Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Lebaganya Ditshwantsho le Ditemana

Bala Genesise 1:1-31. Thala mola o o golaganyang setshwantsho sengwe le sengwe le ditemana tsa Baebele tse di tsamaisanang le sone. (Ditshwantsho ga di latelane ka tsela e e siameng.)

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

 

Re itse jang gore malatsi a Jehofa a bopileng lefatshe ka one e ne e se malatsi a diura di le 24?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Genesise 2:4; Pesalema 90:4.

Re ithuta eng ka ga Jehofa mo dilong tse a di bopileng?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala Pesalema 115:16; Baroma 1:20; 1 Johane 4:8; Tshenolo 4:11.

DILO TSE DI KA DIRWANG KE LELAPA:

 

Rulaganyang gore lo tseye loeto lwa go ya go ithuta ka sengwe lo le lelapa. Etelang zuu, tshimo ya dijalo kgotsa bobogelo jwa dipolanete gore lo ithute mo go oketsegileng ka diphologolo, dimela kgotsa dipolanete tse lo di ratang thata. Go tswa foo, tlotlang lo le lelapa ka se lo se ithutileng ka ga Jehofa mo dilong tse a di bopileng.

 Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

KARATA YA BAEBELE 23 JONATHANE

DIPOTSO

  1. A. Jonathane e ne e le morwa wa leitibolo wa ga ․․․․․.
  2. B. Boammaaruri kgotsa Maaka? Rraagwe Jonathane o ne a konopa Jonathane ka lerumo.
  3. C. Jonathane o ne a rata mang thata mme ka ntlha yang?

DINTLHA KA GA GAGWE

Le fa Jonathane e ne e le ene a tshwanetseng go latela mo bogosing e bile gongwe a ne a feta Dafide ka dingwaga di le 30, o ile a ema Dafide nokeng e re ka Modimo a ne a mo tlhomile gore e nne ene kgosi. (1 Samuele 23:15-18) O ile a ba a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing a sireletsa Dafide mo go rraagwe Jonathane yo o lefufa e bong Saulo. (1 Samuele 20:1-42) Sekao sa ga Jonathane sa boikokobetso se re ruta gore re itumelele ba bangwe ba Modimo a ba nayang dilo tse di molemo.

DIKARABO

  1. A. Kgosi Saulo.—1 Samuele 14:47, 49.
  2. B. Boammaaruri.—1 Samuele 20:33.
  3. C. Dafide. O ile a bona bopelokgale jwa ga Dafide le kafa a ratang Jehofa ka gone fa a ne a lwantsha Goliathe.—1 Samuele 17:1–18:4.

Batho le Dinaga

 Maina a rona ke Pyae Sone Aung, wa dingwaga di le 11 le Hsu Myat Yadanar Lwin, wa dingwaga di le 7. Re nna kwa Myanmar. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Myanmar? A ke ba le 3 600, 6 300 kgotsa 10 000?

 Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Myanmar.

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

 DIKARABO

  1.   1 e tsamaelana le F.
  2.   2 e tsamaelana le B.
  3.   3 e tsamaelana le A.
  4.   4 e tsamaelana le E.
  5.   5 e tsamaelana le C.
  6.   6 e tsamaelana le D.
  7.   3 600.
  8.   D.