Fetela kwa tshedimosetsong

A go Nyala Lefufa go Siame?

A go Nyala Lefufa go Siame?

Karabo ya Baebele

Nako nngwe Modimo o ne a letla banna go nna le basadi ba ba fetang a le mongwe. (Genesise 4:19; 16:1-4; 29:18-29) Mme gone, ga se Modimo yo o neng a simolola mokgwa ono wa gore motho a nyale basadi ba bantsi. O ne a direla Adame mosadi a le mongwe fela.

Modimo o ne a laela Jesu Keresete go busetsa molao wa gagwe wa kwa tshimologong wa gore monna a nyale mosadi a le mongwe. (Johane 8:28) Fa Jesu a ne a bodiwa ka kgang ya lenyalo, o ne a re: “Yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe.’”—Mathaio 19:4, 5.

Mongwe wa barutwa ba ga Jesu o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala jaana: “A monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.” (1 Bakorintha 7:2) Gape Baebele e tlhalosa gore monna mongwe le mongwe mo phuthegong ya Bokeresete yo o newang maikarabelo a a kgethegileng o tshwanetse go nna “monna wa mosadi a le mongwe.”—1 Timotheo 3:2, 12.