Fetela kwa tshedimosetsong

Tsogo ke Eng?

Tsogo ke Eng?

Karabo ya Baebele

Mo Baebeleng, lefoko le le ranotsweng e le “tsogo” le tswa mo lefokong la Segerika a·naʹsta·sis, le le kayang “go tsoga” kgotsa “go ema gape.” Motho yo o tsosiwang, o tsosiwa mo losong mme o tshela gape, a le jaaka a ne a ntse pele a swa.—1 Bakorintha 15:12, 13.

Le fa lefoko “tsogo” le seyo mo Dikwalong Tsa Sehebera, tse gantsi di bidiwang Tesetamente e Kgologolo, thuto eno yone e teng. Ka sekai, Modimo o ne a solofetsa jaana a dirisa moporofeti Hosea: “Ke tla ba golola mo seatleng sa Sheole [kgotsa “Lebitla”]; ke tla ba golola mo losong.”—Hosea 13:14; Jobe 14:13-15; Isaia 26:19; Daniele 12:2, 13.

Batho ba tla tsosediwa kae? Batho bangwe ba tsosediwa go tshela kwa legodimong gore ba buse le Keresete e le dikgosi. (2 Bakorintha 5:1; Tshenolo 5:9, 10) Baebele e bitsa seno “tsogo ya ntlha” le “tsogo ya pele,” mme dipolelwana tseno tse pedi di bontsha gore go tla nna le tsogo e nngwe. (Tshenolo 20:6; Bafilipi 3:11) Mo tsogong e e tla diregang moragonyana, batho ba tla tsosediwa go tshela mo lefatsheng mme bontsi jwa bone ba tla itumelela go tshela gape.—Pesalema 37:29.

Batho ba tsosiwa jang? Modimo o naya Jesu maatla a go tsosa baswi. (Johane 11:25) Jesu o tla tsosa “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo,” mongwe le mongwe wa bone a na le botho, dikakanyo le popego e e farologaneng le ya ba bangwe. (Johane 5:28, 29) Ba ba tsosediwang kwa legodimong ba newa mebele ya semoya, fa ba ba tsosediwang go tshela mo lefatsheng bone ba newa mebele e e itekanetseng ya senama, e e se nang boleo.—Isaia 33:24; 35:5, 6; 1 Bakorintha 15:42-44, 50.

Go tla tsosiwa bomang? Baebele ya re “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Ba ba siameng ba akaretsa batho ba ba ikanyegang ba ba jaaka Noa, Sara le Aborahame. (Genesise 6:9; Bahebera 11:11; Jakobe 2:21) Ba ba sa siamang ba akaretsa ba ba sa tshelang ka melao ya Modimo ka gonne ba sa bona tshono ya go e ithuta le go e latela.

Mme gone, ba ba nnang boikepo e bile ba sa fetoge ba ka se tsosiwe. Fa ba swa, ba fedisediwa ruri ba se na tsholofelo ya tsogo.—Mathaio 23:33; Bahebera 10:26, 27.

Batho ba tla tsosiwa leng? Baebele e ne ya bolelela pele gore tsogo ya kwa legodimong e ne e tla direga mo nakong ya go nna gone ga ga Keresete, mo go simologileng ka 1914. (1 Bakorintha 15:21-23) Tsogo ya mo lefatsheng e tla direga ka nako ya Puso ya ga Jesu Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, fa lefatshe le tla bo le dirwa Paradaise.—Luke 23:43; Tshenolo 20:6, 12, 13.

Goreng go utlwala go dumela mo tsogong? Baebele e tlhalosa ka botlalo dipego tse robongwe tsa tsogo, tse mo go nngwe le nngwe ya tsone go nang le basupi ba ba boneng ka matlho. (1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:32-37; 13:20, 21; Luke 7:11-17; 8:40-56; Johane 11:38-44; Ditiro 9:36-42; 20:7-12; 1 Bakorintha 15:3-6) Go botlhokwa gore re ele tlhoko pego ya fa Jesu a ne a tsosa Lasaro, ka gonne Lasaro o ne a na le malatsi a le mane a sule e bile Jesu o ne a dira kgakgamatso eno fa pele ga boidiidi jwa batho. (Johane 11:39, 42) Tota le baganetsi ba ga Jesu ba ne ba ka se ganetse gore seno se diragetse, ka jalo ba ne ba loga leano la go bolaya Jesu le Lasaro.—Johane 11:47, 53; 12:9-11.

Baebele e bontsha gore Modimo o na le bokgoni le keletso ya go tsosa baswi. Mo mogopolong wa gagwe o o se nang selekanyo, o na le dintlha ka botlalo ka mongwe le mongwe yo a tla mo tsosang ka maatla a gagwe a magolo. (Jobe 37:23; Mathaio 10:30; Luke 20:37, 38) Modimo o kgona go tsosa baswi, e bile o batla go dira jalo! Fa Baebele e bua ka tsogo, ya re ka Modimo: “O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.”—Jobe 14:15.

Dikgopolo tse di seng boammaaruri ka tsogo

Se se seng boammaaruri: Tsogo ke go kopanngwa ga moya le mmele.

Boammaaruri: Baebele e ruta gore moya ke motho ka boene, e seng karolo nngwe e e tswelelang e tshela fa a swa. (Genesise 2:7; Esekiele 18:4) Motho yo o tsosiwang ga a kopanngwe le moya wa gagwe; o bopiwa gape e le moya o o tshelang.

Se se seng boammaaruri: Batho bangwe ba a tsosiwa mme ka bonako morago ga moo ba bo ba senngwa.

Boammaaruri: Baebele ya re “ba ba dirileng dilo tse di bosula” ba tla tsogela kwa “tsogong ya katlholo.” (Johane 5:29) Le fa go ntse jalo, katlholo eno e dirwa go ikaegilwe ka se ba se dirang fa ba sena go tsosiwa e seng pele ba tsosiwa. Jesu o ne a re: ‘Baswi ba tla utlwa lentswe la Morwa Modimo mme ba ba ileng ba tsaya tsia ba tla tshela.’ (Johane 5:25) Ba ba ‘tsayang tsia,’ kgotsa ba ba ikobelang dilo tse ba di ithutileng fa ba sena go tsosiwa, ba tla kwalwa mo ‘lokwalong lwa momeno lwa botshelo.’—Tshenolo 20:12, 13.

Se se seng boammaaruri: Motho o tsosiwa ka one mmele o a neng a na le one pele a swa.

Boammaaruri: Fa motho a sena go swa, mmele wa gagwe o a senyega o bo o nyelela.—Moreri 3:19, 20.