Fetela kwa tshedimosetsong

A lo Lekoko le le Simologang Kwa Amerika?

A lo Lekoko le le Simologang Kwa Amerika?

 Ntlokgolo ya rona e kwa United States of America. Mme gone, ga re lekoko le le simologang kwa Amerika ka ntlha ya mabaka a a latelang:

  •   Bangwe ba tlhalosa lekoko e le setlhopha se se duleng mo bodumeding bongwe jo bogolo. Basupi ba ga Jehofa ga ba tswe mo bodumeding bongwe. Go na le moo, re itsaya re le setlhopha se se buseditseng tsela ya Bokeresete jo bo neng bo le gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

  •   Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetse mo bodireding jwa bone mo dinageng di fetsa 230. Go sa kgathalasege gore re mo nageng efe, re tshegetsa fela bolaodi jwa ga Jehofa Modimo le jwa ga Jesu Keresete, e seng jwa puso ya United States kgotsa jwa puso epe fela ya batho.—Johane 15:19; 17:15, 16.

  •   Dithuto tsotlhe tsa rona di theilwe mo Baebeleng, e seng mo mekwalong ya moeteledipele mongwe wa bodumedi wa kwa United States.—1 Bathesalonika 2:13.

  •   Re balatedi ba ga Jesu Keresete, e seng ba moeteledipele mongwe wa motho.—Mathaio 23:8-10.