Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute go Buisana Sentle le Bana ba Gago

Ithute go Buisana Sentle le Bana ba Gago

Leka go nna o le gone fa ngwana wa gago a batla go bua

“Ke ithutile go reetsa ka metlha, go sa kgathalesege gore ke lapile go le kana kang.”—MIRANDA, AFRIKA BORWA.

Kgwetlho.

Cristina a re: “Kgwetlho e ke nang le yone ga se fela go fetsa nako le morwadiake mme gape ke go tlhoma mogopolo le go akanyetsa se a se buang le fa ke na le maikarabelo a mangwe e bile ke lapile.”

Dikakantsho.

Dira gore bana ba kgone go bua le wena ka tshosologo. Elizabeth yo o nang le bana ba batlhano a re: “Ke leka go tlhomela bongwanake sekao mme ba mpulela mafatlha. Gape ke ba kgothaletsa gore ba buisane ka bobone le gore le ka motlha ba se ka ba ya go robala ba galefelane. Mo godimo ga moo, ba itse gore ga ke letlelele mokgwa wa go ngalelana—go gana go buisana le ba bangwe.”

O se ka wa itlhokomolosa bana ba gago fa ba bua le wena. Lyanne a re: “Fa morwaake a ne a le monnye, o ne a balabala thata mo e leng gore gantsi ke ne ke mo itlhokomolosa fa a bua. Mme fa a tsena mo dingwageng tsa bosha, o ne a kgaotsa go buisana le nna, mme ke ne ka lemoga gore ke dirile phoso e kgolo. Ke ne ke leka ka natla gore a buisane le nna, tota e bile ke ne ke mo pateletsa go dira jalo. Ke ne ka bolelela mogolwane mongwe wa phuthego ya rona ka kgang eno. O ne a nkgakolola gore ke dige makgwafo le gore ke simolole ka iketlo go buisana le morwaake. Ke ne ka dirisa kgakololo ya gagwe mme ka iketlo dilo di ne tsa simolola go tokafala.”

Nna pelotelele. Moreri 3:7 ya re go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” Mmè mongwe wa bana ba bararo e bong Dulce a re: “Fa bongwanake ba ne ba sa batle go bua le nna, ke ne ke tlhomamisa gore ba itse gore ke tla ba reetsa nako nngwe le nngwe fa ba batla go bua.” Ee, mo boemong jwa go pateletsa bana gore ba tlotle le wena, ba laletse ka lorato gore ba dire jalo mme o nne pelotelele le bone. Ono ke mokgwa o Baebele e o kgothaletsang. “Dikakanyo tsa motho di tshwana le metsi mo sedibeng se se boteng, mme motho yo o nang le temogo a ka kgona go di ga.”—Diane 20:5, Good News Translation.

“Nna bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Lizaan yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go laola se ke se buang fa bongwanake ba tla kwa go nna ba na le bothata. Gape ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta gore ke se ka ka itlhaganelela go naya kgakololo mme ke bue ke ritibetse fa re bua ka dilo tse di galefisang.” Mmè mongwe wa basimane ba babedi e bong Leasa o kwala jaana: “Nkile ka bo ke se moreetsi yo o molemo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke bona mathata a morwaake e se a sepe, ka jalo, ke ile ka tshwanelwa ke go ithuta go nna motho yo o tlhaloganyang.”

 “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle.” (Bakolosa 4:6) Lyanne a re: “E le gore ke se ka ka kgoreletsa puisano ya rona, ke ile ka tshwanelwa ke go dira maiteko a magolo go nna ke ritibetse e bile ke digile makgwafo, tota le fa go tlhaga dikgang tse di masisi.”

Fa o sa tseye matsapa a gore o nne o ritibetse, o ka galefa wa ba wa garuma ngwana mme seo se ka dira gore mathata a etegele! (Baefeso 4:31) Ka sekai, go garuma ngwana go ka thibela puisano mme ga oketsa mathata. Heidi yo o nang le ngwana wa mosetsana yo o mo dingwageng tsa bosha a re: “Ngwana o tshwana le kgapa ya mo lewatleng. Fa o bua ka bopelontle le ka lorato, ngwana o tla go bulela mafatlha. Fa o mo garuma le go mo nyatsa o tla tshwana le fa kgapa e tswalega mme go bo go sa tlhole go nna le puisano. Gore ke ikgopotse ntlha eno, ke beile setshwantsho sa kgapa e e bulegileng mo forijing ya rona.”

Itse bana ba gago. Yasmin yo o nopotsweng pelenyana a re: “Bomorwaake ba babedi ba farologane fela thata. Yo mongwe o bua thata; yo mongwe ene ga a rate go bua. Ke ithutile gore fa ke dirisana le yo o sa bueng thata ke se ka ka mo tlhoma dipotso ka tlhamalalo. Go na le moo ke buisana le ene fa re ntse re dira sengwe se sele, jaaka fa re tshameka motshameko mongwe kgotsa fa a tlotla ka sengwe se se mo kgatlhang. Mo maemong a a ntseng jalo, ke mmotsa ka botlhale gore o ikutlwa jang ka kgang nngwe.”

Go tweng fa mosimane a sa ikutlwe a gololesegile gore a ka buisana le mmaagwe ka dikgang dingwe tse di mo amang ka namana, jaaka morwa wa ga Misao yo o simololang dingwaga tsa bosha a ne a ikutlwa. Mosimane yono o ne a re: “Ke fela gore ga o ntlhaloganye.” Misao o ne a kopa thuso mo mokaulengweng mongwe yo o godileng yo a mo ikanyang wa phuthego ya gabone. Misao a re: “E setse e le ene mogakolodi wa ngwanake, mme gone jaanong morwaake o na le pelo e e ritibetseng.”

Seabe sa go nna motsadi ga se go nna tsala fela. Mmè mongwe wa bana ba babedi e bong Iwona, a re: “Ke ne ka dira ngwanake wa mosetsana yo o mo dingwageng tsa bolesome motho yo ke mo tshololelang mafatlha. Le fa ke ne ke itse gore ga go a siama go dira jalo, ke ne ka dira phoso eo mme ka tshwanelwa ke go e baakanya.” Le fa o batla go nna le botsala jo bo gaufi le ngwana wa gago, gakologelwa gore wena o motsadi, ke wena o laolang. Fa o dira gore o nne o na le seriti e bile o bontsha gore o godile e bile o tlhomame, o dira gore go nne motlhofo gore bana ba gago ba go tlotle le go ikobela taelo eno ya Baebele: “Bana, utlwang batsadi ba lona.”—Baefeso 6:1, 2.

“Rata bana ba [gago].” (Tito 2:4) Bana ba tlhoka lorato fela jaaka ba tlhoka dijo le dino! Ka jalo, ba tlhomamisetse ka metlha gore o a ba rata—ka mafoko le ka ditiro! Le bone ba tla ikutlwa ba sireletsegile mme mo godimo ga moo ba tla iketleeletsa go buisana le wena le go go ikobela.