Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke Ithutile go Tlotla Basadi le go Itlotla

Ke Ithutile go Tlotla Basadi le go Itlotla
  • O TSHOTSWE KA: 1960

  • O TSHOLETSWE KWA: FORA

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A TSHWAKGOTSWE KE DIOKOBATSI, A LE DIKGOKA E BILE A SA TLOTLE BASADI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Mulhouse, kwa bokonebotlhaba jwa Fora, mo motsaneng mongwe o o gaufi le toropo o o itsegeng ka thubakanyo. Fa ke sa ntse ke le monnye ke ne ke tlhola ke bona malapa a mo lefelong la rona a lwantshana botlhoko. Mo lelapeng la gaetsho, basadi ba ne ba nyadiwa e bile banna ba ne ba sa ba akaretse mo go sepe fela. Ke ne ka rutiwa gore mosadi o tshwanetse go bereka fela mo khitšhineng, a tlhokomele monna le bana.

Ke godile botlhoko. Fa ke le dingwaga di le 10, rre o ne a tlhokafala ka ntlha ya botagwa. Dingwaga di le tlhano moragonyana, mongwe wa bonkgonne o ne a ipolaya. Mo go one ngwaga oo, ke ne ka bona mongwe mo lelapeng a bolaya yo mongwe fa go ne go lowa mme seo se ne sa ntlogela ke gamaregile. Ba lelapa la gaetsho ba ne ba nthuta go lwa ke dirisa thipa le tlhobolo le gore ke tshwanetse go lwa fa go tlhokega. E re ka ke ne ke tlhakane tlhogo, ke ne ka simolola go itira di-tattoo le go nwa.

Fa ke le dingwaga di le 16, ke ne ke nwa dibotlolo tsa biri di le 10 go ya go di le 15 letsatsi le letsatsi, mme go ise go ye kae ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi. Gore ke kgone go tswelela ka mekgwa eno ya me, ke ne ke rekisa makgasa a ditshipi le go simolola go utswa. Fa ke le dingwaga di le 17, ke ne ke setse nkile ka tshwarwa. Ke ne ka atlholwa makgetlo a le 18 ka ntlha ya bogodu le thubakanyo.

Fa ke le mo masimologong a dingwaga tsa bo20, maemo a me a ne a nna maswe le go feta. Ke ne ke goga dizolo tsa marijuana di ka nna 20 ka letsatsi, e bile ke dirisa heroine le diokobatsi tse dingwe tse di ileditsweng. Ke batlile ke swa makgetlo a le mmalwa ka ntlha ya go di dirisa ka tsela e e feteletseng. Ke ne ka simolola go rekisa diokobatsi, ka jalo, ke ne ke nna ke tshwere dithipa le ditlhobolo. Nako nngwe ke ne ka leka go hula monna mongwe, mme ka lesego lerumo le ne la itaya mo tshiping ya lebante la gagwe! Fa ke le dingwaga di le 24, mmè o ne a tlhokafala, mme seno sa nkgalefisa le go feta. Fa batho ba mpona ke tla, ba ne ba tshaba ba bo ba tsaya tsela e sele. Ka ntlha ya go bo ke ne ke le ntwadumela, gantsi ke ne ke fetsa mafelobeke ke le kwa seteisheneng sa mapodise kgotsa kwa bookelong ke ile go rokiwa dintho.

Fa ke le dingwaga di le 28, ke ne ka nyala. Jaaka fa o ka tswa o akanya, ke ne ke sa tlotle mosadi wa me. Ke ne ke mo tlhapatsa e bile ke mo itaya. Re ne re sa dire sepe mmogo. Ke ne ke akanya gore fa ke mo fa dibenyane tsa bogodu, go lekane. Mme go ne ga direga sengwe se ke neng ke sa se solofela. Mosadi wa me o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Morago ga thuto ya gagwe ya ntlha, o ne a tlogela go goga, a gana go amogela madi a bogodu mme a busa dibenyane tse ke mo fileng tsone. Ke ne ke galefile. Ke ne ke sa batle gore a ithute Baebele e bile ke ne ke tle ke mo kgwele mosi wa sekerete mo sefatlhegong. Ke ne ke mo sotla ka mafoko gongwe le gongwe kwa ke neng ke na le ene teng.

Bosigo bongwe, ke le mo maibing ka ntlha ya botagwa, ke ne ka fisa folete ya rona. Mosadi wa me o ne a re namola nna le morwadiarona wa dingwaga tse tlhano. Fa ke tlhapogelwa, ke ne ka ikutlwa ke le molato thata. Ke ne ke sa dumele gore Modimo o tla tsamaya a intshwarela. Ke ne ka gopola mafoko a moruti mongwe yo o neng a re batho ba ba bosula ba ya diheleng. Tota le ngaka ya bolwetse jwa tlhaloganyo e e neng e nkalafa e ne ya nthaya ya re: “Go fedile ka wena! Ga go na sepe se se ka tlholang se go thusa.”

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Fa ntlo ya rona e sena go sha, re ne ra ya go nna le ba bogwegadi. Fa Basupi ba ne ba etetse mosadi wa me, ke ne ka ba botsa jaana: “A Modimo a ka intshwarela maleo a me otlhe?” Ba ne ba mpalela lokwalo lwa Baebele lwa 1 Bakorintha 6:9-11. Ditemana tseno di bua ka mekgwa e Modimo a e kgalang, mme di oketsa ka go re: “Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo.” Mafoko ao a ne a ntlhomamisetsa gore nka kgona go fetoga. Go tswa foo Basupi ba ne ba ntlhomamisetsa gore Modimo o a nthata ka go mpalela temana ya 1 Johane 4:8. E re ka seno se ne se nkgothaditse, ke ne ka ba kopa gore ba nthute Baebele gabedi ka beke, mme ka simolola go ya kwa dipokanong tsa bone tsa Bokeresete. Ke ne ka rapela Jehofa ka metlha.

Mo lobakeng lwa kgwedi, ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele diokobatsi le bojalwa. Go ise go ye kae ke ne ka utlwa e kete go runtse ntwa mo mmeleng wa me! Ke ne ke tshwenngwa ke ditoro tse di tshosang, go opiwa ke tlhogo, dikerempe le mathata a mangwe a a bakwang ke go tlogela diokobatsi. Le fa go ntse jalo, ke ne ke utlwa gore Jehofa o ntshwere ka seatla e bile o a nnonotsha. Ke ne ke ikutlwa fela jaaka moaposetoloi Paulo. O ne a kwala jaana fa a tlhalosa kafa Modimo a ileng a mo thusa ka teng: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Fa nako e ntse e ya, ke ne ka kgona go tlogela go goga motsoko.—2 Bakorintha 7:1.

Baebele ga e a ka ya nthusa fela go laola botshelo jwa me, mme gape e ne ya tokafatsa lelapa la rona. Tsela e ke tshwarang mosadi wa me ka yone e ne ya fetoga. Ke ne ka simolola go mo tlotla thata le go mo raya ke re “tsweetswee” le “ke a leboga.” Gape ke ne ka simolola go nna rre yo o molemo mo go morwadiarona. Morago ga go ithuta Baebele ngwaga, ke ne ka ineela mo go Jehofa le go kolobediwa, ke etsa sekao sa mosadi wa me.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Ruri melaometheo ya Baebele e bolokile botshelo jwa me! Tota le ba losika lwa me ba e seng Basupi ba dumela gore gongwe nka bo ke bolailwe ke go dirisa diokobatsi kgotsa ntwa.

Dithuto tsa Baebele tse di buang ka maikarabelo a me a go nna monna yo o nyetseng le rre, di ne tsa fetola botshelo jwa lelapa la me gotlhelele. (Baefeso 5:25; 6:4) Re ne ra simolola go dira dilo mmogo re le lelapa. Gone jaanong, go na le go batla gore mosadi wa me a bereke fela mo khitšhineng, ke itumelela go mo ema nokeng mo tirong e a e dirang ya go nna moreri wa nako e e tletseng. Mme le ene o itumelela go nkema nokeng fa ke ntse ke diragatsa maikarabelo a me a go nna mogolwane mo phuthegong.

Tsela e Jehofa Modimo a leng lorato le pelotlhomogi ka yone e amile botshelo jwa me fela thata. Ke eletsa thata go bua le batho ba ba tlhobogilweng ka dinonofo tsa gagwe, ka gonne le nna ke ne ke tsewa jalo. Ke a itse gore Baebele e na le maatla a go thusa motho ope fela gore a nne le botshelo jo bo phepa le jo bo nang le bokao. Baebele ga e a nthuta fela gore ke rate ba bangwe le go ba tlotla, banna le basadi, mme gape e nthutile gore ke itlotle.