Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSELA YA GO ITUMELA

Go Itse Gore o Tshelela Eng

Go Itse Gore o Tshelela Eng

BATHO BA KGONA GO DIRA DILO DI LE DINTSI—GO KWALA, GO PENTA, GO TLHAMA DILO LE GO AKANYA KA DIPOTSO TSE DI BOTLHOKWA KA BOTSHELO: Goreng go na le lobopo? Re tswa kae? Re tshelela eng? Bokamoso bo re tshwaretse eng?

Batho bangwe ba tlhokomologa dipotso tseo, ba akanya gore ga re ka ke ra itse dikarabo tsa tsone. Ba bangwe ba re dipotso tseo ga di botlhokwa ka gonne botshelo bo itlhagetse fela. Porofesa mongwe wa hisitori e bile a ithuta ka ditshedi e bong William Provine o ne a re: “Ga go na medimo, re tshela fela. Melao ga e botlhokwa e bile ga go na lebaka le le utlwalang la go bo re tshela.”

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba re go akanya jalo ga go a siama. Ba dumela gore lobopo lo laolwa ke melao ya saense e e tlhomameng le e e nepileng. Ba kgatlhiwa ke tsela e dilo dingwe tsa tlholego di bopilweng ka yone, tse batho ba lekang go dira didirisiwa tse di tshwanang le tsone. Se ba se lemogang letsatsi le letsatsi se dira gore ba akanye gore dilo tseo tse di raraaneng tse di berekang sentle, di bontsha gore go na le mongwe yo o botlhale yo o di dirileng, e seng gore di itlhagetse fela.

Mabaka ao a dirile gore batho bangwe ba ba neng ba dumela gore ditshedi di itlhagetse fela, ba fetole megopolo ya bone. Ela tlhoko dikai tse pedi tse di latelang:

ALEXEI MARNOV, NGAKA E E DIRANG KARO YA BOBOKO. A re: “Dikolo tse ke neng ke di tsena di ne di ruta gore ga go na Modimo le gore ditshedi di itlhagetse fela. Mongwe le mongwe yo o neng a dumela gore Modimo o teng o ne a tsewa a sa rutega.” Le fa go ntse jalo, o ne a simolola go dumela se se farologaneng ka 1990.

A re: “Ga ke bolo go batla go tlhaloganya tsela e dilo dingwe di berekang ka yone, go akaretsa le boboko jwa motho. Batho ba dumela gore karolo eno ya mmele e e gakgamatsang ke yone e e raraaneng go gaisa sengwe le sengwe mo lefatsheng. A mme boboko bo ne bo diretswe go tsenya tshedimosetso le bokgoni bongwe fela go tswa foo motho a bo a swa? Seo se ne se sa utlwale. Ka jalo, ke ne ka simolola go ipotsa jaana: ‘Tota re tshelela eng?’ Fa ke sena go dira dipatlisiso tse di tseneletseng, ke ne ka dumela gore go na le Mmopi.”

Go batla go itse gore re tshelela eng go ile ga dira gore Alexei a ithute Baebele. Moragonyana, mosadi wa gagwe wa ngaka yo le ene a neng a sa dumele gore go na le Modimo, o ne a simolola go ithuta Baebele, e le go bontsha gore se monna wa gagwe a se dumelang ga se boammaaruri! Jaanong gompieno boobabedi ba dumela mo Modimong ka pelo yotlhe e bile ba itse se Baebele e se buang ka boikaelelo jwa Modimo ka batho.

DR. HUABI YIN, MOITSESAENSE. Huabi Yin o ithutile fisikisi e bile o ne a fetsa dingwaga tse dintsi a dira dipatlisiso ka letsatsi. A re: “Ka metlha fa rona baitsesaense re ithuta ka dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego, re lemoga gore di rulagane ka tsela e e makatsang mme seo se bontsha gore go na le melao e e tlhomameng e e di laolang. Ke ne ke ipotsa gore: ‘Melao eno e tswa kae? Fa e le gore go botlhokwa thata gore motho a nne kelotlhoko ka go laola molelo o a o dirisang go apaya, ke mang yo o dirileng melao e e laolang letsatsi?’ Fa nako e ntse e ya, ke ne ka swetsa ka gore mafoko ano a ntlha mo Baebeleng a araba dipotso tsa me: ‘Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.’”—Genesise 1:1.

Boammaaruri ke gore saense e re thusitse go itse gore dilo dingwe di dira “jang,” jaaka gore disele tsa boboko di bereka jang le gore letsatsi le dira jang mogote le lesedi. Mme jaaka Alexei le Huabi ba lemogile, Baebele e araba dipotso tse di botlhokwa tsa gore goreng dilo dingwe di direga, jaaka ya gore ke eng fa go na le lobopo, goreng go na le melao e e lo laolang le gore re tshelela eng.

Baebele ya re Modimo ga a bopela lefatshe lefela mme o le bopetse go nniwa. (Isaia 45:18) Ruri Modimo o na le boikaelelo ka lefatshe e bile setlhogo se se latelang se tla bontsha gore boikaelelo joo bo tsamaisana le tsholofelo ya rona ka bokamoso.