Isaia 42:1-25

  • Motlhanka wa Modimo le tiro ya gagwe (1-9)

    • “Ke nna Jehofa” (8)

  • Pina e ntšha e e bakang Jehofa (10-17)

  • Iseraele ke sefofu e bile ke susu (18-25)

42  Motlhanka wa me,+ yo ke mo emeng nôkeng! Yo ke mo tlhophileng,+ yo ke mo amogetseng!+ Ke tsentse moya wa me mo go ene;+O tla tlisetsa ditšhaba tshiamiso.+   Ga a kitla a goa kgotsa a tsholetsa lentswe la gagwe,E bile ga a kitla a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe mo mmileng.+   Ga a kitla a robaganya lotlhaka lope lo lo obegileng,E bile ga a kitla a tima mogala ope o o kuang mosi.+ O tla tlisa tshiamiso ka boikanyegi.+   Ga a kitla a koafala kgotsa a lapa go fitlha a diragatsa tshiamiso mo lefatsheng;+Mme ditlhaketlhake di nna di letetse molao* wa gagwe.   Seno ke se Modimo wa boammaaruri, Jehofa, a se buang,Mmopi wa magodimo le Ene yo Mogolo yo o neng a a tsharolola,+Ene yo o dirileng lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone,+Ene yo o nayang batho ba ba mo go lone mohemo,+Le yo o nayang ba ba tsamayang mo go lone moya:+   “Nna Jehofa, ke go biditse ka tshiamo;Ke tshwere seatla sa gago. Ke tla go sireletsa ke bo ke dira gore o nne kgolagano gareng ga me le batho+Le gore o nne lesedi la ditšhaba,+   Gore o bule matlho a ba ba foufetseng,+Gore o ntshe legolegwa mo khuting ya kgolegeloLe ba ba ntseng mo lefifing o ba ntshe mo kgolegelong.+   Ke nna Jehofa. Leo ke lone leina la me;Ga nkitla ke letla ope a newa tlotlo e e ntshwanetseng,*E bile ga nkitla ke naya ditshwantsho tse di betlilweng pako ya me.+   Bonang, dilo tsa ntlha di diragetse;Jaanong ke bolela dilo tse disha. Pele ga di tlhaga, ke lo bolelela ka tsone.”+ 10  Opelelang Jehofa pina e ntšha,+Mmakeng go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe,+Lona ba lo tsamayang ka dikepe mo lewatleng le mo gare ga ditshedi tse di nnang mo go lone,Lona ditlhaketlhake le ba lo nnang mo go tsone.+ 11  A naga le metse ya yone di tsholetse lentswe la tsone,+A metsana e banni ba Kedare+ ba nnang mo go yone e tsholetse lentswe la yone. A ba ba nnang mo mafelong a a nang le mafika ba goe ka boitumelo;A ba goe ba le kwa godimo ga dithaba. 12  A ba tlotle JehofaBa bo ba mmake mo ditlhaketlhakeng.+ 13  Jehofa o tla tswa jaaka motho yo o maatla.+ O tla tshwana le motlhabani yo o eletsang go ya ntweng.+ O tla goa, ruri o tla tlhaba mokgosi wa ntwa;O tla itshupa a le maatla go feta baba ba gagwe.+ 14  “Ke ne ka didimala nako e telele. Ke ne ka nna ke didimetse ka bo ka ithiba. Ke tla goa, ke tla hema ka bonako, e bile ke tla felelwa ke moya ka nako e le nngweJaaka mosadi yo o belegang. 15  Ke tla phaphalatsa dithaba le dithotaKe bo ke omeletsa dimela tsotlhe tsa tsone. Ke tla dira gore dinoka di fetoge ditlhaketlhake*Ke bo ke kgadisa megobe e e tletseng lotlhaka.+ 16  Ke tla tsamaisa difofu mo tseleng e di sa e itseng+Ke bo ke dira gore ba gate mo ditselaneng tse ba sa di tlwaelang.+ Ke tla dira gore lefifi le le fa pele ga bone le fetoge lesedi+Ke bo ke dira gore naga e e nang le maje e nne lebala.+ Tseno ke dilo tse ke tla di ba direlang, e bile ga nkitla ke ba latlha.” 17  Ba ba ikanyang ditshwantsho tse di betlilweng,Ba ba rayang difikantswe tse di bopilweng ba re: “Lo medimo ya rona,”Ba tla busediwa morago e bile ba tla tlhabiwa ke ditlhong thata.+ 18  Reetsang, lona bosusu;Lebang mme lo bone, lona difofu.+ 19  Ke mang yo o sefofu ntle le motlhanka wa me,Yo o susu jaaka morongwa yo ke mo romang? Ke mang yo o sefofu jaaka mongwe yo o duetsweng,Yo o sefofu jaaka motlhanka wa ga Jehofa?+ 20  O bona dilo di le dintsi, mme ga o di ele tlhoko. O bula ditsebe, mme ga o reetse.+ 21  Jehofa o itumeletse go godisa molao* le go o galaletsaKa ntlha ya tshiamo ya gagwe. 22  Mme seno ke setšhaba se se gapilweng;+Botlhe ba gaeletswe mo mesimeng e bile ba fitlhilwe mo dikgolegelong.+ Ba ne ba gapiwa mme go se na ope yo o ba gololang,+E bile ba ne ba gapiwa mme go se na ope yo o reng: “Ba buse!” 23  Ke mang mo gare ga lona yo o tla utlwang seno? Ke mang yo o tla tlhwayang tsebe, a reetsa a bo a ithuta dithuto tse a tla di dirisang mo nakong e e tlang? 24  Ke mang yo o letlileng gore Jakobe a gapiweLe yo o tsentseng Iseraele mo seatleng sa ba ba gapang? A ga se Jehofa, Ene yo ba mo leofetseng? Ba ne ba gana go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe,E bile ga ba a ka ba ikobela molao* wa gagwe.+ 25  Ka jalo, Modimo o ne a ba galefela,A bo a ba otlhaya ka go ba tlisetsa ntwa.+ E ne ya laila sengwe le sengwe se se ba dikologileng, mme ga ba a ka ba tsaya tsia.+ E ne ya ba tukela, mme ga ba a ka ba go isa kwa pelong.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “taelo.”
Kgotsa “Ga ke kgaogane kgalalelo ya me le ope.”
Kgotsa “mafelo a a fa lotshitshing.”
Kgotsa “taelo.”
Kgotsa “taelo.”