Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Go Potlakisa Tiro ya go Aga Diholo Tsa Bogosi

Go Potlakisa Tiro ya go Aga Diholo Tsa Bogosi

RURI go a itumedisa go bona Jehofa a ntse a dira gore kobamelo ya boammaaruri e gole! (Isa. 60:22) Seno se dira gore go tswelele go nna le tlhokego e kgolo ya Diholo Tsa Bogosi. Diholo di feta 13 000 mo lefatsheng lotlhe di tlhoka go agiwa kgotsa go tlhabololwa thata.

Go dira gore tiro e tsamaye ka bonako e bile go sa dirisiwe madi a mantsi, Setlhopha se se Laolang se dirile diphetogo mo mafapheng a a farologaneng a go aga. Lefapha la Lefatshe Lotlhe la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga le le simolotsweng bosheng jaana, le le kwa ntlokgolo kwa Brooklyn, New York, le ntse le dira ka natla go rulaganya go aga le go tlhabolola diholo lefatshe lotlhe. Mafapha a Kgaolo a go Tlhama Dipolane Le a Go Aga kwa makaleng a Australasia, Bogare Jwa Yuropa, Afrika Borwa le United States, a ntse a rulaganya diporojeke tsa go aga mo dikgaolong tsa one ka boikaelelo jwa go aga Diholo Tsa Bogosi ka bonako e bile go sa dirisiwe madi a mantsi. Gape mafapha ao a thapisa makala a a mo dikgaolong tsa one go tlhokomela dikago tsa Bogosi tse di mo tshimong ya one. Mme mo lekaleng lengwe le lengwe, Lefapha la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga le rulaganya tiro ya go aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano.

Ka January 2015, bagolwane botlhe kwa United States ba ne ba tsenela pokano e e neng e tshwerwe ka bidio, e e neng e tlhalosa thulaganyo e ntšha ya go rulaganya, go aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi. Ba ne ba ithuta seno.

  • Go aga: Go tla dirisiwa mofuta o le mongwe wa dikago le didirisiwa tse di tla tshwanelang maemo a lefelo leo e bile di tla bo di tsamaisana le ditaelo tsa Komiti ya Kgatiso ya Setlhopha se se Laolang. Go tla bo go le motlhofo go tlhokomela dikago tseo, di sa senyege motlhofo, di kgatlha e bile di sa je madi a mantsi.

  • Go di tlhokomela: Go tla thapisiwa baithaopi mo phuthegong nngwe le nngwe go tlhokomela mafelo a rona a kobamelo le go dira gore a se ka a senyega motlhofo.

Ke boammaaruri gore go aga le go tlhokomela diholo ke namane e tona ya tiro. Mme matsapa a a tsewang ke batho ba Modimo a tla thusa go potlakisa tiro ya go aga ka tsela e e tla dirang gore meneelo e dirisiwe sentle.