Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Go Neelwa ga Makala

Go Neelwa ga Makala

KGAITSADI mongwe yo o neng a le gone fa go neelwa lekala la kwa Madagascar ka Matlhatso, January 24, 2015, o ne a re: “Pelo ya me e tletse boitumelo.” Ene le ba bangwe ba le 583 ba ne ba itumeletse go bona kago ya diphaposi tsa borobalo di le 19, phaposi ya bojelo e e okeditsweng le phaposi ya boapeelo e e tlhabolotsweng. Go ne ga agiwa diofisi tse di oketsegileng tsa lefapha la Tirelo, la Diakhaonto le la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga. Mo godimo ga moo, lefapha la Audio/Video le la Puo ya Diatla a ne a agelwa ditudio tse disha e bile go ne ga simololwa Lefapha la go dira dikgatiso tsa Mokwalo wa Batho Ba ba Sa Boneng. Morago ga go utlwa tshobokanyo ya hisitori ya tiro ya go rera kwa Madagascar, ba ba neng ba le teng ba ne ba itumelela puo ya go neelwa ga lekala ka Mark Sanderson wa Setlhopha se se Laolang.

Kago e ntšha ya diphaposi tsa borobalo di le 19 kwa lekaleng la kwa Madagascar

Batho ba ga Jehofa kwa Jakarta, Indonesia, ba ne ba wela makgwafo fa metsi a morwalela mo toropong a ne a kgala ka nako ya go neelwa ga dikago tse disha tsa lekala ka February 14, 2015. Gone jaanong lekala le na le boalo bo le bongwe mo kagong ya matlhatlaganyane a le 42 a diofisi le a le 12 a kago e nngwe e e gaufi. Mafapha mangwe a Bethele a mo dikagong dingwe tse di gaufi. Anthony Morris wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo ya go neelwa ga lekala mme mo letsatsing le le latelang, batho ba le 15 257 ba ne ba kokoana kwa setediamong sa kgwele ya dinao go mo reetsa a neela puo ya setlhogo se se reng, “Tswelela o Itshokile mo Tirong e e Molemo.” Batho ba le 11 189 mo mafelong a le 41, ba ne ba reeditse thulaganyo eo, mme e ne e le thulaganyo e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa tshwarwa ke batho ba ga Jehofa kwa Indonesia. Mongwe wa barongwa ba ntlha go ya kwa Indonesia e bong Ronald Jacka o ne a re: “Fa ke goroga mono ka 1951, go ne go na le baboledi ba le 26 fela mo nageng yotlhe. Mme gompieno, batho ba feta 26 000 ba tlile mo thulaganyong eno. Ruri Jehofa o segofaditse batho ba gagwe mo Indonesia!”