Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ETSA TUMELO YA BONE | JOSEFA

“Tsweetswee Reetsang Toro Eno”

“Tsweetswee Reetsang Toro Eno”

JOSEFA o ne a leba kwa botlhaba ka kutlobotlhoko a eletsa e kete a ka thoba mo setlhopheng sa batho ba ba tsayang loeto mmogo. Sekgalanyana ka kwa ga dithota ke Heberone kwa gagabo. Mo maitseboeng ano, rraagwe e bong Jakobe o tla bo a itisitse a sa itse gore morwawe yo a mo ratang thata o diragaletswe ke eng. Mme Josefa o ne a ka se ye kwa go ene gone jaanong; lekawana leno le ne le sa itse gore a le tla tsamaya le bona rraalone gape. Bagwebi ba ne ba mo tsepile matlho fa ba ntse ba pateletsa dikamela tsa bone go tsena mo tselaneng e e senyegileng e e yang kwa borwa. E re ka jaanong ba rekile Josefa, ba ne ba ka se mo letle a ba tswa dinaleng. Ba ne ba tsaya mosimane yono a le botlhokwa fela jaaka morwalo wa bone o o tlhwatlhwakgolo wa boroku le maokwane a a nkgang monate—dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di neng di tla dira poelo kwa Egepeto e e kgakala.

Josefa o tshwanetse a bo a ne a ise a fete dingwaga di le 17. Akanya a tswetse matlho go se kae a lebile kwa loaping fa letsatsi le phirimela ntlheng ya Lewatle le Legolo, a akanya kafa botshelo jwa gagwe bo sulafetseng ka gone ka tshoganyetso. O ne a thatafalelwa ke go dumela gore bomorwarraagwe ba batlile ba mmolaya le gore ba mo rekisitse go nna lekgoba. Josefa a ka tswa a ile a tsholola dikeledi. O ne a sa itse gore isagwe e mo tshwaretse eng.

Josefa o ne a amogiwa kgololesego mme e seng tumelo

Go tlile jang gore Josefa a tsene mo mathateng ao? Gape re ka ithuta eng mo tumelong ya lekawana leno le le neng la sotliwa le go tlhokomologiwa ke ba lelapa la gaabo?

GO GOLELA MO MAEMONG A A THATA

Josefa o goletse mo lelapeng le legolo—mme le sa itumela e bile le se seoposengwe. Tsela e Baebele e tlhalosang lelapa la ga Jakobe ka yone e re bontsha ditlamorago tse di botlhoko tsa go nyala lefufa—mokgwa o o tlwaelegileng o Modimo a neng a letla batho ba gagwe go o dira go fitlha Morwawe a tsosolosa molao wa kwa tshimologong wa go nyala motho a le mongwe. (Mathaio 19:4-6) Jakobe o ne a na le bana ba ka nna 14 ba a ba tsholetsweng ke basadi ba banè—basadi ba gagwe ba babedi, Lea le Ragele, le malata a bone, Silepa le Bileha. Go tswa kwa tshimologong, Jakobe o ne a rata Ragele yo montle. O ne a sa rate Lea, mogoloe Ragele, yo a neng a tsieditswe gore a mo nyale. Basadi bano ba ne ba tswelela ba gaisana ka tsela e e botlhoko e bile lefufa leo le ne la fetela mo baneng.—Genesise 29:16-35; 30:1, 8, 19, 20; 37:35.

Ragele e ne e le moopa ka lobaka lo loleele mme fa a tshola Josefa, Jakobe o ne a tshwara morwa yono wa gagwe yo a mo tsholetsweng mo botsofeng ka tsela e  e kgethegileng. Ka sekai, fa lelapa le ne le ya go kopana le morwarraagwe Jakobe e bong Esau, yo a neng a batla go mmolaya, Jakobe o ne a dira gore Ragele le Josefa yo mmotlana ba nne kwa morago ga lelapa la gagwe lotlhe mo maemong a a sireletsegileng. Letsatsi leo le le tshosang le ile la ama Josefa fela thata. Akanya gore o ne a ikutlwa jang mo mosong oo, a gakgametse e bile a ipotsa gore goreng rraagwe yo o tsofetseng mme a sa ntse a nonofile a tlhotsa. O tshwanetse a bo a ile a gakgamadiwa ke go itse lebaka la seo: Mo bosigong jo bo fetileng, rraagwe o ne a sokasokana le moengele yo o maatla! Ka ntlha yang? Ka gonne Jakobe o ne a batla gore Jehofa Modimo a mo segofatse. Jakobe o ne a segofadiwa ka gore leina la gagwe le fetolwe go nna Iseraele. Setšhaba sotlhe se ne se tla bidiwa ka leina la gagwe! (Genesise 32:22-31) Fa nako e ntse e tsamaya, Josefa o ne a lemoga gore ditso tsa setšhaba seo di ne di tla tswa mo go bomorwa Iseraele!

Moragonyana, Josefa yo mmotlana o ne a lebana le masetlapelo fa ka tshoganyetso a swelwa ke motho yo a mo ratang. Mmaagwe o ne a tlhokafala fa a belega monnawe e bong Benjamine. Seno se ne sa hutsafatsa rraagwe fela thata. Akanya Jakobe a phimola Josefa dikeledi ka lorato a ntse a mo gomotsa ka tsholofelo e e gomoditseng rraagwemogolo e bong Aborahame. Josefa o tshwanetse a bo a ile a kgothadiwa ke go itse gore ka letsatsi lengwe Jehofa o tla tsosa mmaagwe! Gongwe lorato lo Josefa a neng a rata “Modimo . . . wa batshedi” le yo o pelotshweu ka lone, lo ne lwa gola. (Luke 20:38; Bahebera 11:17-19) Morago ga loso lwa mosadi wa gagwe, Jakobe o ne a nna a rata basimane bano ba babedi ba a ba tsholetsweng ke Ragele.—Genesise 35:18-20; 37:3; 44:27-29.

Bana ba bantsi ba ka senngwa ke go tshwarwa ka tsela eo e e kgethegileng; mme Josefa o ne a ithuta mo dinonofong tse dintsi tse di molemo tsa batsadi ba gagwe a bo a nna le tumelo e e nonofileng le bokgoni jwa go lemoga se se siameng le se se sa siamang. Fa a na le dingwaga di le 17, o ne a lemoga dilo tse diphoso tse bomogoloe ba neng ba di dira fa a ntse a disa le bangwe ba bone. A o ne a raelesega go nna a didimetse fela gore ba mo amogele? Le fa maemo e ka tswa e ne e le afe, o ne a dira se se siameng. O ne a begela rraagwe kgang eno. (Genesise 37:2) Gongwe bopelokgale jwa ga Josefa bo ne jwa tlhomamisetsa Jakobe gore morwawe yo o rategang o na le maikarabelo. Ruri seno ke sekao se se molemo se basha ba Bakeresete ba ka akanyang ka sone! Fa o raelesega go bipa boleo jo bo masisi jwa motho mongwe—gongwe mogoloo, monnao kgotsa tsala—go ka nna botlhale gore o etse Josefa mme o tlhomamise gore ba ba tshwanelegang go thusa modiraphoso, ba bolelelwa kgang eno.—Lefitiko 5:1.

Gape re ka ithuta sengwe mo botshelong jwa lelapa la gaabo Josefa. Le fa Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba sa nyale lefufa, bontsi jwa malapa a bone ke a motsadi wa bobedi le a bana ba lenyalo la bobedi. Rotlhe re ka ithuta mo lelapeng la ga Jakobe gore go se rate bana ka go lekana le go nna le tlhaolele go kgaoganya lelapa. Batsadi ba ba botlhale  ba malapa a motsadi wa bobedi, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlhomamisetsa bana ba bone le bana ba lenyalo la bobedi gore mongwe le mongwe wa bone o a ratwa le gore o na le bokgoni jo bo sa tshwaneng le jwa ba bangwe le gore le ene a ka dira gore go nne le boitumelo mo lelapeng.—Baroma 2:11.

LEFUFA LE A SIMOLOGA

Jakobe o ne a rata Josefa ka gonne a ikanyega e bile a siame

Jakobe a ka tswa a ile a tlotlomatsa Josefa ka gonne a nnile le bopelokgale jwa go emela se se siameng. O ne a direla morwawe seaparo se se kgethegileng. (Genesise 37:3) Go lebega se ne se bidiwa seaparo sa methalo kgotsa seaparo se se nang le mebala e mentsi mme ga go na bosupi jo bo kalo jwa seo. E ka tswa e ne e le seaparo se seleele sa maemo a a kwa godimo, gongwe se bipa mabogo le maoto. Seaparo seno se ka tswa se ne se aparwa ke motlotlegi kgotsa kgosana.

Go bonala Jakobe a ne a na le maitlhomo a a molemo, mme Josefa a ka tswa a ne a amilwe ke tsela e rraagwe a neng a mmontsha ka yone gore o a mo rata e bile o mo tseela kwa godimo. Mme gone, seaparo seo se ne se tla mmakela mathata a a seng kana ka sepe. Gakologelwa gore mosimane yono e ne e le modisa. Seo se raya gore o ne a dira tiro e e boima. Akanya mosha yono a apere seaparo seno se se tlotlegang a tsamaya mo bojannyeng jo boleele, a palama maje kgotsa a leka go falotsa kwana e e tshwerweng ke setlhatshana sa mitlwa. Se se maswe le go feta, tsela e e kgethegileng e Jakobe a neng a bontsha ka yone gore o amogela Josefa, e ne e tla ama kamano ya ga Josefa le bomorwarraagwe jang?

Baebele e araba jaana: “E rile bomorwarraagwe ba bona gore rraabone o ne a mo rata go feta bomorwarraagwe botlhe, ba simolola go mo tlhoa, mme ba ne ba sa kgone go bua le ene ka kagiso.” * (Genesise 37:4) Go ne go ka tswa go utlwala go bo bomorwarraagwe Josefa ba ne ba mo fufegela, mme ba ne ba sa tshwanela go nna le maikutlo ao a letlhoo. (Diane 14:30; 27:4) A o kile wa fufegela mongwe fa a newa tlhokomelo kgotsa maemo a o neng o a batla? Gakologelwa bomorwarraagwe Josefa. Lefufa la bone le ne la ba tlhotlheletsa go dira dilo tse ba neng ba tla di ikwatlhaela thata. Sekao sa bone se gakolola Bakeresete gore go molemo go ‘ipela le ba ba ipelang.’—Baroma 12:15.

Ga go pelaelo gore Josefa o ne a kgona go lemoga letlhoo la bomorwarraagwe. A o ne a fitlha seaparo sa gagwe se sentle fa bomorwarraagwe ba atamela? A ka tswa a ile a raelesega go dira jalo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Jakobe o ne a batla gore seaparo seo e nne sesupo sa gore o a mo rata e bile o a mo amogela. Josefa o ne a batla gore rraagwe a tswelele a mo tshepa, ka jalo o ne a ikanyega mme a apara seaparo seo. Re ka ithuta sengwe mo sekaong sa gagwe. Le fa gone Rraarona yo o kwa legodimong a sa tlhaole ope, ka dinako dingwe o bontsha gore o rata batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang e bile o  dira gore ba tlhomologe. Mo godimo ga moo, o batla gore ba farologane le lefatshe leno le le senyegileng e bile le se na boitsholo jo bo siameng. Fela jaaka seaparo se se kgethegileng sa ga Josefa, boitsholo jwa Bakeresete ba boammaaruri bo dira gore ba farologane le batho ba ba ba dikologileng. Boitsholo joo bo dira gore batho ba ba fufegele ba bo ba ba tlhoe. (1 Petere 4:4) A Mokeresete o tshwanetse go tshaba go itsiwe e le motlhanka wa Modimo? Nnyaa—Josefa le ene ga a ka a tshaba go apara seaparo sa gagwe.—Luke 11:33.

DITORO TSA GA JOSEFA

Go ise go ye kae, Josefa o ne a lora ditoro tse pedi tse di sa tlwaelegang. Mo torong ya ntlha, o ne a bona ene le bomorwarraagwe ba bofa dingata tsa korong. Le fa go ntse jalo, dingata tsa bomorwarraagwe di ne tsa dikologa ngata ya gagwe di bo di e ikobela fa yone e ntse e eme. Mo torong ya bobedi, letsatsi, ngwedi le dinaledi di le 11 di ne tsa ikobela Josefa. (Genesise 37:6, 7, 9) Josefa o ne a tla dirang ka ditoro tseno tse di sa tlwaelegang e bile di sa lebalege?

Ditoro tseno di ne di tswa kwa go Jehofa Modimo. E ne e le tsa boporofeti e bile Modimo o ne a batla gore Josefa a tlhalose molaetsa wa tsone. Ka tsela nngwe, Josefa o ne a tla tloga a dira se baporofeti botlhe ba neng ba tla se dira fa ba bolelela batho ba Modimo ba ba seng kutlo melaetsa le dikatlholo tsa gagwe.

Ka botlhale Josefa o ne a raya bomorwarraagwe a re: “Tsweetswee, reetsang toro eno.” Bomorwarraagwe ba ne ba tlhaloganya toro mme ga ba a ka ba e rata. Ba ne ba araba jaana: “A ruri o tlile go nna kgosi ya rona? kgotsa, A ruri o tlile go re laola?” Pego e tswelela ka go re: “Ka jalo ba bona lebaka le lesha la go mo tlhoa ka ntlha ya ditoro tsa gagwe le ka ntlha ya mafoko a gagwe.” Fa Josefa a bolelela rraagwe le bomorwarraagwe toro ya bobedi, ba ne ba dira se se tshwanang. Re bala jaana: “Rraagwe a . . . mo kgalema a mo raya a re: ‘Toro eno e o e lorileng e kayang? A ruri nna le mmago le bomorwarrago re tlile go tla re bo re go ikobela fa fatshe?’” Le fa go ntse jalo, Jakobe o ne a nna a akanya ka kgang eno. A Jehofa a ka tswa a ne a bua le mosimane yono?—Genesise 37:6, 8, 10, 11.

Josefa e ne e se ene fela motlhanka wa ga Jehofa yo o neng a laelwa gore a bolele melaetsa ya boporofeti e e sa rategeng e e neng e dira gore a bogisiwe. Jesu o ne a tlhomologile thata mo go bone e bile o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Johane 15:20) Bakeresete ba dingwaga tsotlhe ba ka ithuta go le gontsi ka tumelo le bopelokgale jwa ga Josefa yo mmotlana.

LETLHOO LE A GOLA

Go ise go ye kae, Jakobe o ne a laela Josefa yo o mmotlana gore a tseye loeto. Bomorwa Jakobe ba bagolwane ba ne ba disa matsomane kwa bokone gaufi le Shekema, kwa ba neng ba sa tswa go itirela baba gone. Jakobe o ne a tshwenyegile ka bomorwawe, ka jalo a romela Josefa gore a ye go ba tlhola. O akanya gore Josefa o ne a ikutlwa jang? O ne a itse gore bomorwarraagwe ba ne ba mo tlhoile thata! Ba ne ba tla ikutlwa jang fa a tla mo go bone e le mmueledi wa rraabone? Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a nna kutlo mme a tsamaya.—Genesise 34:25-30; 37:12-14.

E ne e le loeto lo loleele—gongwe lo ka go tsaya malatsi a le manè kgotsa a le matlhano fa o tsamaya ka maoto. Shekema e ne e le dikilometara di ka nna 80 go ya kwa bokone jwa Heberone. Mme fa Josefa a le kwa Shekema, o ne a lemoga gore bomorwarraagwe ba ne ba ile kwa Dothane e e dikilometara di le 22 go ya kwa bokone. Kgabagare fa Josefa a atamela Dothane, bomorwarraagwe ba ne ba mmona a le kgakajana. Ka yone nako eo letlhoo la bone le ne la gola. Pego ya re: “Ba raana ba re: ‘Bonang! O a tla molori yole. Mme jaanong tlang re mmolayeng mme re mo latlheleng mo teng ga nngwe ya dipetse tsa metsi; mme re tla re o komeditswe ke sebatana se se bogale sa naga. Mme a re boneng gore go tla diragalang ka ditoro tsa gagwe.’” Le fa go ntse jalo, Rubene o ne a raya bomorwarraagwe a re ba latlhele Josefa mo petseng a tshela, a solofetse gore o ne a tla boa moragonyana mme a mo falotse.—Genesise 37:19-22.

Josefa o ne a ba atamela a sa belaele sepe, a solofetse gore ba tla bua ka kagiso. Go na le moo, bomorwarraagwe ba ne ba mo tlhasela! Ba ne ba dirisa dikgoka go mo apola seaparo sa gagwe se se kgethegileng, ba mo gogagogela kwa petseng e e se nang metsi ba bo ba mo latlhela mo go yone. Josefa a wa ka mpa ya sebete! Fa a itharabologelwa, o ne a leka go tswa mme a palelwa. Fa a ntse a lebile lesedinyana le le tswang kwa loaping o utlwa mantswe a bomorwarraagwe kgakajana. O ne a goela kwa go bone a kopa thuso mme ba mo itlhokomolosa fela. Ba ne ba  ja gaufi le petse ba sa kgathale. Fa Rubene a sena go tsamaya ba ne ba akanya gape ka go bolaya mosimane, mme Juda a akantsha gore ba mo rekisetse bagwebi ba ba neng ba feta moo. Dothane e ne e le gaufi le tsela e e yang Egepeto e e dirisiwang ke bagwebi mme setlhopha sa batho ba ba tsayang loeto mmogo sa Baishemaele le Bamidiana se ne se sa tswa go goroga. Ba ne ba mo rekisa pele Rubene a boa. Ba rekisitse morwarraabone go nna lekgoba ka dishekele di le 20. *Genesise 37:23-28; 42:21.

Josefa o ne a emela se se siameng, mme bomorwarraagwe bone ba ne ba mo tlhoile

Jaanong a re boele kwa tshimologong. Fa Josefa a lebile kwa borwa mo tseleng e e yang Egepeto, go ne go lebega a latlhegetswe ke sengwe le sengwe. O ne a kgaogantswe le lelapa la gaabo! Ka dingwagangwaga o ne a ka se utlwalele sepe ka lone—gore Rubene o ne a tlalelwa jang fa a fitlhela Josefa a seyo; gore Jakobe o ne a hutsafala jang fa a sena go akediwa gore Josefa yo a mo ratang o tlhokafetse; gore rraagwemogolo e bong Isake yo a neng a sa ntse a tshela o tsoga jang; e bile o ne a ka se utlwalele sepe ka morwarragwe yo mmotlana e bong Benjamine, yo a neng a tla mo tlhologelelwa. A mme Josefa o ne a latlhegetswe ke sengwe le sengwe?—Genesise 37:29-35.

Josefa o ne a sa ntse a na le sengwe se bomorwarraagwe ba neng ba ka se mo tseele sone: tumelo. O ne a itse dilo di le dintsi ka Modimo wa gagwe e bong Jehofa mme go ne go se sepe se se neng se ka mo tseela kitso eo—go kgaoganngwa le lelapa la gaabo, go tshwarwa makgwakgwa fa ba le mo tseleng e e yang Egepeto, le go tlontlololwa ka go rekisiwa go nna lekgoba la Moegepeto yo o humileng e bong Potifaro. (Genesise 37:36) Mathata ao a ne a nonotsha tumelo ya ga Josefa a bo a dira gore a ikemisetse le go feta go atamalana le Modimo wa gagwe. Mo ditlhogong tse di tla tlang, re tla bona gore tumelo eo e ne ya thusa Josefa jang gore a dirisiwe ke Modimo wa gagwe, Jehofa, le gore a thuse lelapa la gaabo le le neng le le mo mathateng. Ruri go molemo gore re etse tumelo ya ga Josefa!

^ ser. 15 Babatlisisi bangwe ba re bomorwarraagwe Josefa ba ka tswa ba ne ba akanya gore mpho e Josefa a e filweng ke rraabone e ne le sesupo sa gore o batla go mo naya tshwanelo ya botsalwapele. Ba ne ba itse gore Josefa e ne e le morwa wa mosadi yo Jakobe a neng a mo rata thata—yo a neng a batla go mo nyala kwa tshimologong. Mo godimo ga moo, leitibolo la ga Jakobe e bong Rubene o ne a lala le mogadingwana wa ga rraagwe, ka go dira jalo a tlontlolola rraagwe mme a latlha tshwanelo ya gagwe ya go nna motsalwapele.—Genesise 35:22; 49:3, 4.

^ ser. 25 Tota le mo kgannyeng eno e e sa reng sepe, pego ya Baebele e nepile. Ditlankana tsa mo motlheng oo di bontsha gore makgoba a ne a rekisiwa ka dishekele di le 20 kwa Egepeto.