Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Lenyalo

Lenyalo

A lenyalo ke tumalano fela ya batho ba babedi?

“Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:6.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo ga a tseye lenyalo e le tumalano fela ya batho ba babedi. Ke kgolagano e e boitshepo fa gare ga monna le mosadi. Baebele ya re: “Go tswa kwa tshimologong ya popo ‘[Modimo] o ne a ba dira monna le mosadi. Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’ . . . Jalo se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se ka a se kgaoganya.” *Mareko 10:6-9; Genesise 2:24.

Mafoko a a reng, “se Modimo a se kopantseng mmogo,” ga a kaye gore Modimo o laola go sa le gale gore mang o tla nyalana le mang. Go na le moo, ka go bontsha gore Mmopi ke ene Mosimolodi wa thulaganyo ya lenyalo, Baebele e gatelela bomasisi jwa kgolagano eno. Banyalani ba ba lebang lenyalo la bone ka tsela eo, ba le tsaya e le kgolagano e e boitshepo, e e nnelang ruri, ka go dira jalo ba ikemisetsa le go feta go dira gore lenyalo la bone le atlege. Gape ba dira gore le atlege le go feta fa ba letla Baebele gore e ba kaele fa mongwe le mongwe wa bone a ntse a diragatsa seabe sa gagwe.

 Seabe sa monna ke sefe?

“Monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe.”—Baefeso 5:23.

SE BAEBELE E SE BUANG

Gore dilo di tsamaye ka thelelo mo lelapeng, go tshwanetse ga nna le mongwe yo o dirang ditshwetso tsa bofelo. Baebele e naya monna maikarabelo ao. Mme ga e reye gore a nne mokgokgontshi kgotsa mogateledi. E bile ga e mo letle gore a itlhokomolose maikarabelo a gagwe mo go dirang gore mosadi wa gagwe a se ka a tlhola a mo tlotla mme ka jalo a rwesa mosadi wa gagwe mokgweleo go sa tlhokege. Go na le moo, Modimo o lebeletse gore a dire ka natla go tlhokomela mosadi wa gagwe le gore a mmontshe tlotlo jaaka molekane wa gagwe yo o atamalaneng thata le ene le yo a mo ikanyang. (1 Timotheo 5:8; 1 Petere 3:7) Baefeso 5:28 ya re: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.”

Monna yo o ratang mosadi wa gagwe tota, o anaanela bokgoni jwa gagwe e bile o tlotla tsela e a lebang dilo ka yone, segolobogolo mo dikgannyeng tse di ka amang lelapa. Ga a tshwanela go gatelela gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe, fela ka gonne e le tlhogo ya lelapa. Fa monna yo o ratang Modimo e bong Aborahame a ne a gana kgakololo e e molemo ya mosadi wa gagwe mo kgannyeng e e amang lelapa la bone, Jehofa Modimo o ne a mo raya a re: “Reetsa lentswe la gagwe.” (Genesise 21:9-12) Aborahame o ne a dira jalo ka boikokobetso mme lelapa la gagwe le ne la nna le kagiso le kutlwano la ba la segofadiwa ke Modimo.

Seabe sa mosadi ke sefe?

“Basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona.” —1 Petere 3:1.

SE BAEBELE E SE BUANG

Pele fela ga fa Modimo a bopela monna wa ntlha mosadi, o ne a re: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.” (Genesise 2:18) Motlatsi ke sengwe se se tlatsang kgotsa se se dirang gore go felele. Ka jalo, Modimo ga a bopa mosadi gore a tshwane le monna kgotsa gore a gaisane le ene mme o mmopetse gore e nne mothusi wa gagwe. Ba ne ba ka diragatsa mmogo seabe se ba se neilweng ke Modimo sa gore ba nne le bana mme ba tlatse lefatshe ka batho ba ba tshwanang le bone.—Genesise 1:28.

Gore mosadi a kgone go diragatsa seabe sa gagwe, Modimo o ne a mo naya dinonofo tse a di tlhokang mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Fa a di dirisa ka botlhale le ka lorato, o thusa thata gore lenyalo la gagwe le atlege le gore monna wa gagwe a ikutlwe a kgotsofetse e bile a sireletsegile mo maikutlong. Modimo o tsaya mosadi yo o molemo jalo e le yo o tshwanelwang ke pako. *Diane 31:28, 31.

^ ser. 5 Baebele e letlelela tlhalo fela fa yo mongwe a dirile boaka.—Mathaio 19:9.

^ ser. 14 Banyalani ba tla bona dikakantsho tse dintsi tse di molemo ka ga lenyalo le botshelo jwa lelapa mo setlhogong se se tlhagang ka metlha mo makasineng wa Tsogang! sa “Go Thusa Lelapa.”