Isaia 38:1-22

  • Hesekia o a lwala a bo a fola (1-22)

    • Pina ya go leboga (10-20)

38  Mo metlheng eo, Hesekia o ne a lwala mo a neng a le gaufi le go swa.+ Moporofeti Isaia+ morwa Amosi o ne a tla mme a mo raya a re, “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Naya ba lelapa la gago* ditaelo, ka gonne o tlile go swa; ga o kitla o fola.’”+  Foo Hesekia o ne a lebisa sefatlhego sa gagwe kwa loboteng mme a rapela Jehofa a re:  “Ke a go kopa tlhe Jehofa, tsweetswee gakologelwa+ gore ke ne ka tsamaya mo ditseleng tsa gago ka boikanyegi le ka pelo e e feletseng,+ e bile ke ne ka dira se se molemo mo matlhong a gago.” Mme Hesekia o ne a lela fela thata.  Foo Jehofa o ne a raya Isaia a re:  “Boela morago mme o reye Hesekia+ o re, ‘Seno ke se Jehofa, Modimo wa ga Dafide rragomogolo a se buang: “Ke utlwile thapelo ya gago.+ Ke bone dikeledi tsa gago.+ Jaanong ke tla oketsa botshelo* jwa gago ka dingwaga di le 15,+  mme ke tla golola wena le motse ono mo seatleng sa kgosi ya Asiria, mme ke tla femela motse ono.+  Seno ke sesupo se se tswang kwa go Jehofa se se tla go bontshang gore Jehofa o tla diragatsa se a se buileng:+  Bona, ke tla dira gore moriti o o ileng kwa pele mo ditepising* tsa ga Ahase o boele kwa morago ditepisi di le lesome.”’”+ Ka jalo, moriti o o neng o setse o fologetse kwa tlase, o ne wa boela morago ditepisi di le lesome.  Lekwalo* le Kgosi Hesekia wa Juda a neng a le kwala fa a sena go fola. 10  Ke ne ka re: “Ke tla tsena ka dikgoro tsa Lebitla,*Ke ise ke tsofale. Ke tla amogiwa dingwaga tsa me tse di setseng.” 11  Ke ne ka re: “Ga nkitla ke bona Jah,* ga nkitla ke bona Jah mo lefatsheng la batshedi.+ Ga nkitla ke tlhola ke bona bathoFa ke na le banni ba lefelo le kwa go lone sengwe le sengwe se khutlang. 12  Lefelo le ke nnang mo go lone le kumotswe e bile le tlositswe mo go nna+Jaaka tente ya modisa. Ke menne botshelo jwa me jaaka mologi a mena letsela;Modimo o nkgaola jaaka mologi a kgaola letsela a le ntsha mo selogelong. Go tloga motshegare go fitlha bosigo, o nna a leka go mphedisa.+ 13  Ke leka go nna ke ritibetse go fitlha mo mosong. O nna a robaganya marapo a me otlhe, fela jaaka tau;Go tloga motshegare go fitlha bosigo, o nna a leka go mphedisa.+ 14  Ke nna ke tswirinya jaaka peolwane kgotsa moritinkole;+Ke nna ke kuruetsa jaaka leeba.+ Matlho a me a leba kwa godimo a lapile:+ ‘Ao tlhe Jehofa, ke mo matshwenyegong a magolo;Nkeme nôkeng.’*+ 15  Ke tla reng? O buile le nna a bo a nthusa. Ke tla tsamaya ka boikokobetso* botshelo jotlhe jwa meKa ntlha ya matshwenyego a a botlhoko a ke leng mo go one. 16  ‘Wena Jehofa, mongwe le mongwe o tshela ka dilo tseno,*E bile maatla a me a botshelo a mo go tsone. O tla mphodisa o bo o mpoloka ke tshela.+ 17  Mo boemong jwa kagiso, ke ne ka nna mo khutsafalong e kgolo;Mme e re ka o nthata,O ne wa nketsha* mo khuting ya tshenyego.+ O latlhetse maleo a me otlhe kwa morago ga gago.*+ 18  Gonne Lebitla* ga le ka ke la go galaletsa,+Loso ga lo ka ke lwa go baka.+ Ba ba fologelang kwa khuting ga ba kitla ba tlhola ba bona ditiro tse o di dirang ka boikanyegi.+ 19  Batshedi ke bone fela ba ba kgonang go go baka,Fela jaaka ke kgona go dira jalo mo letsatsing leno. Rre a ka kgona go ruta bomorwawe ka boikanyegi jwa gago.+ 20  Ao tlhe Jehofa, mpoloke,Mme re tla letsa dipina tsa me ka diletswa tsa megala+Malatsi otlhe a botshelo jwa rona kwa ntlong ya ga Jehofa.’”+ 21  Go tswa foo, Isaia o ne a re: “Tlisang kuku ya difeige tse di kgobilweng tse di omisitsweng mme lo e tshase mo godimo ga lethopa,* gore a tle a fole.”+ 22  Hesekia o ne a boditse a re: “Sesupo sa gore ke tla ya kwa ntlong ya ga Jehofa ke sefe?”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ntlo ya gago ya segosi.”
Seheb., “malatsi.”
Gongwe ditepisi tseno di ne di dirisediwa go bala nako, ka go leba gore moriti o fa kae.
Kgotsa “Tlhamo.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
“Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa.
Seheb., “Nna moemedi wa me.”
Kgotsa “ka bomasisi.”
Go tewa mafoko a Modimo le ditiro tsa gagwe.
Kgotsa “O ne wa tlosa maleo a me otlhe fa pele ga gago.”
Kgotsa “nkentsha.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “sekaku; tlhagala.”