Fetela kwa tshedimosetsong

Pitlagano e Kgolo ke Eng?

Pitlagano e Kgolo ke Eng?

Karabo ya Baebele

Pitlagano e kgolo e tla tlisa masetlapelo a batho ba iseng ba tsamaye ba a bone. Baebele e ile ya porofeta gore pitlagano e tla tla “mo metlheng ya bofelo” kgotsa ka “motlha wa bokhutlo.” (2 Timotheo 3:1; Daniele 12:4) E tla nna “pitlagano e e leng gore ga e ise e ko e nne gone go tswa tshimologong ya popo e Modimo a neng a e bopa go fitlha ka nako eo, mme e se kitla e nna gone gape.”—Mareko 13:19; Daniele 12:1; Mathaio 24:21, 22.

Se se tla diregang ka nako ya pitlagano e kgolo

  • Go senngwa ga bodumedi jwa maaka. Bodumedi jwa maaka bo tla senngwa ka ponyo ya leitlho. (Tshenolo 17:1, 5; 18:9, 10, 21) Modimo o tla dirisa dipuso tsa lefatshe tse di emelwang ke Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng (UN) go senya bodumedi jwa maaka.—Tshenolo 17:3, 15-18. *

  • Go tlhasela bodumedi jwa boammaaruri. Esekiele o bitsa ditšhaba tse di kopanang ka boikaelelo jwa go fedisa bodumedi jwa boammaaruri a re ke “Gogo wa lefatshe la Magogo.” Le fa go ntse jalo, Modimo o tla sireletsa baobamedi ba gagwe.—Esekiele 38:1, 2, 9-12, 18-23.

  • Go atlholwa ga batho. Jesu o tla atlhola batho le go ba “kgaoganya . . . fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi.” (Mathaio 25:31-33) O tla ba atlhola go ikaegile ka gore a ba ne ba tshegetsa “bomorwarraagwe” kana nnyaa. Bomorwarraagwe ke batho ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong.—Mathaio 25:34-46.

  • Go phutha ba ba tla busang kwa legodimong. Fa batho ba ba ikanyegang ba ba tlhophilweng go ya go busa le Keresete ba swa, ba tla tsosiwa ba bo ba ya go busa le ene kwa legodimong.—Mathaio 24:31; 1 Bakorintha 15:50-53; 1 Bathesalonika 4:15-17.

  • Haramagedona. Gape ‘ntwa eno ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ e bidiwa “letsatsi la ga Jehofa.” (Tshenolo 16:14, 16; Isaia 13:9; 2 Petere 3:12) Batho ba Jesu a ba atlholetseng loso ba tla senngwa. (Sefania 1:18; 2 Bathesalonika 1:6-10) Go akaretsa le dipuso tsa lefatshe leno tse mo Baebeleng di tshwantshediwang ke sebatana sa dinaka tse supa.—Tshenolo 19:19-21.

Se se tla diregang morago ga pitlagano e kgolo

  • Satane le madimona a gagwe ba tsenngwa mo kgolegelong. Moengele yo mogolo o tla latlhela Satane le madimona a gagwe mo kgolegelong ya tshwantshetso e Baebele e e bitsang “molete o o se nang bolekanngo.” (Tshenolo 20:1-3) Fa Satane a le koo ga a kitla a tlhola a kgona go tlhotlheletsa batho go dira dilo tse di bosula.—Tshenolo 20:7.

  • Bogosi Jwa Modimo bo simolola go busa. Bogosi Jwa Modimo bo tla busa lefatshe ka dingwaga di le sekete le go tlisetsa batho masego a a seng kana ka sepe. (Tshenolo 5:9, 10; 20:4, 6) “Boidiidi jo bogolo” jwa batho jo bo “tswang mo pitlaganong e kgolo” bo tla bona lefatshe le busiwa ke Bogosi Jwa Modimo.—Tshenolo 7:9, 14; Pesalema 37:9-11.

^ ser. 2 Buka ya Baebele ya Tshenolo e bitsa bodumedi jwa maaka e re ke Babelona o Mogolo, “seaka se segolo.” (Tshenolo 17:1, 5) Sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo se se senyang Babelona o Mogolo se emela mokgatlho o boikaelelo jwa one e leng go kopanya le go buelela dipuso tsotlhe tsa lefatshe. Mokgatlho oo, o simolotse o bidiwa Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mme ga jaana o bidiwa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.