Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 26

Lorato lo re Thusa Jang go Fenya Poifo?

Lorato lo re Thusa Jang go Fenya Poifo?

“Jehofa o ka fa letlhakoreng la me; ga nkitla ke boifa.”—PES. 118:6.

PINA 105 “Modimo ke Lorato”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke dilo dife tse gantsi di dirang gore batho ba boife?

 A RE tlotle ka maemo mangwe a bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba nna le one. Nestor le mosadi wa gagwe e bong María ba ne ba batla go direla kwa go nang le tlhokego gone. * E le gore ba kgone go dira jalo, ba ne ba tshwanetse go tlhofofatsa botshelo jwa bone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba boifa gore ba ne ba ka se ka ba itumela fa ba ka tlhofofatsa botshelo jwa bone. Fa mokaulengwe Biniam e nna Mosupi wa ga Jehofa mo nageng e tiro ya rona e neng e thibetswe kwa go yone, o ne a lemoga gore a ka nna a bogisiwa ka gonne e le mongwe wa batho ba Modimo. Seo se ne se mo tshosa. Mme gone, se se neng se dira gore a boife le go feta ke gore ba lelapa la gaabo ba ne ba tla ikutlwa jang fa ba utlwa gore ke Mosupi wa ga Jehofa. Kgaitsadi Valérie o ne a bolelelwa gore o na le kankere e e anamang ka bonako, e bile o ne a sa kgone go bona ngaka e e neng e ka mo dira karo mme e tlotla segakolodi sa gagwe malebana le kgang ya go sa tshelwe madi. Go a utlwala go bo a ne a boifa gore o tla swa.

2. Goreng re tshwanetse go dira ka natla go fenya poifo?

2 A le wena o kile wa boifa ka tsela e e tshwanang? Bontsi jwa rona re kile ra boifa. Fa re sa dire sotlhe se re ka se kgonang go fenya poifo, re ka dira ditshwetso tse di sa siamang tse di ka koafatsang botsala jwa rona le Jehofa. Seo ke sone se Satane a se batlang. Gape o dirisa poifo go leka go dira gore re se ka ra ikobela melao ya ga Jehofa e e akaretsang taelo ya go rera dikgang tse di molemo. (Tshen. 12:17) Satane o bosula, o setlhogo e bile o na le maatla. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go itshireletsa gore a se ka a go tlhasela. O ka dira seo jang?

3. Ke eng se se ka re thusang go fenya poifo?

3 Fa re tlhatswegile pelo gore Jehofa o a re rata le gore o re ema nôkeng, Satane ga a ka ke a kgona go dira gore re boife. (Pes. 118:6) Ka sekai, motho yo o kwadileng Pesalema 118, o ne a diragalelwa ke dilo tse di tlhobaetsang thata mo botshelong. O ne a na le baba ba bantsi e bile bangwe ba bone ba ne ba na le maemo mangwe (temana 9, 10). Ka dinako dingwe o ne a ikutlwa a gateletswe thata (temana 13). E bile ka nako nngwe Jehofa o ne a mo otlhaya mo go botlhoko (temana 18). Le fa go ntse jalo, mokwadi yoo wa pesalema o ne a re: “Ga nkitla ke boifa.” Ke eng se se neng se dira gore a ikutlwe a sireletsegile jalo? O ne a itse gore le fa Rraagwe yo o kwa legodimong e bong Jehofa a ne a mo otlhaile, o ne a mo rata fela thata. O ne a tlhatswegile pelo gore le fa a ne a ka diragalelwa ke eng mo botshelong, Modimo wa gagwe yo o lorato o ne a tla nna a ipaakanyeditse go mo thusa.—Pes. 118:29.

4. Ke dilo dife tse re ka se kang ra di boifa fa re tlhatswegile pelo gore Modimo o a re rata?

4 Re tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o a re rata. Seo se tla re thusa gore re fenye dilo tse tharo tse gantsi di dirang gore batho ba boife, e leng, (1) go boifa gore ga re kitla re kgona go tlamela ba malapa a rona, (2) go boifa batho, le (3) go boifa loso. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba re buileng ka bone kwa serapeng sa ntlha, ba ne ba kgona go fenya poifo ka gonne ba ne ba tlhatswegile pelo gore Modimo o a ba rata.

GO BOIFA GORE GA RE KITLA RE KGONA GO TLAMELA BA MALAPA A RONA

Mokaulengwe o tshwara ditlhapi a na le morwawe gore a tlamele ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang (Bona serapa 5)

5. Ke maemo afe a a ka tlhobaetsang tlhogo ya lelapa? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

5 Mokeresete yo e leng tlhogo ya lelapa o tsaya maikarabelo a go tlamela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang a le botlhokwa thata. (1 Tim. 5:8) Fa e le gore o tlhogo ya lelapa, o ka tswa o ile wa tshwenyega thata ka gore o tla felelwa ke tiro ka nako ya bolwetse jwa leroborobo jwa Covid-19. O ka tswa o ile wa tshwenngwa ke gore ga o kitla o nna le madi a a lekaneng a go reka dijo kgotsa a go duelela lefelo le lelapa la gago le nnang mo go lone. Gape o ka tswa o ile wa tshwenngwa ke gore fa o ka felelwa ke tiro, ga o ka ke wa kgona go bona tiro e nngwe. Kgotsa fela jaaka Nestor le María o ka tswa o akanya gore ga o ka ke wa kgona go tlhofofatsa botshelo jwa gago. Satane o ile a kgona go dirisa maikutlo ao gore a dire gore ba le bantsi ba kgaotse go direla Jehofa.

6. Satane o batla gore re dumele eng?

6 Satane o batla gore re dumele gore Jehofa ga a re rate le gore ga a kitla a re thusa gore re tlamele ba malapa a rona. Seo se ka dira gore re akanye gore re tshwanetse go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang gore re se ka ra felelwa ke tiro, le fa gone seo se ka senya botsala jwa rona le Modimo.

7. Jesu o re netefaletsa eng?

7 Jesu yo o itseng Rraarona botoka go gaisa motho ope fela, o re netefaletsa gore Modimo wa rona ‘o itse dilo tse re di tlhokang le pele ga re di mo kopa.’ (Math. 6:8) E bile Jesu o a itse gore Jehofa o ikemiseditse go re naya dilo tse re di tlhokang. Rona Bakeresete, re lelapa la Modimo. E re ka Jehofa e le Tlhogo ya lelapa, ga re belaele gore o tla dira se a laelang ditlhogo tsa malapa gore ba se dire mo go 1 Timotheo 5:8.

Jehofa o tla tlhomamisa gore re nna le se re se tlhokang. A ka dirisa bakaulengwe gore ba re thuse (Bona serapa 8) *

8. (a) Ke eng se se ka re thusang go fenya poifo ya gore ga re kitla re kgona go tlamela ba malapa a rona? (Mathaio 6:31-33) (b) Re ka etsa jang banyalani ba ba mo setshwantshong se se tsamaisanang le serapa 8, ba ba tlisetsang kgaitsadi mongwe dijo?

8 Fa re tlhatswegile pelo gore Jehofa o a re rata le gore o rata ba malapa a rona, re ka se belaele gore o tla re naya dilo tse re di tlhokang. (Bala Mathaio 6:31-33.) Jehofa o batla go re naya se re se tlhokang e bile ke Motlamedi wa rona yo o lorato le yo o pelotshweu. Fa a ne a bopa lefatshe, ga a re naya fela dilo tse re di tlhokang gore re kgone go tshela, go na le moo o bopile dilo tse dintsi thata mo lefatsheng gore re di itumelele. (Gen. 2:9) Tota le fa ka dinako dingwe re na le dilo tse re di tlhokang fela, re tshwanetse go di lebogela ka gonne Jehofa ga a ke a palelwa ke go re naya se re se tlhokang. (Math. 6:11) Re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa o tlile go re naya dilo tse dintsi tse di fetang tse re itimang tsone gone jaanong le gore mo nakong e e tlang o tlile go re naya botshelo jo bo sa khutleng. Seo ke sone se Nestor le María ba se lemogileng.—Isa. 65:21, 22.

9. O ithuta eng mo sekaong sa ga Nestor le María?

9 Nestor le María ba ba nnang kwa Colombia, ba ne ba na le ntlo e ntle le ditiro tse di ba duelang sentle. Ba re: “Re ile ra akanya ka go tlhofofatsa botshelo le gore re oketse bodiredi jwa rona, le fa go ntse jalo re ne re boifa gore ga re kitla re itumela fa re ka dira jalo.” Ke eng se se ba thusitseng gore ba fenye poifo eo? Ba ile ba akanya ka ditsela tse dintsi tse Jehofa a ileng a ba bontsha ka tsone gore o a ba rata. E re ka ba ne ba tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla ba tlhokomela, ba ne ba tlogela ditiro tsa bone tse di duelang sentle. Ba ne ba rekisa ntlo ya bone ba bo ba fudugela kwa karolong nngwe ya naga ya bone kwa go neng go tlhokega baboledi ba Bogosi gone. Ba ne ba ikutlwa jang ka tshwetso eo e ba e dirileng? Nestor a re: “Re bone mafoko a a mo go Mathaio 6:33 a diragala. Ga re ise re ko re tlhoke sepe. E bile gone jaanong re itumetse go feta pele.”

GO BOIFA BATHO

10. Goreng go utlwala go bo batho ba boifa batho ba bangwe?

10 Fa e sa le Adame le Efa ba tsuologela Jehofa, batho ba utlwisa ba bangwe botlhoko. (Mor. 8:9) Ka sekai, batho ba bangwe ba dirisa maatla a ba nang le one gore ba utlwise ba bangwe botlhoko, dikebekwa di dira dilo tse di setlhogo, bana ba bangwe ba kgerisa ba ba tsenang sekolo le bone ka go ba tlhapatsa le go ba tshosetsa, mme batho ba bangwe bone ba sotla ba malapa a bone. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba tshaba batho ba bangwe. Satane o leka go dira eng gore re boife batho?

11-12. Satane o dirisa go boifa batho jang gore a re leke?

11 Satane o leka go dira gore re boife batho mme re kgaotse go rera le go dira dilo tse Jehofa a reng re tshwanetse go di dira. O tlhotlheletsa dipuso gore di thibele tiro ya rona le gore di re bogise. (Luke 21:12; Tshen. 2:10) Batho ba le bantsi mo lefatsheng la ga Satane ba anamisa tshedimosetso e e seng boammaaruri kgotsa maaka ka Basupi ba ga Jehofa. Batho ba ba dumelang maaka ao, ba ka re kgoba kgotsa ba re tlhasela. (Math. 10:36) A maano ao a ga Satane a a re gakgamatsa? Nnyaa le e seng! O ne a a dirisa le ka nako ya baaposetoloi.—Dit. 5:27, 28, 40.

Tota le fa ba malapa a rona ba re ganetsa, re tlhatswegile pelo gore Jehofa o a re rata (Bona serapa 12-14) *

12 Go ganediwa ke dipuso, ga se sone fela selo se Satane a se dirisang. Batho ba bangwe ba boifa go utlwisiwa botlhoko mo mmeleng, mme se ba se boifang le go feta ke gore ba malapa a bone ba tla ba tshwara jang fa ba utlwa gore ke Basupi. Ba rata ba masika a bone fela thata e bile ba batla gore ba itse Jehofa. Ba utlwa botlhoko fa ba ba utlwa ba bua dilo tse di sa siamang ka Modimo wa boammaaruri le ka batho ba ba mo obamelang. Le fa go ntse jalo, mo maemong a mangwe ba masika a bone ba ba neng ba ba ganetsa, moragonyana ba ne ba nna Basupi. Mme gone, re tla dira eng fa ba malapa a rona ba re latlha ka gonne re le Basupi?

13. Go itse gore Modimo o a re rata go tla re thusa jang fa ba malapa a rona ba re latlha? (Pesalema 27:10)

13 Mafoko a a kgothatsang a a mo go Pesalema 27:10 a ka re gomotsa. (E bale.) Fa re gopola gore Jehofa o a re rata, ga re kitla re boifa gore go tla direga eng fa ba malapa a rona ba re ganetsa. E bile re tlhatswegile pelo gore o tla re segofatsa ka gonne re itshokile. Jehofa o tla re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re tshele, re ritibale re bo re itumele e bile o tla re thusa gore re nne re atamalane le ene, e leng dilo tse go se nang motho ope yo o ka re direlang tsone. Seo ke sone se se neng sa diragalela mokaulengwe Biniam yo re buileng ka ene pelenyana.

14. O ithuta eng mo sekaong sa ga Biniam?

14 Biniam o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa le fa a ne a itse gore puso e ne e bogisa Basupi setlhogo mo nageng e a neng a nna mo go yone. Utlwa gore go itse gore Jehofa o a mo rata go ne ga mo thusa jang gore a se ka a boifa. A re: “Pogiso e ne e le maswe thata go feta kafa ke neng ke akantse ka gone. Mme selo se ke neng ke se boifa go feta go bogisiwa ke puso, e ne e le go bogisiwa ke ba lelapa la gaetsho. Ke ne ke boifa gore fa ke nna Mosupi, ke ne ke tla swabisa rre yo e neng e se Mosupi le gore ba lelapa la gaetsho ba ne ba ka se ka ba tlhola ba ntlotla.” Le fa go ntse jalo, Biniam o ne a tlhatswegile pelo gore ka metlha Jehofa o tlhokomela ba a ba ratang. O tlhalosa jaana: “Ke ile ka akanya kafa Jehofa a ileng a thusa ba bangwe ka gone gore ba itshoke fa ba ne ba na le mathata a madi, ba tlhaolwa kgotsa ba tlhaselwa ke setlhopha sa batho. Ke ne ke itse gore fa nka tswelela ke ikanyega mo go Jehofa, o ne a tla ntshegofatsa. Fa ke ne ke tshwarwa ka makgetlo a le mantsi e bile ke utlwisiwa botlhoko, ke ile ka lemoga gore ka metlha Jehofa o a re thusa fa re ikanyega mo go ene.” Jehofa e ne ya nna Rraagwe Biniam e bile batho ba gagwe e ne ya nna lelapa la gaabo.

GO BOIFA LOSO

15. Goreng go utlwala go boifa loso?

15 Baebele e tlhalosa gore loso ke mmaba. (1 Bakor. 15:25, 26) Fa re lwala kgotsa motho yo re mo ratang a lwala thata, re ka nna ra tlhobaela fa re akanya ka loso. Goreng re boifa loso? Ka gonne Jehofa o re bopile re na le keletso ya go tshelela ruri. (Mor. 3:11) Mme gone, go boifa loso go ka re thusa gore re babalele botshelo jwa rona. Ka sekai, go ka re rotloetsa gore re je dijo tse di nang le dikotla, re ikatise, re ye go bona ngaka, re nwe melemo fa go tlhokega le gore re se ka ra tsenya botshelo jwa rona mo kotsing go sa tlhokege.

16. Satane o leka go dirisa go boifa loso jang go re raela?

16 Satane o a itse gore re tsaya botshelo bo le botlhokwa. Ka jalo, a re batho ba ka itetla go latlhegelwa ke sengwe le sengwe tota le ke botsala jwa bone le Jehofa gore ba tswelele ba tshela. (Jobe 2:4, 5) Mme seo ga se boammaaruri. Le fa go ntse jalo, e re ka Satane a na le “maatla a go baka loso,” o dirisa go boifa loso go dira gore re latlhe Jehofa. (Baheb. 2:14, 15) Ka dinako dingwe, batho ba ba tlhotlhelediwang ke Satane ba re tshosetsa ka gore ba tla re bolaya fa re sa itatole tumelo ya rona. Kgotsa ka dinako tse dingwe, Satane a ka lemoga gore re a lwala a bo a dirisa boemo joo go leka go dira gore re tlogele go ikanyega mo go Jehofa. Dingaka kgotsa ba malapa a rona ba e seng Basupi, ba ka nna ba re gatelela gore re tlole molao wa Modimo mme re tshelwe madi. Kgotsa mongwe a ka re tlhotlheletsa gore re amogele kalafi e e sa dumalaneng le melaometheo ya Baebele.

17. Re akantse ka Baroma 8:37-39, goreng re sa tshwanela go boifa loso?

17 Tota le fa re sa batle go swa, re a itse gore Jehofa o tla tswelela a re rata le fa re ka swa. (Bala Baroma 8:37-39.) Fa ditsala tsa ga Jehofa di swa, o nna a di gakologelwa jaaka e kete di sa ntse di tshela. (Luke 20:37, 38) O batla go ba tsosa. (Jobe 14:15) Jehofa o duetse tlhwatlhwa e e kwa godimo thata gore re “nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 3:16) Re a itse gore Jehofa o re rata fela thata e bile o a re kgathalela. Ka jalo, go na le gore re latlhe Jehofa fa re lwala thata kgotsa re tshosediwa gore re tla bolawa, re ikaega ka ene gore a re gomotse, a re neye botlhale le gore a re nonotshe. Seo ke sone se Valérie le monna wa gagwe ba neng ba se dira.—Pes. 41:3.

18. O ithuta eng mo sekaong sa ga Valérie?

18 Fa Valérie a na le dingwaga di le 35, o ne a bolelelwa gore o na le kankere e e neng e sa tlwaelega e bile e anama ka bonako. Utlwa gore lorato lo ne lwa mo thusa jang gore a se ka a boifa loso. A re: “Fa ke ne ke bolelelwa gore ke tshwerwe ke kankere, nna le monna wa me re ne re gamaregile thata. Ke ne ke tlhoka go dirwa karo gore ke kgone go tshela. Ke ile ka ya kwa dingakeng tse dintsi, mme tsotlhe di ne di sa batle go dira karo eo di sa ntshele madi. Ke ne ke tshogile, mme e re ka ke itse molao wa Modimo, ke ile ka gana go tshelwa madi. Botshelo jotlhe jwa me Jehofa o ne a mpontshitse gore o a nthata, jaanong eno e ne e le tshono ya gore ke mmontshe gore le nna ke a mo rata. Nako le nako fa ke bolelelwa dikgang tse di sa itumediseng ka bolwetse jwa me, ke ne ke ikemisetsa le go feta go itumedisa Jehofa, e seng go dira gore Satane a fenye. Ke ne ka feleletsa ke arilwe mme ke sa tshelwa madi. Ke sa ntse ke lwala, le fa go ntse jalo ka metlha Jehofa o ile a re naya se re se tlhokang. Ka sekai, kwa dipokanong tse re neng re le kwa go tsone mafelobeke pele re bolelelwa gore ke na le kankere, re ne re tlotla ka setlhogo se se reng, ‘Go Lebana le Mathata a Gompieno ka Bopelokgale.’ * Setlhogo seno se ne sa re kgothatsa fela thata. Re ne re se bala gangwe le gape. Go bala ditlhogo tse di tshwanang le tseno, go rera le go ya dipokanong go thusitse nna le monna wa me gore re ritibale le gore re dire ditshwetso tse di siameng.”

GO FENYA POIFO

19. Ke eng se se tlileng go direga mo bogautshwaneng?

19 Jehofa o thusa Bakeresete ba boammaaruri mo lefatsheng lotlhe gore ba fenye maemo a a boima a ba nnang le one le gore ba ganetse Diabolo. (1 Pet. 5:8, 9) Le wena o ka kgona go dira jalo. Mo bogautshwaneng, Jehofa o tlile go laela Jesu le ba a tla busang le bone gore ba ‘senye ditiro tsa ga Diabolo.’ (1 Joh. 3:8) Morago ga moo, batho ba Modimo ba ba tla bong ba mo direla mo lefatsheng ‘ga ba kitla ba boifa sepe e bile ga ba kitla ba nna le lebaka la go boifa sepe.’ (Isa. 54:14; Mika 4:4) Mme fa nako eo e ise e goroge, re tshwanetse go dira ka natla gore re fenye poifo.

20. Ke eng se se ka re thusang go fenya poifo?

20 Re tshwanetse go tlhatswega pelo gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe le gore o a ba sireletsa. Re ka kgona go dira jalo fa re akanyetsa kwa teng e bile re bua ka tsela e Jehofa a neng a sireletsa batlhanka ba gagwe ka yone mo nakong e e fetileng. Gape re tshwanetse go nna re akanya kafa a re thusitseng ka gone fa re ne re lebana le maemo a a tlhobaetsang. Jehofa a ka re thusa gore re kgone go fenya poifo.—Pes. 34:4.

PINA 129 Re Tla Tswelela re Itshoka

^ Ka dinako dingwe, go boifa go siame ka gonne go re sireletsa gore re se ka ra wela mo kotsing. Mme mo maemong mangwe ga go a siama. Le fa go ntse jalo, go boifa go ka nna kotsi. Goreng re rialo? Ka gonne Satane o tla leka go dirisa poifo go dira gore re dire ditshwetso tse di sa siamang. Ka jalo, re tshwanetse go dira ka natla gore re fenye poifo e e ntseng jalo. Ke eng se se ka re thusang? Jaaka re tla bona mo setlhogong seno, fa re tlhatswegile pelo gore Jehofa o ka fa letlhakoreng la rona le gore o a re rata, re tla kgona go fenya poifo epe fela e re ka nnang le yone.

^ Maina mangwe a fetotswe.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Banyalani ba tlisetsa kgaitsadi yo o dirang ka natla le ba lelapa la gagwe dijo.

^ TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Batsadi ba mokaulengwe yo mosha ga ba batle gore a direle Jehofa, le fa go ntse jalo o tlhatswegile pelo gore Modimo o tla mo ema nôkeng.