Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tsa Baebele di a Arabiwa

Dipotso Tsa Baebele di a Arabiwa

Leina la Modimo ke mang?

Mongwe le mongwe mo lelapeng o na le leina. Tota le diruiwa di na le maina! A ga go utlwale gore Modimo le ene a bo a na le leina? Mo Baebeleng go na le direto di le dintsi tse di dirisediwang Modimo, e leng Modimo Mothatayotlhe, Morena Molaodimogolo le Mmopi mme gape o na le leina la gagwe.—Bala Isaia 42:8.

Dithanolo di le dintsi tsa Baebele di dirisa leina la Modimo mo go Pesalema 83:18. Ka sekai, Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo tse di Boitshepo e bolela jaana mo temaneng eo: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”

Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dirisa leina la Modimo?

Modimo o batla gore re dirise leina la gagwe. Fa re bua le batho ba re ba ratang, jaaka ditsala tse re atamalaneng thata le tsone re dirisa maina a bone—segolobogolo fa ba re kopa gore re dire jalo. Fa re bua le Modimo a ga re a tshwanela go dira se se tshwanang? Mo godimo ga moo, Jesu Keresete o ne a kgothaletsa batho go dirisa leina la Modimo.—Bala Mathaia 6:9; Johane 17:26.

Ka jalo, gore re nne ditsala tsa Modimo, re tlhoka go itse mo go oketsegileng ka ga gagwe e seng fela leina la gagwe. Ka sekai, Modimo o ntse jang? A tota go a kgonega go atamalana le Modimo? O ka bona dikarabo tsa dipotso tseo mo Baebeleng.