Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSELA YA GO ITUMELA

Tsholofelo

Tsholofelo

“[Ke na le] dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo.”Jeremia 29:11.

BUKA YA HOPE IN THE AGE OF ANXIETY YA RE: “Tsholofelo ke . . . yone e re thusang go nna tsala ya Modimo. Gape e re thusa go fenya go ikutlwa re gaeletswe, re le rosi kgotsa re boifa.”

Baebele e re bontsha botlhokwa jwa go nna le tsholofelo e bile e re tlhagisa gore re se ka ra nna le tsholofelo e e seng ya mmatota. Pesalema 146:3 ya re: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.” Ga re a tshwanela go ikanya maatla a batho a go leka go re boloka, re tshwanetse go ikanya Mmopi wa rona, yo o nang le maatla a go diragatsa se a se re solofeditseng. O re solofeditse eng? Akanya ka ditsholofetso tse di latelang.

DILO TSE DI BOSULA DI TLA FEDISIWA MME BATHO BA BA SIAMENG BA TLA TSHELELA RURI KA KAGISO: Pesalema 37:10, 11 ya re: “Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, Ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Mme temana 29 ya re basiami ba tla tshelela ruri mo lefatsheng.

DINTWA DI TLA FEDISIWA: “Jehofa . . . o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.”—Pesalema 46:8, 9.

BATHO GA BA KITLA BA TLHOLA BA LWALA, BA BOGA KGOTSA BA SWA: “Mogope wa Modimo o mo bathong . . . O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:3, 4.

DIJO DI TLA BO DI LE DINTSI: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

GO TLA BUSA PUSO E LE NNGWE MO LEFATSHENG LOTLHE—BOGOSI JWA GA KERESETE: “[Jesu Keresete] o ne a newa bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle. Bobusi jwa gagwe ke bobusi jo bo nnang ka bosakhutleng jo bo se kitlang bo feta, mme bogosi jwa gagwe ke jo bo se kitlang bo senngwa.”—Daniele 7:14.

Re ka tlhomamisega jang gore ditsholofetso tseo di tla diragadiwa? Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha gore o tshwanelega go nna Kgosi e e Tlhophilweng. O ne a fodisa batho ba ba lwalang, a fepa ba ba neng ba tlhoka e bile a tsosa baswi. Tota le dithuto tsa gagwe di na le melaometheo e e tla thusang batho go tshela mmogo ka kagiso le ka kutlwano. Gape Jesu o ne a bolelela pele dilo tse di tla diregang, go akaretsa le ditiragalo tse di tla bontshang gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno.

SE SE TLA TLOGANG SE DIREGA

Jesu o ne a re mo metlheng ya bofelo, ga go kitla go nna le kagiso le polokesego, mme go tla direga se se farologaneng le seo! O ne a re sesupo sa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” se tla akaretsa dintwa tsa dinaga, tlhaelo ya dijo, malwetse a leroborobo le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe. (Mathaio 24:3, 7; Luke 21:10, 11; Tshenolo 6:3-8) Gape Jesu o ne a re: “Ka ntlha ya go oketsega ga go tlhoka molao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”—Mathaio 24:12.

Go tsidifala goo go bonala sentle ka ditsela tse di farologaneng, jaaka mokwadi mongwe wa Baebele a ne a bua. Timotheo wa bobedi 3:1-5 ya re “mo metlheng ya bofelo,” batho ba ne ba tla ikakanyetsa ba le bosi, ba rata madi e bile ba rata menate. Ba ne ba tla itseela kwa godimo e bile ba nna bogale. Malapa a ne a tla nna le dikgotlhang e bile bana ba sa reetse batsadi. Go ne go tla nna le boitimokanyi jo bontsi mo dikerekeng.

Ditiragalo tseo di bontsha gore tsamaiso eno e gaufi le go fedisiwa. Gape di bontsha gore Bogosi Jwa Modimo bo tloga bo busa. Jesu o ne a tlhomamisa jaana fa a ne a porofeta ka metlha ya bofelo: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

Dikgang tseo tse di molemo di tlhagisa batho ba ba dirang dilo tse di sa siamang le go naya batho ba ba siameng tsholofelo le go re tlhomamisetsa gore se re se solofeditsweng se tla diragadiwa. A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka ditshegofatso tseo? Fa go le jalo, tsweetswee leba tsebe e e latelang ya makasine ono.