Fetela kwa tshedimosetsong

Moruti o a Arabiwa

Moruti o a Arabiwa

Letsatsi lengwe Eliso yo e leng mosupi wa ga Jehofa o ne a tshwere Thuto ya Baebele le mosadi mongwe kwa ga gagwe, mme mosadi yoo o ne a nna le baeng. Baeng bao e ne e le Moruti le mosadi wa gagwe. Eliso o ne a utlwalela gore banyalani bano ba sa tswa go tlhokafalelwa ke ngwana wa bone.

Fa Eliso a ne a ba bolelela gore o utlwisitswe botlhoko ke go bo ba tlhokafaletswe ke ngwana wa bone, moruti yono le mosadi wa gagwe ba ne ba lela fela thata. Moruti o ne a mo araba a tenegile a re: “Ga ke tlhaloganye gore goreng Modimo a letlelela gore re diragalelwe ke seno! Goreng a ntseela morwaake a le esi? Ke na le dingwaga di le 28 ke direla Modimo, ke dira dilo tse dintle, mme ene o tlhopha go nkutlwisa botlhoko! Goreng a mpolaetse ngwana?”

Eliso o ne a tlhalosetsa banyalani bano gore Modimo ga a ba bolaela ngwana. O ile a tlotla le bone gape ka thekololo, tsogo ya baswi, le gore goreng Modimo a letlelela dilo tse di bosula go direga. Moruti le Mosadi wa gagwe ba ne ba bolelela Eliso gore o ba file dikarabo tse e leng kgale ba di rapelela.

Mo bekeng e e latelang, moruti yoo le mosadi wa gagwe ba ne ba etela mosadi yoo gape mme ba tsaya karolo mo thutong ya Baebele. Mme ba ne ba ithuta mo kgaolong e e reng “Tsholofelo ya Mmatota ka Batho Ba o Ba Ratang ba ba Suleng,”mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Banyalani bao ba ile ba tsaya karolo mo mo tlotlong oo.

Moragonyana ba ile ba ya kopanong e e kgethegileng ya Basupi ba ga Jehofa kwa Tbilisi, Georgia, ba ne ba amilwe thata ke go bona batho ba ratana e bile ba utlwana. Kgale ba leka go ruta batho ba ba mo kerekeng ya bone dinonofo tseno mme ba sa atlege.