Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | MODIMO O LEBA NTWA JANG?

Kafa Modimo a Neng a Leba Ntwa ka Gone ka Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

Kafa Modimo a Neng a Leba Ntwa ka Gone ka Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

Batho ba ne ba gatelelwa. Fela jaaka bagologolwane ba bone, Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba rapela Modimo gore a ba thuse, mme mo lekgetlhong leno, ba batla gore a ba golole mo Mmusomogolong o o neng o ba gatelela wa Roma. Mme ba ne ba utlwela ka Jesu. A o ne a tla itshupa e le Mesia yo go boleletsweng pele ka ene? Ga go pelaelo gore bangwe ba ne ba “solofetse gore monna yono e ne e le yo o neng a laoletswe go golola Iseraele” mo kgatelelong ya Baroma. (Luke 24:21) Mme ga ba a ka ba bona thuso. Go na le moo, ka 70 C.E., masole a Baroma a ne a tla mme a fedisa Jerusalema le tempele ya yone.

Go diragetseng? Goreng Modimo a sa lwela Bajuda jaaka a ile a dira bogologolo? Kgotsa goreng a sa ba letla go tsenela ntwa gore ba kgone go ikgolola mo kgatelelong? A tsela e Modimo a neng a leba ntwa ka yone e ne e fetogile? Nnyaa. Mme go na le sengwe se se neng se fetogile ka Bajuda. Ba ne ba ganne Morwa wa Modimo e bong Jesu jaaka Mesia. (Ditiro 2:36) Ka jalo, setšhaba seno se ne sa latlhegelwa ke kamano e e molemo le Modimo.—Mathaio 23:37, 38.

Bajuda le Lefatshe la bone le le Solofeditsweng ba ne ba sa tlhole ba sireleditswe ke Modimo, e bile o ne a ka se ba reetse fa ba mo kopa go ya go lwa kgotsa gore a ba tshegetse fa ba lwa. Jaaka Jesu a ne a boleletse pele, ditshegofatso tsa setšhaba sa Iseraele tsa go amogelwa ke Modimo, di ne tsa newa setšhaba se sesha, e leng setšhaba sa semoya, se moragonyana se neng sa bidiwa “Iseraele wa Modimo” mo Baebeleng. (Bagalatia 6:16; Mathaio 21:43) Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne ya itshupa e le Iseraele wa semoya wa Modimo. Ba ne ba bolelelwa jaana ka lekgolo la ntlha la dingwaga: “Jaanong lo setšhaba sa Modimo.”—1 Petere 2:9, 10.

E re ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le “setšhaba sa Modimo,” a Modimo o ne a ba lwela gore a ba golole mo kgatelelong ya Baroma? Kgotsa a o ne a ba laela go lwa le batho ba ba neng ba ba gatelela? Nnyaa ga a ka a dira jalo. Goreng? Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, Modimo ke ene fela yo o buang gore ntwa e a e tshegetsang e tla lowa leng. Modimo ga a ka a lwela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e bile ga a ka a ba laela gore tsenele dintwa. Go a bonala gore ka lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e ise e nne nako ya gore Modimo a fedise bosula le kgatelelo.

Fela jaaka batlhanka ba Modimo ba bogologolo, Bakeresete ba ba neng ba tshela ka lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshwanetse go leta go fitlha nako ya Modimo ya gore a fedise bosula le kgatelelo e goroga. Mme fa ba ntse ba letile, Modimo ga a ka a ba laela gore ba lwe le baba ba bone. Jesu Keresete o ne a tlhalosa seno sentle mo dithutong tsa gagwe. Ka sekai, ga a ka a bolelela balatedi ba gagwe gore ba tsenele ntwa, mme o ne a ba raya a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang.” (Mathaio 5:44) Fa Jesu a bolelelapele gore Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga o tla tlhaselwa ke masole a Roma, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba lwa mme ba tshabe, e leng se ba neng ba se dira.—Luke 21:20, 21.

Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a tlhotlhelediwa ke Modimo: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, . . . gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela,’ go bua Jehofa.” (Baroma 12:19) Paulo o ne a bua se Modimo a neng a se bua dingwaga di le dintsi tse di fetileng, jaaka go kwadilwe mo go Lefitiko 19:18 le Duteronome 32:35. Jaaka re bone mo setlhogo se se fetileng, tsela e le nngwe e Modimo a neng a busolosetsa batho ba gagwe ba bogologolo ka yone, e ne e le ka go ba thusa go lwa le baba ba bone. Mafoko a ga Paulo a bontsha gore tsela e Modimo a neng a leba ntwa ka yone e ne ise e fetoge. Le ka lekgolo la ntlha la dingwaga, Modimo o ne a leba ntwa e le yone fela tsela ya go golola batlhanka ba gagwe le go fedisa mefuta e e farologaneng ya kgatelelo le bosula. Fela jaaka go ne ga direga bogologolo, Modimo ke ene yo o neng a bua gore ntwa eo e tla lowa leng le gore ke bomang ba ba neng ba tla lwa.

Go a bonala gore Modimo o ne a sa laela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga go lwa. Mme go tweng ka gompieno? A Modimo o laetse setlhopha sengwe sa batho go tsenela ntwa? Kgotsa a ke nako ya gore Modimo a tseye kgato mme a lwele batlhanka ba gagwe? Tota Modimo o leba ntwa jang gompieno? Setlhogo sa bofelo mo motseletseleng ono se tla araba dipotso tseo.