Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Baebele ya Reng . . . 

Go Ikgantsha—A go Siame?

Go Ikgantsha—A go Siame?

“Go apara bokate ya leina la maemo kgotsa sengwe fela se se turang go ka dira gore motho yo o inyatsang a akanye jaana, ‘Ke motho wa botlhokwa, mme fa o sa dumele, leba fela leina la seaparo se ke se apereng!’”—Chaytor D. Mason, yo e leng Moithutatlhaloganyo.

BATHO bangwe ba dira mponeng ka diaparo tsa bone tsa maina a a turang kgotsa le e leng dilo dingwe tse di magasigasi, e le gore ba tlotliwe. Ka sekai, setlhogo sengwe mo lokwalodikgannyeng lwa The Washington Post se bua jaana ka batho bangwe ba kwa nageng nngwe ya kwa Asia: “Batho ba ba sa tswang go huma ba rata dilo tsa manobonobo—dikgetsana tsa kwa Fora le dikoloi tsa lobelo lo lo kwa godimo tsa kwa Italy—mme mo godimo ga moo, ba rata go dira mponeng [ka dikhumo tsa bone].”

Gone ke boammaaruri gore ga go sepe se se phoso ka go itumelela matswela a go dira ka natla. Baebele ya re: “Motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.” (Moreri 3:13) Mme gone a go botlhale go ikgantsha kgotsa go bontsha ka mabela se re nang le sone? Baebele ya reng?

‘Bahumi Ba na Le Ditsala di le Dintsi’

Fa bahumi kgotsa ba ba itshemang ba humile ba bontsha ka mabela dilo tse ba nang le tsone, ba ka ngoka ditsala tsa mofuta ofe? Seane seno se se botlhale se se mo Baebeleng se re naya lesedi la kafa batho ba ntseng ka teng: “Mohumanegi o ilwa le ke wa ga gabo, mme mohumi o na le ditsala di le dintsi.”—Diane 14:20, Baebele e e Boitshepo.

Se mafoko ano a se kayang ke gore: “Ditsala di le dintsi” tsa bahumi ke ditsala tsa dikhumo tsa bone, mme e seng tsa bahumi bao. Botsala joo jwa bone jo e seng jwa mmatota ke jwa boithati, fela jaaka dipuo tsa bone tse di forang. Baebele ya re puo e e ntseng jalo ke “go fitlha keletso ya bopelotshetlha,” kgotsa bogagaru.—1 Bathesalonika 2:5.

Ka jalo ipotse jaana, ‘Ke batla ditsala tsa mofuta mang? Ditsala tse di nthatelang se ke nang le sone kgotsa ditsala tsa mmatota tse di nthatelang se ke leng sone?’ Baebele e bontsha gore boitshwaro jwa rona bo ka laola gore re ratiwa ke ditsala tsa mofuta mang.

“Botlhale Bo na Le ba Ba Boingotlo”

Bothata jo bongwe jo bo amanang le go bontsha dikhumo ka mabela bo bonala sentle mo pegong ya Baebele ya ga Kgosi Hesekia, yo o neng a nna kwa Jerusalema wa bogologolo. Ka lekgetlho lengwe Hesekia o ne a bontsha batlotlegi ba kwa Babelona “sotlhe se se neng se fitlhelwa mo matlotlong a gagwe.” Go bonala khumo ya gagwe e ntsi e ile ya kgatlha baeng bao. Le fa go ntse jalo, gape e ka tswa e ile ya tsosa moya wa bone wa bopelotshetlha. Morago ga gore ba tsamaye, moporofeti wa Modimo Isaia o ne a bolelela Hesekia ka bopelokgale gore letsatsi lengwe matlotlo a gagwe otlhe a ne a “tla isiwa Babelona.” Ga go na sepe se se neng se tla tlogelwa. Mafoko ao a ne a diragala! Dingwaga moragonyana Bababelona ba ne ba boa mme ba gapa dikhumo tsotlhe tsa lelapa la ga Hesekia.—2 Dikgosi 20:12-17; 24:12, 13.

Ka tsela e e tshwanang le gompieno batho ba ba ikgantshang ka dikhumo tsa bone ba ka itsenya mo kotsing ya gore di ba latlhegele tsotlhe, kgotsa bontlhanngwe jwa tsone. Pego nngwe e e buang ka bokebekwa le tshireletsego kwa Mexico e ne ya re: “Go bontsha dikhumo ka boikgogomoso ke sengwe  se se ngokang bogodu kwa Mexico City. Go tsenya dibenyane le ditshupanako tse di turang, le go bontsha batho gore o na le madi a mantsi go ngoka magodu.” A bo go le botoka jang ne go reetsa kgakololo ya Baebele ya gore re se ka ra “ikgantsha” ka dikhumo. (Jeremia 9:23) Diane 11:2 ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.”

Bona Dinonofo Tse di Molemo Mo go Ba Bangwe

Mo boemong jwa go ikgogomosa le go nna le mokgwa wa ‘mponeng,’ go nna boingotlo le go ikokobetsa go tla re thusa go itumelela dinonofo tse di molemo tsa ba bangwe. Bafilipi 2:3 ya re: “Go se ka ga nna le dikgogakgogano le manganga magareng ga lona, mme ka boikokobetso lo tseye ba bangwe ba le botoka mo go lona.” (The New English Bible) Re bala jaana mo go Bagalatia 5:26: “A re se ikgogomoseng, re gaisana, re fufegelana.”

A o batla ditsala tse di go ratelang se o nang le sone kgotsa ditsala tse di go ratelang se o leng sone?

Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba nang le botlhale jwa bomodimo ba a itse gore botsala jwa mmatota bo ikaegile ka go bontshana tlotlo le go se nne megagaru, mme botsala joo ga bo fele fa dikhumo di fela. Go na le moo, bo a nonofa fa nako e ntse e tsamaya. Diane 17:17 ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe.” Mo godimo ga moo, motho yo o botlhale o leka ka natla go itumedisa Modimo. O a itse gore Modimo ga a kgatlhwe ke ditebego tsa ka fa ntle mme o leba “motho wa sephiri wa pelo”—se re leng sone mo teng. (1 Petere 3:4) Ka jalo, motho yono o leka ka natla go nna le dinonofo tse di kgatlhang tse di amanang le “botho jo bosha” jo Baebele e buang ka jone. (Baefeso 4:24) Mika 6:8 e umaka dingwe tsa dinonofo tseno fa e re: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna le boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”

Ke boammaaruri gore gompieno lefatshe le lebela batho ba ba boikokobetso kwa tlase, mme seno ga se gakgamatse baithuti ba Baebele. Ka ntlha yang? Fa Baebele e bua ka “metlha ya bofelo” e ne ya bolelela pele gore batho ka bontsi ba ne ba tla nna “megagaru, . . . ba ipelafatse . . . , le go ikgogomosa thata.” (2 Timotheo 3:1-5, Good News Translation) Mo maemong a a ntseng jalo, batho ba ba bontshang khumo ya bone ka mabela ba ka se ipone phoso ka se ba se dirang. Le fa go ntse jalo, Modimo o re laela gore “re kgaogane le batho ba mofuta oo,” e se re gongwe ra tshwana le bone.