Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Australia: Bidio ya ditshwantsho tsa mo sekwalelong ya Tsala ya Mmatota ke Efe?

GO RERA LE GO RUTA MO LEFATSHENG LOTLHE

Oceania

Oceania
  • DINAGA 29

  • PALO YA BATHO 40 642 855

  • BABOLEDI 98 353

  • DITHUTO TSA BAEBELE 66 022

Bopelokgale Jwa go Rera

Emily wa dingwaga di le 12 o nna kwa Australia. Letsatsi lengwe morutabana wa bone o ne a ba bolelela kafa go leng botlhokwa ka gone go tlhopha ditsala tse di siameng. Seno se ne sa dira gore Emily a bontshe morutabana bidio ya ditshwantsho tsa mo sekwalelong ya Tsala ya Mmatota ke Efe? Moragonyana morutabana o ne a bontsha baithuti botlhe bidio eo, mme ba ne ba e leba ka tlhoafalo. Morago ga moo ba ne ba fetsa ura ba e sekaseka. Gape morutabana yoo o ne a bontsha baithuti ba ba tsenang kwa ditlelaseng tse dingwe bidio eo. Morago ga moo ke fa Emily a bontsha morutabana le baithuti ka ene website ya jw.org. A re: “Jehofa o ne a nnaya bopelokgale jwa go bontsha baithuti ba le lekgolo website ya rona. O ne a ntshegofatsa tota.”

Marekisetso Kwa Lefelong le le Kgakala

Baboledi ba le batlhano ba ne ba tsaya loeto lwa diura di le robongwe ba tsamaya mo ditseleng tse di maswe tsa dithaba go ya go baya setlhomo sa dikgatiso kwa marekisetsong a a kwa Suai, kwa Timor-Leste. Baeng ba ba neng ba tla mo setlhomong sa dikgatiso ba ne ba kgatlhilwe ke go bona dikgatiso tsa Baebele ka dipuo tse 12 tse di buiwang mo lefelong leo, e re ka bontsi jwa dipuo tsa koo di na le dikgatiso di mmalwa kgotsa di seyo gotlhelele. Mosadi mongwe o ne a bona setlhogo sa boroutšhara bongwe se kwadilwe ka puo ya gagwe a bo a goa ka boitumelo a re: “Eno ke puo ya me!” E ne e le lekgetlo la ntlha a bala kgatiso e e gatisitsweng ka puo ya gagwe ya Se-Bunak. Mo malatsing a le manè fela, baboledi ba ne ba tsamaisa dikgatiso di le 4 571 mme ba amogela dikopo di le dintsi tsa batho ba ba neng ba batla go etelwa kwa magaeng a bone. Batho ba le bantsi ba ba neng ba kgatlhega ba ne ba ise ba tsamaye ba kopane le Basupi ba ga Jehofa. Bana ba ne ba fetsa diura koo ba lebile dibidio tsa Nna Tsala ya ga Jehofa ka puo ya Se-Tetun Dili. Bana bangwe ba ne ba bo ba tshwara mafoko a dipina tse di mo motseletseleng wa setlhogo seo mme ba di opela ba itumetse.

Timor-Leste: Bana ba itumelela go leba dibidio mo motseletseleng wa Nna Tsala ya ga Jehofa

“Ke Tsone Tse Baithuti ba Neng ba di Tlhoka”

Barongwa ba babedi e bong Brian le Roxanne ba ne ba kopa tetla ya go dirisa kolotsana ya dikgatiso kwa setlhaketlhakeng sa Palau. Ba ne ba kopana le moeteledipele wa kholetšhe mme ba mmontsha bidio nngwe mo jw.org e e buang ka go rera phatlalatsa. Gape ba ne ba mmontsha dikgatiso tse ba batlang go di baya mo kolotsaneng ba bo ba di tlogela. Moeteledipele o ne a bolelela Brian le Roxanne gore ba tshwanetse go kopana le motsamaisi wa dikgang tsa baithuti. Morago ga go kopana le ene, ba ne ba bolelelwa gore ba sa ntse ba tlhoka go kopana le mongwe gape yo le ene a etelelang pele mo kholetšheng.

Brian o ne a re: “Re ne ra tlotla monate le moeteledipele yoo, mme o ne a re romela gape kwa ofising ya moeteledipele wa kholetšhe, yo o neng a re laela gore re kwale lekwalo la go kopa tetla ya go dirisa kolotsana ya rona ya dikgatiso koo. Re ne ra simolola go kgobega marapo ka gonne re ne re kgarakgadiwa, le fa go ntse jalo, re ne ra kwala lekwalo.”

Palau: Roxanne le Brian ba ne ba itumelela go tlotla le bana ba kholetšhe fa ba dirisa kolotsana ya dikgatiso gaufi le kholetšhe

Brian le Roxanne ba ne ba etela mongwe wa baeteledipele gape ba solofetse gore ba tla swabisiwa. Brian a re: “Re ne re gakgametse tota fa moeteledipele yoo a re o badile dibuka tse re mo di neileng e bile o akanya gore di molemo tota. O ne a re ke tsone tse baithuti ba neng ba di tlhoka.” Ruri re ne ra newa tetla!

Brian o ne a tswelela jaana: “Go tswa foo motsamaisi wa dikgang tsa baithuti o ne a re itsise gore baithuti ba ba nnang kwa sekolong ba ka isiwa kwa dikerekeng tsa bone ka Sontaga mongwe le mongwe. O ne a re, ‘fa e le gore ba batla go ya kwa kerekeng ya lona, re ka ba isa koo.’ Nna le Roxanne re ne re gakgametse. Go na le go gana kopo ya rona, kholetšhe e ne ya ithaopela go isa baithuti kwa Holong ya Bogosi!”

Letsatsi la ntlha fa Brian le Roxanne ba dirisa kolotsana ya dikgatiso kwa kholetšheng, ba ne ba tsamaisa dibuka di le 65, dimakasine di le 8 le diboroutšhara di le 11. Gape ba ne ba nna le metlotlo e e monate le baithuti. Moeteledipele le motsamaisi wa dikgang tsa baithuti ba ne ba ba kopa gore ba boe.

Bareki ba Bona Dibidio Tsa Rona

Lipson, yo e leng leloko la Bethele, o ne a boela kwa lekaleng la Solomon Islands mo mosong mongwe morago ga bodiredi. Fa a ntse a tsamaya ka maoto, o ne a utlwa pina ya Bogosi e tshameka mo lebenkeleng lengwe. E re ka a ne a ipotsa dipotso, o ne a tsena. O ne a gakgamala tota fa a fitlhela setlhopha sa bagolo le bana se lebile thelebishene. Go ne go tshameka pina 55 ya setlhogo se se reng “Botshelo Jo bo Sa Khutleng—Jaanong bo Fitlhile!,” e e mo motseletseleng wa dibidio tsa Nna Tsala ya ga Jehofa. Morago ga pina eo, mong wa lebenkele o ne a raya batho bao a re: “Ke batla go lo bontsha bidio e nngwe gape.” Go tswa foo o ne a tshameka bidio ya dipopae e e reng, Go Utswa go Phoso. Fa bidio eo e sena go fela, o ne a bolelela batho botlhe gore ba se ka ba utswa mo lebenkeleng la gagwe.

E re ka go ne go tsene batho ba le bantsi mo lebenkeleng fa bidio e ntse e tshameka, mong wa lebenkele o ne a ba raya a re, “Ke batla gore lotlhe lo utlwe pina e ke e ratang thata.” Mme o ne a tshameka pina 55 gape. Go tswa foo, o ne a ba bontsha bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? le ya Thuto ya Baebele e Tshwarwa Jang? ka puo e e motlhofo ya kwa Solomon Islands.

Solomon Islands: Mong wa lebenkele o itumelela go bontsha bareki dibidio tsa jw.org

Ga se batho ba le bantsi ba kwa Solomon Islands ba ba kgonang go tsena mo Internet ka gonne go a tura e bile ga se mongwe le mongwe yo o kgonang go nna le yone. Le fa go ntse jalo, mong wa lebenkele leno—yo e seng Mosupi wa ga Jehofa—o thusa go jala peo ya boammaaruri ka go bontsha batho ba ba tlang mo lebenkeleng la gagwe dibidio.

O ne A Bona Leina la Modimo mo Bukeng

Ka Mantaga mongwe le mongwe, banyalani bangwe ba basha ba itumelela go rera ba dirisa kolotsana ya dikgatiso kwa Nouméa e leng toropokgolo ya New Caledonia. Letsatsi lengwe, mosadi mongwe yo o ditlhong o ne a atamela kolotsana a bo a tsaya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? a sa bua sepe. Morago ga metsotso e le 30, o ne a boa a tshwere buka eo. O ne a raya banyalani bao a re: “A lo bone seno?” O ne a bula buka eo a bo a supa leina Jehofa. O ne a re: “Ke leina la Modimo! Ke na le dibeke ke dira dipatlisiso kwa laeboraring gore ke itse boammaaruri ka Modimo. Mme ke ne ka tsaya buka ya lona ke bo ke tsena mo koloing. Fa ke bula buka eo, selo sa ntlha se ke neng ka se bona ke leina la Modimo e bong Jehofa. Ke bone gore ke boe ke tle go lo leboga.” Banyalani bao ba ne ba tlotla monate le mosadi yono mme ba mmontsha Setlhogo se se reng “Leina la Modimo—Tsela e le Dirisiswang ka Yone Le se Le se Kayang” mo karolong ya dintlha tse di oketsegileng mo bukeng ya Baebele e Ruta Eng. Mosadi yoo o ne a tlhalosa gore o ne a batla go tswelela a dira dipatlisiso kwa laeboraring pele mme jaanong o a itse gore Mantaga mongwe le mongwe re ema kae ka kolotsana!