Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSELA YA GO ITUMELA

Go Itshwarela

Go Itshwarela

MOSADI MONGWE YO O BIDIWANG PATRICIA A RE: “Fa ke le monnye, kwa gae ba ne ba tlhola ba nkgoba ka mafoko e bile ba nkomanya. Ke ne ke sa tlwaela go itshwarela batho. Tota le fa ke godile, go ne go feta malatsi ke akantse ka phoso e ke e diretsweng e bile ke palelwa ke go robala.” Boammaaruri ke gore go galefa le go sa itshwarele ba bangwe ga go dire gore motho a itumele e bile ga go a siamela botsogo. Dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba sa itshwareleng ba ka . . .

  • Letla go galefa go senya dikamano tsa bone le batho ba bangwe, seo se bo se dira gore ba itlhaole ba bo ba jewe ke bodutu

  • Kgopisega motlhofo, ba tlhobaela kgotsa ba nna le kgatelelo ya maikutlo

  • Nna ba akantse thata ka phoso e ba e diretsweng mo ba felelang ba sa itumelele botshelo

  • Ikutlwa e kete ga ba tshele ka melao ya Modimo

  • Tshwenyega thata le go nna mo kotsing ya go tsenwa ke malwetse, a a jaaka haebolate, bolwetse jwa pelo, ditlhabi tse di sa feleng, ramatiki kgotsa go opiwa ke tlhogo *

GO ITSHWARELA KE ENG? Go itshwarela go kaya go lebala phoso e mongwe a go e diretseng le go sa mo galefele, go sa mo ngalele le go sa akanye ka go ipusolosetsa. Ga go reye go mpampetsa phoso, go e nyenyefatsa le go e itlhokomolosa. Go na le moo, go itshwarela ke tshwetso ya motho e e tswang mo pelong e e bontshang gore o rata go agisana le motho yo mongwe le gore o batla go nna le botsala jo bo itumedisang le ene.

Gape go itshwarela go bontsha gore o akanyetsa ba bangwe. Motho yo o itshwarelang ba bangwe o a tlhaloganya gore rotlhe re dira diphoso kgotsa re a leofa, ka se re se buang le ka se re se dirang. (Baroma 3:23) Baebele e bua jaana malebana le kgang eo: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.”—Bakolosa 3:13.

Ka jalo, go a bonala gore go itshwarela ba bangwe go bontsha gore o na le lorato, e leng “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:14) Go ya ka website ya Mayo Clinic, go itshwarela ba bangwe go dira gore . . .

  • O itumelele botsala le batho ba bangwe le go ba tlhomogela pelo, go ba akanyetsa le go ba utlwela botlhoko fa ba go diretse phoso

  • O itekanele mo mogopolong le go nna le botsala jo bo siameng le Modimo

  • O se ka wa tlhobaela thata, wa tshwenyega le go sa dirisane le batho ba bangwe

  • O se ka wa nna le matshwao a a bontshang gore o na le kgatelelo ya maikutlo

IITSHWARELE. Lokwalodikgang lwa Disability & Rehabilitation lwa re “go ka nna thata” go lebala diphoso tse o di dirileng mme go dira jalo “go siametse botsogo,” jwa mmele le jwa tlhaloganyo. Ke eng se se ka go thusang gore o lebale diphoso tsa gago?

  • O se ka wa solofela gore ga o kitla o dira diphoso mme o amogele gore le wena o tla dira diphoso, fela jaaka mongwe le mongwe.—Moreri 7:20

  • Ithute mo diphosong tsa gago gore o se ka wa di boaboeletsa

  • O se ka wa iphelela pelo; makoa mangwe le mekgwa e e sa siamang e o nang le yone ga di ka ke tsa nyelela ka bonako.—Baefeso 4:23, 24

  • Itsalanye le batho ba ba go kgothatsang, ba ba lebang dilo sentle le ba ba akanyetsang mme ba sa go lomeletse.—Diane 13:20

  • Fa o utlwisitse mongwe botlhoko, amogela phoso ya gago mme o kope maitshwarelo ka bonako. Fa o agisana le ba bangwe, o tla nna o itumetse.—Mathaio 5:23, 24

MELAOMETHEO YA BAEBELE E A THUSA!

Fa Patricia yo go builweng ka ene kwa tshimologong a sena go ithuta Baebele, o ne a ithuta go itshwarela. O ne a kwala jaana: “Ga ke tlhole ke na le bogale jo bo neng bo tsenya botshelo jwa me mo kotsing. Ga ke tlhole ke boga e bile ga ke bogise batho ba bangwe. Melaometheo ya Baebele e tlhomamisa gore Modimo o a re rata e bile o re ratela dilo tse di siameng.”

Monna mongwe yo o bidiwang Ron a re: “Ke ne ke sa kgone go laola se batho ba bangwe ba se akanyang le se ba se buang. Mme ke ne ke kgona go laola se ke se dirang le se ke se akanyang. Fa e le gore ke ne ke batla go agisana le ba bangwe, ke ne ke tshwanetse go ba itshwarela. Ke ne nka se kgone go nna le kagiso le go tshwara sekgopi ka nako e le nngwe. Jaanong ke na le segakolodi se se siameng.”

^ ser. 8 Tshedimosetso eno e tswa mo: Website ya Mayo Clinic le ya Johns Hopkins Medicine le lokwalodikgang lwa Social Psychiatry and Psychiatric Epidemiology.