Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leina la Modimo ke Mang?

Leina la Modimo ke Mang?

Fa o batla go itse motho, selo sa ntlha se o se dirang ke go mmotsa gore leina la gagwe ke mang. Fa o ne o ka botsa Modimo potso eo, o akanya gore o ne a tla reng?

“Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.”Isaia 42:8.

A ke la ntlha o utlwa leina leno? Go ka direga ka gonne baranodi ba le bantsi ba Baebele ba dirisa leina la Modimo ka sewelo. Gantsi ba dirisa “MORENA” mo boemong jwa lone. Mme leina la Modimo le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo mekwalong ya ntlhantlha e Baebele e ranoletsweng mo go yone. Leina leo ka Sehebera le emelwa ke ditlhaka YHWH kgotsa JHVH mme ka sekgoa le ntse le bidiwa “Jehovah.”

Leina la Modimo le tlhaga mo mekwalong ya Baebele ya Sehebera le mo Dibaebeleng tse dingwe

Momeno o o fitlhetsweng mo Lewatleng le le Suleng 1 C.E., SEHEBERA

Baebele ya ga Tyndale 1530, SEESEMANE

Baebele ya ga Reina-Valera 1602, SE-SPANISH

Baebele ya Union Version 1919, SE-CHINA

GORENG RE TLHOKA GO ITSE LEINA LENO?

Modimo o tsaya leina la gagwe le le botlhokwa thata. Modimo ke ene a itlhophetseng leina leno, ga a le newa ke ope. Jehofa o ne a re: “Leno ke leina la me ka bosakhutleng, mme seno ke segopotso sa me go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.” (Ekesodo 3:15) Mo Baebeleng, leina la Modimo le tlhaga makgetlo a mantsi go gaisa direto tse a bidiwang ka tsone tse di jaaka Mothatayotlhe, Rre, Morena kgotsa Modimo e bile le tlhaga thata go gaisa leina Aborahame, Moshe, Dafide kgotsa Jesu. Sentlentle Modimo ke ene a batlang gore batho ba itse leina la gagwe. Baebele ya re: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

Jesu o tsaya leina la Modimo le le botlhokwa. Mo thapelong ya Morena, Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe gore ba kope Modimo ba re: “A leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Jesu le ene o ile a rapela Modimo a re: “Rara, galaletsa leina la gago.” (Johane 12:28) Mo botshelong jotlhe jwa gagwe, Jesu o ne a galaletsa leina la Modimo, ke ka moo a ileng a rapela a re: “Ke ba itsisitse leina la gago e bile ke tla dira gore le itsiwe.”—Johane 17:26.

Batho ba ba itseng Modimo ba tsaya leina la gagwe le le botlhokwa. Batho ba Modimo ba nako e e fetileng ba ne ba itse gore leina la Modimo ke lone le neng le ka dira gore ba sirelediwe le go bolokiwa. “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.” (Diane 18:10) “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola.” (Joele 2:32) Baebele ya re batho ba ba direlang Modimo ba ne ba tla bonala. “Gonne ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone; mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Mika 4:5; Ditiro 15:14.

LEINA LA MODIMO LE KAYANG?

Modimo ke ene fela a bidiwang ka leina leno. Baitse ba le bantsi ba re leina Jehofa le kaya “O Dira Gore Go Diragale.” Jehofa Modimo o ile a bolelela Moshe gore leina la gagwe le kayang fa a ne mo raya a re: “Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone.” (Ekesodo 3:14) Leina la Modimo ga le bontshe fela gore ke ene a bopileng dilo tsotlhe, gape le re bontsha gore o kgona go dirisa dilo tse a di bopileng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Direto tse Modimo a bidiwang ka tsone di tlhalosa maemo a gagwe, taolo le maatla a a nang le one, mme leina la gagwe e bong Jehofa ke lone fela le emelang se a leng sone le se a kgonang go nna sone.

Leina la Modimo le re bontsha gore o a re kgathalela. Leina la Modimo le bontsha gore o tla tswelela a rata dilo tse a di bopileng, go akaretsa le batho. Mo godimo ga moo, ntlha ya go bo Modimo a re boleletse leina la gagwe, e bontsha gore o batla re le itse. Tota e bile ke ene a re boleletseng leina la gagwe le pele re akanya go le mmotsa. Go bonala sentle fela gore Modimo ga a batle gore re akanye gore o kgakala le rona, go na le moo, o batla gore re atamalane le ene.—Pesalema 73:28.

Go dirisa leina la Modimo go bontsha gore re a mo kgatlhegela. A re re ka sekai o bolelela motho yo o batlang go nna tsala le ene gore leina la gago ke mang. O ne o tla ikutlwa jang fa motho yoo a sa batle go go bitsa ka leina la gago? Fa nako e ntse e ya o ka feleletsa o ipotsa gore a mme motho yoo o batla go nna tsala ya gago. Modimo le ene o ikutlwa jalo. Jehofa o re boleletse leina la gagwe e bile o batla gore re le dirise. Fa re le dirisa, re mmontsha gore re batla go nna ditsala tsa gagwe. Tota e bile o etse tlhoko batho ba ba “akanyang ka leina la gagwe.”—Malaki 3:16.

Selo sa ntlha se re tshwanetseng go se dira fa re batla go itse Modimo, ke go itse leina la gagwe. Mme ga go felele foo. Gape re tlhoka go itse botho jwa gagwe le gore ke Modimo yo o ntseng jang.

LEINA LA MODIMO KE MANG? Leina la Modimo ke Jehofa. Leina leno le bontsha gore ke ene fela a kgonang go dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira