Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala

“Ke thato ya Modimo. . . . O se ka . . . wa . . . lela tlhe.”

Mafoko ao a ne a sebelwa mosadi mongwe yo o bidiwang Bebe. O ne a le kwa phitlhong ya ga rraagwe, yo o neng a tlhokafetse mo kotsing ya koloi.

Bebe o ne a atamalane thata le rraagwe. Mafoko a a fa godimo a ne a buiwa ke tsala nngwe ya lelapa la gaabo e e neng e batla go mo gomotsa, mme gone, Bebe o ne a utlwa mafoko ao a mo tlhaba mo pelong. O ne a nna a ipotsa jaana: “Goreng e ka nna thato ya Modimo gore rre a swe?” Dingwaga moragonyana fa Bebe a ne a kwala ka se se diragetseng, go ne go bonala sentle gore o sa ntse a hutsafetse.

Jaaka Bebe a ile a lemoga, go ka tsaya lobaka gore khutsafalo ya motho yo o tlhokafaletsweng e kokobele, segolobogolo fa a ne a atamalane thata le moswi. Go a tshwanela go bo mo Baebeleng loso lo tlhalosiwa e le “mmaba wa bofelo.” (1 Bakorintha 15:26) Gantsi lo re wela godimo ka maatla re sa lebelela, lo bo lo re tseela batho ba re ba ratang thata. Ga go na ope yo o ka tilang manokonoko a lone. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo re sa kgone go itshokela loso le khutsafalo e lo e bakang.

Gongwe o kile wa ipotsa jaana: ‘Go tsaya nako e e kae gore khutsafalo e kokobele? Motho a ka lepalepana jang le khutsafalo? Nka gomotsa jang batho ba ba tlhokafaletsweng? A go na le tsholofelo ka baratiwa ba rona ba ba tlhokafetseng?’