwa bokae go dira dibidio tseno?

 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 900 mo lefatsheng lotlhe ba ile ba dirisa nako ya bone le bokgoni jwa bone go thusa mo porojekeng eno. Ba ile ba fetsa diura di ka nna 100 000 mo dingwageng di le pedi gore ba wetse porojeke eno. Seno se akaretsa diura di ka nna 70 000 tse ba neng ba di tlhoka go fetsa terama ya Baebele e e tsayang metsotso e le 76 ya Nehemia: “Boipelo Jwa ga Jehofa ke Kago ya Lona e e Thata.”

 Go ne go tlhokega madi a mantsi go tlhokomela baithaopi bano, le go ba thusa ka dilo tsotlhe tse ba neng ba di tlhoka go wetsa porojeke eno.

 Jared Gossman yo o direlang mo lefapheng la Audio/Video a re: “Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang e ne e batla go akaretsa mafelo le ditso tse di farologaneng mo di bidiong tseno. Dibidio tseno di bontsha sentle gore re na le bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe. Gore go fitlhelelwe seno ditlhopha di le 24 mo dinageng di le 11 di ile tsa dira mmogo mo porojekeng eno. Go ne go tlhokega madi a le mantsi, mme gape re ne re tlhoka go rulaganya batho gore ba dire mmogo lefatshe lotlhe.”

 Go ne go tlhokega dilo dingwe gore re kgone go dira dibidio tseno. Ka sekai, fa go ne go dirwa terama ya Nehemia: “Boipelo Jwa ga Jehofa ke Kago ya Lona e e Thata” go ile ga dirwa di sete mo teng ga setudio sa Mt. Ebo gaufi le Patterson, New York, U.S.A. Bakaulengwe ba ile ba dirisa meneelo sentle fa ba ne ba dira di sete tseno tsa motlha wa bogologolo, ba ile ba dira di pota tse di tshwanang le tse di neng di agilwe kwa Jerusalema ba dirisa dilo tse di seng bokete. Ba ile ba dirisa foreime ya legong ya dimetara di le 6 mme ba e khabara ka sepontšhe se se neng se pentilwe jaaka matlapa. “Dipota” tseno di ne di kgona go sutisiwa gore di kgone go dirisiwa mo diseting tse di farologaneng tsa terama eno. Le fa go ntse jalo go ne go tlhokega madi a a kana ka R1 739 773 go dira disete tsa terama eno. a

 Go itse dintlha tseno go dira gore re lebogele thulaganyo e e ileng ya dirwa ya kopano ya tikologo ya ngwaga ono. Re a itse gore maiteko otlhe a a dirilweng mo porojekeng eno, a tla dira gore Jehofa a galalediwe mo lefatsheng lotlhe. Re leboga meneelo yotlhe e lo e ntshetsang tiro ya lefatshe lotlhe ka go rata lo dirisa donate.dan124.com kgotsa ditsela tse dingwe tse di farologaneng.

a Di sete tsa terama ya Nehemia: “Boipelo Jwa ga Jehofa ke Kago ya Lona e e Thata” di dirilwe pele ga bolwetse jwa COVID-19. Ka nako eo go ne go sa tlhokege gore re dire social distancing.