Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Jesu a Ile a Swa?

Goreng Jesu a Ile a Swa?

Karabo ya Baebele

Jesu o ne a swa gore Modimo a kgone go re itshwarela le go re naya botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 6:23; Baefeso 1:7) Loso lwa ga Jesu lo re bontsha gore batho ba kgona go ikanyega mo Modimo le fa ba ka lekwa botlhoko jang.—Bahebera 4:15.

Akanya fela kafa loso lwa motho a le mongwe lo ka fitlhelelang dilo tse dintsi thata jaana.

  1. Jesu o ne a swa gore re ‘itshwarelwe maleo.’—Bakolosa 1:14.

    Adame o ne a bopiwa a se na boleo. Mme o ne a tlola taelo ya Modimo. Seo se ile sa ama ditlogolwana tsa gagwe tsotlhe ka tsela e e setlhogo. Baebele ya re “ba le bantsi ba ne ba dirwa baleofi ka botlhokakutlo jwa motho a le mongwe.”—Baroma 5:19.

    Jesu le ene o ne a se na boleo fa a ne a tla mo lefatsheng. Ke ka moo a ileng a nna “setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.” (1 Johane 2:2) Fela jaaka boleo jwa ga Adame bo ile jwa dira gore batho botlhe e nne baleofi, loso lwa ga Jesu lo tlosa boleo joo fa re dumela mo go ene.

    Adame o ile a rekisetsa batho botlhe mo boleong. Jesu o ne a ithaopela go re swela le go re rekolola mo boleong. Ke ka moo Baebele e reng “fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami.”—1 Johane 2:1.

  2. Jesu o ne a swa gore “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

    Le fa Adame a ne a bopilwe gore a se ka a swa, boleo jwa gagwe bo ile jwa dira gore a swe. Baebele ya re “boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile.”—Baroma 5:12.

    Mme fa re dumela mo setlhabelong sa ga Jesu, re tla kgona go gololwa mo boleong le mo losong. Baebele ya re: “Fela jaaka boleo bo ne jwa busa jaaka kgosi le loso, ka tsela e e tshwanang le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang bo buse jaaka kgosi ka tshiamo ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete Morena wa rona.”—Baroma 5:21.

    Gone re sa ntse re swa le gompieno. Mme Modimo o solofetsa batho botlhe ba ba mo ikobelang gore o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng le go tsosa baswi gore ba kgone go solegelwa molemo ke setlhabelo sa ga Jesu.—Pesalema 37:29; 1 Bakorintha 15:22.

  3. Jesu o ne a “ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong” e leng se se bontshang gore batho ba kgona go ikanyega mo Modimong le fa ba ka lekwa go le kana kang.—Bafilipi 2:8.

    Le fa Adame a ne a se na boleo, o ne a tlola taelo ya Modimo ka gonne o ile a eletsa selo se e neng e se sa gagwe. (Genesise 2:16, 17; 3:6) Mmaba wa Modimo e bong Satane o ne a re batho ba direla Modimo fela ka gonne a ba naya sengwe mme fa a ka tlogela go ba segofatsa ba tla mo tlhanogela. (Jobe 2:4) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ikobela Modimo le go ikanyega mo go ene le fa a ile a swa loso lo lo setlhogo le lo lo tlhabisang ditlhong. (Bahebera 7:26) Seno se re bontsha gore, batho ba kgona go ikanyega mo Modimong le fa ba ka lekwa botlhoko jang.

Dipotso ka loso lwa ga Jesu

  • Goreng Jesu a ile a tshwanela ke go boga le go swela batho? Goreng Modimo a ne a sa dire gore batho ba se ka ba tlhola ba swa?

    Molao wa Modimo wa re “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) Modimo o ile a bolelela Adame gore fa a ka tlola taelo ya gagwe o tlile go swa. (Genesise 3:3) E re ka Modimo a sa bue maaka, go ne ga nna fela jaaka a ne a boletse, Adame o ile a swa. (Tito 1:2) Adame o ne a fetisetsa boleo joo mo ditlogolwaneng tsotlhe tsa gagwe, ke ka moo batho botlhe ba swang le gompieno.

    Le fa re atlholetswe loso, Modimo o re bontshitse “dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.” (Baefeso 1:7) Fa a ne a romela Jesu gore a tle mo lefatsheng go tla go re swela, o ne a re bontsha kutlwelobotlhoko le tshiamiso.

  • Jesu o sule leng?

    Jesu o sule ka “ura ya borobongwe” kgotsa ka ura ya boraro motshegare ka nako ya Tlolaganyo ya Bajuda. (Mareko 15:33-37) Go ya ka dikhalendara tsa gone jaanong, seo se raya gore o sule ka Labotlhano, April 1, 33 C.E.

  • Jesu o swetse kae?

    Jesu o bolaetswe kwa lefelong le le bidiwang “Felo ga Logata, mo go bidiwang Gologotha ka Sehebera.” (Johane 19:17, 18) Lefelo leno le ne le le kwa ntle ga Jerusalema ka nako ya ga Jesu. (Bahebera 13:12) Le ka tswa le ne le le mo thabeng ka gonne Baebele ya re batho bangwe ba ile ba bona Jesu a bolawa “ba le kgakajana.” (Mareko 15:40) Mme gone jaanong ga go itsiwe gore lefelo leo le ne le le fa kae.

  • Jesu o sule jang?

    Le fa batho ba le bantsi ba dumela gore Jesu o ne a bapotswe mo sefapaanong, Baebele yone ya re: “Yo e leng ene ka esi o belegang dibe tsa rona mo mmeleng wa gagwe a le mo setlhareng.” (1 Petere 2:24, Baebele e e Boitshepo) Bakwadi ba Baebele ba dirisa mafoko a mabedi a Segerika e bong stau·rosʹ le xyʹlon go tlhalosa selo se Jesu a bolaetsweng mo go sone. Bakanoki ba le bantsi ba re mafoko ano a kaya pale.

  • Re tshwanetse go gopola loso lwa ga Jesu jang?

    Mo bosigong jwa Tlolaganyo ya Bajuda, Jesu o ne a bontsha balatedi ba gagwe gore ba gopole jang loso lwa gagwe mme go tswa foo a bo a ba raya a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (1 Bakorintha 11:24) Mo bosigong joo, Jesu o ne a bolawa.

    Bakwadi ba Baebele ba tshwantsha Jesu le kwana e e neng e ntshiwa setlhabelo ka nako ya Tlolaganyo. (1 Bakorintha 5:7) Fela jaaka moletlo wa Tlolaganyo o ne o gopotsa Baiseraele gore ba golotswe mo bokgobeng, loso lwa ga Jesu Keresete le lone lo gopotsa Bakeresete gore ba golotse mo boleong le mo losong. Tlolaganyo eno e ne e ketekwa ngwaga le ngwaga ka Nisane 14 go ya ka khalendara ya Sejuda; Bakeresete ba bogologolo ba ne ba keteka Moletlo oo ngwaga le ngwaga.

    Ngwaga nngwe le nngwe batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba gopola loso lwa ga Jesu ka letsatsi le le tsamaisanang le la Nisane 14.