Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

“Kgabagare ke Bone Kgololesego ya Mmatota.”

“Kgabagare ke Bone Kgololesego ya Mmatota.”
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1981
  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: UNITED STATES
  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MORWA SESENYI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Moundsville, toropo e e didimetseng go bapa le Noka ya Ohio kwa bokone jwa West Virginia, U.S.A. Ke ne ke le ngwana wa bobedi mo go ba le banè, ba bararo e le basimane, ka jalo go ne go nna go le monate kwa gae re sa nke re jewa ke bodutu. Batsadi ba me e ne e le batho ba ba dirang ka natla ba ba ikanyegang e bile ba rata batho ba bangwe. Re ne re se na madi a mantsi mme ka metlha re ne re na le se re se tlhokang. E re ka batsadi ba me e ne e le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go re ruta melaometheo ya Baebele fa re sa ntse re le bannye.

Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ke setse ke fapogile mo go se ke neng ke se rutilwe. Ke ne ke ipotsa gore a go tshela ka melaometheo ya Baebele go tla dira gore ke nne le botshelo jo bo nang le bokao le jo bo kgotsofatsang. Ke ne ke akanya gore go dira sengwe le sengwe se ke se batlang ke gone go tla dirang gore ke itumele tota. Go ise go ye kae, ke ne ka tlogela go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Nkgonne le nnake le bone ba ne ba ntshala morago mo botsuoloding jwa me. Batsadi ba rona ba ne ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go re thusa mme ga re a ka ra ba reetsa.

Ke ne ke sa lemoge gore kgololesego e ke neng ke e batla e ne e tla dira gore ke nne lekgoba la diokobatsi. Ka letsatsi lengwe fa ke ya gae ke tswa sekolong, tsala nngwe ya me e ne ya nnaya sekerete. Ke ne ka se amogela. Go tloga ka letsatsi leo, ke ne ka dumela go dira dilo di le dintsi tse di maswe. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng le go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang, ke ne ka lekeletsa diokobatsi tse di tshwakgolang thata mme ka nna lekgoba la bontsi jwa diokobatsi tseo. Fa ke ntse ke tsweletse ka go dirisa diokobatsi ka tsela e e feteletseng, ke ne ka simolola go rekisa diokobatsi gore ke nne le madi a go duelela botshelo jo ke bo tshelang.

Le fa ke ne ke leka thata go itlhokomolosa segakolodi sa me, ka metlha se ne se nkgakolola gore tsela e ke neng ke tshela ka yone e ne e sa siama. Le fa go ntse jalo, ke ne ke akanya gore ke setse ke senyegile mme nka se tlhole ke siama. Le fa ke ne ke le mo gare ga batho kwa diphathing le kwa dikonsarateng, gantsi ke ne ke ikutlwa ke jewa ke bodutu e bile ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke akanya kafa batsadi ba me e leng batho ba ba itshwereng sentle le ba ba siameng ka teng  mme ke ipotsa gore go tlile jang gore ke katogele kgakala jaana.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Le fa ke ne ke akanya gore nka se tlhole ke fetoga, go ne go na le batho ba ba sa ntlhobogang. Ka ngwaga wa 2000, batsadi ba me ba ne ba ntaletsa go ya kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ya fela ke ikgoga. Ke ne ka gakgamala fa nkgonne le nnake ba le bone ba neng ba tsuologile ba le teng kwa kopanong.

Fa ke le kwa kopanong, ke ne ka gopola gore ke ne ke le mo go lone lefelo leo ngwaga pele ga foo ke tlile konsarateng ya mmino wa rock. Pharologanyo e ke neng ka e bona koo e ne ya nkama thata. Kwa konsarateng eo, patlelo e ne e tletse ka matlakala e bile e tletse mosi wa disekerete. Bontsi jwa batho ba ba neng ba ile konsarateng ba ne ba se botsalano e bile molaetsa wa mmino o ne o kgoba marapo. Mme kwa kopanong, go ne go na le batho ba ba itumetseng tota—batho ba ba neng ba nkamogela ka lorato, le fa ke feleleditse go ba bona dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Lefelo leo le ne le le phepa e bile molaetsa o o neng o neelwa koo e ne e le o o nayang tsholofelo. Fa ke bona kafa boammaaruri jwa Baebele bo neng bo nkgothatsa ka teng, ke ne ka ipotsa gore ke ka ntlha yang fa ke ile ka bo tlogela!—Isaia 48:17, 18.

“Baebele e ne ya nthusa go tlogela go dirisa le go rekisa diokobatsi le gore ke nne motho yo o nang le mosola mo setšhabeng”

Ka bonako morago ga kopano, ke ne ka swetsa ka gore ke boele mo phuthegong ya Bokeresete. Nkgonne le nnake le bone ba ne ba amiwa ke se ba se boneng le se ba se utlwileng kwa kopanong mme le bone ba swetsa ka gore ba boe. Ka boraro jwa rona re ne ra dumela go ithuta Baebele.

Temana ya Baebele e e neng ya nkama thata ke Jakobe 4:8, e e reng: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” Ke ne ka lemoga gore fa e le gore ke batla go atamalana le Modimo, ke tshwanetse go fetola botshelo jwa me. Nngwe ya diphetogo tse ke neng ke tshwanetse go di dira, e ne e le go tlogela go goga motsoko, go dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.—2 Bakorintha 7:1.

Ke ne ka kgaogana le ditsala tsa me tsa bogologolo mme ka dira tse disha mo gare ga baobamedi ba ga Jehofa. Mogolwane wa Mokeresete yo o neng a ithuta Baebele le nna o ne a nthusa thata. O ne a nteletsa mogala ka metlha e bile a nketela go tla go tlhola gore ke tsogile jang. Go fitlha gompieno, ke mongwe wa ditsala tsa me tse dikgolo.

Ka dikgakologo tsa 2001, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing mme nkgonne le nnake le bone ba ne ba dira jalo. Akanya fela gore batsadi ba me le morwarre yo mmotlana yo o neng a ikanyega ba ne ba itumela jang fa kgabagare lelapa la gaetsho le ne le obamela Jehofa le le seoposengwe.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Ke ne ke tlhola ke akanya gore melaometheo ya Baebele e gagametse thata mme gone jaanong ke e tsaya e le sengwe se se ntshireletsang. Baebele e ne ya nthusa go tlogela go dirisa le go rekisa diokobatsi le gore ke nne motho yo o nang le mosola mo setšhabeng.

Ke na le tshiamelo ya go nna mongwe wa baobamedi ba ga Jehofa ba lefatshe lotlhe. Batho bano ba ratana tota e bile ba direla Modimo ka kutlwano. (Johane 13:34, 35) Ke ne ka bona tshegofatso e kgethegileng mo gare ga baobamedi bao—mosadi wa me e bong Adrianne, yo ke mo ratang thata e bile ke mo anaanela. Re itumelela go direla Mmopi wa rona mmogo.

Go na le gore ke tshele botshelo jwa bopelotshetlha, gone jaanong ke ithaopile go nna moreri wa nako e e tletseng, ke ruta batho kafa le bone Lefoko la Modimo le ka ba solegelang molemo ka teng. Tiro eno e dirile gore ke itumele thata. Nka bua ke tlhatswegile pelo tota gore Baebele e fetotse botshelo jwa me. Kgabagare ke bone kgololesego ya mmatota.