Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KA FA MENEELO E DIRISIWANG KA GONE

Thanolo ya Thulaganyo ya Kopano ya Tikologo ya 2020 ya ‘Ipeleng ka Metlha’!

Thanolo ya Thulaganyo ya Kopano ya Tikologo ya 2020 ya ‘Ipeleng ka Metlha’!

JULY 10, 2020

 Ka July le August 2020, e tla bo e le lantlha Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, ba lebelela thulaganyo ya kopano ya tikologo ka nako e le nngwe. Gore seo se kgonege, dipuo tsa kopano di ne di tlhoka go ranolelwa mo dipuong di feta 500. Gantsi go ka tsaya ngwaga kgotsa go feta go fetsa porojeke eno. Ka ntlha ya bolwetse jwa Corona, baranodi ba ile ba tshwanelwa ke go ranola Kopano ya Tikologo ya 2020 ya ‘Ipeleng ka Metlha’! mo dikgweding di le nnê fela.

 Lefapha la Ditirelo Tsa Thanolo le Lefapha le le Okametseng Dilo Tse di Rekwang mo Lefatsheng Lotlhe kwa Ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa, a ile a thusa ka porojeke eno e kgolo. Lefapha la Ditirelo Tsa Thanolo le ile la lemoga gore, baranodi ba ne ba tlhoka dilo dingwe go ba thusa go wetsa porojeke eno, jaaka dimaekerofouno. Lefapha le le Okametseng Dilo Tse di Rekwang mo Lefatsheng Lotlhe le ile la rulaganya gore go rekwe dimaekerofouno di ka nna 1000, di bo di romelwa kwa mafelong a ka nna 200.

 E le gore go bolokiwe madi, dimaekerofouno tseno di ile tsa rekiwa ka bontsi, di bo di isiwa kwa lefelong le le lengwe, go tswa foo di bo di romelelwa baranodi mo lefatsheng lotlhe. Ka gonne re ne re rekile di maekerofouno tseno ka bontsi, re ile ra fokolediwa tlhwatlhwa ya dimaekerofouno tseno ka di peresente di le 20. Re ile ra rekisediwa maekerofouno o le mongwe ka of R2854.74 e e akaretsang le ditshenyegelo tsa go e romela.

 Lefapha le le Okametseng Dilo Tse di Rekwang mo Lefatsheng Lotlhe le ile la tshwanelwa ke go reka le go romela dimaekerofouno tseno ka April le May 2020. Ka ntlha ya Corona, go ne go na le dithibelo dingwe tse di neng di dira gore dikgwebo di se ka tsa tlhola di bereka sentle jaaka pele. Fa kgwedi ya May e fela, mafelo a mangwe a thanolo, diofisi tsa thanolo le diofisi tsa lekala, di ile tsa amogela dilo tseno tse di neng di di tlhoka.

 Molebedi wa Lefapha le le Okametseng Dilo Tse di Rekwang mo Lefatsheng Lotlhe e bong Jay Swinney, a re: “Go ne go na le tirisanommogo e ntle mo magareng ga mafapha a bethele le dikgwebo tse di farologaneng tse re neng re dirisana le tsone mo porojekeng eno. Moya wa Modimo o ile wa re thusa go dirisa meneelo sentle le gore re kgone go dira tiro eno ka bonako.”

 Mokaulengwe mongwe yo o dirang mo Lefapheng la Ditirelo Tsa Thanolo, e bong Nicholas Ahladis a re: “Baranodi ba ba neng ba le mo lockdown ka nako eo ba ne ba itumeletse go amogela di dirisiwa tse ba neng ba di tlhoka. Le fa gone ba ne ba bereka ba le mo mafelong a a farologaneng ka ntlha ya dithibelo dingwe, ba ile ba kgona go bereka mmogo sentle go ranolela dipuo le di terama, mo di puong di feta 500.”

 Eno ke nngwe ya diporojeke di le dintsi tse di ileng tsa dirwa, gore go nne le Kopano ya Tikologo ya 2020 ya ‘Ipeleng ka Metlha’! mo lefatsheng lotlhe. Meneelo e lo e ntshang ka go rata ka donate.dan124.com kgotsa ka di tsela dipe gape tse dingwe, ke yone e e thusitseng gore go rekwe dilo tseno tsotlhe.