Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Satane

Satane

A tota Satane o teng?

“Noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, [o tsietsa] lefatshe lotlhe le le nang le banni.”—Tshenolo 12:9.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho bangwe ba dumela gore Satane Diabolo ga se motho wa mmatota mme ke tshekamelo e e bosula e mongwe le mongwe a nang le yone.

SE BAEBELE E SE BUANG

Satane ke motho wa mmatota. Ke moengele wa motsuolodi, sebopiwa sa moya se se ganetsang Modimo. Baebele ya re Satane ke “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31) O dirisa “ditshupo tsa maaka” le “tsietso” go fitlhelela maikaelelo a gagwe.—2 Bathesalonika 2:9, 10.

Mo Baebeleng go na le pego ya puisano e Satane a neng a nna le yone le Modimo. Fa Satane a ka bo a tshwantshetsa tshekamelo fela e e bosula e mongwe le mongwe a nang le yone, go ne go ka direga jang gore Modimo, yo o itekanetseng e bile a thokgame, a bue le karolo nngwe e bosula e e mo teng ga gagwe? (Duteronome 32:4; Jobe 2:1-6) Go bonala sentle gore Satane ke motho wa mmatota, ga se bosula fela jo bo mo teng ga motho.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

Mabaka a go bo Satane a batla gore o dumele gore ga se motho wa mmatota a tshwana le a sekebekwa se se dirang gore go se ka ga itsewe gore ke mang, e le gore se kgone go tswelela se tlola molao se sa tshwarwe. E le gore o itshireletse mo go Satane, sa ntlha o tshwanetse go dumela gore o teng.

 Satane o nna kae?

“A bo go latlhega lefatshe . . . ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona.”—Tshenolo 12:12.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba dumela gore Satane o nna ka fa tlase ga lefatshe kwa diheleng tse di tukang molelo. Ba bangwe bone ba dumela gore o mo teng ga batho ba ba bosula.

SE BAEBELE E SE BUANG

Satane ke sebopiwa sa moya, ka jalo o nna mo lefelong la ditshedi tse di sa bonaleng tsa moya. Satane o ne a letlelelwa ka lobaka lo lo rileng go tsamayatsamaya kwa Modimo le baengele ba ba ikanyegang ba nnang teng. (Jobe 1:6) Le fa go ntse jalo, gone jaanong o lelekilwe kwa Modimo a nnang teng mme ene le dibopiwa tse dingwe tsa moya tse di boikepo ba kganeletswe mo lefatsheng.—Tshenolo 12:12.

A seo se raya gore Satane o nna mo lefelong le le rileng fela mo lefatsheng? Ka sekai, o ka tswa o ile wa bala gore go ne ga twe motse wa bogologolo wa Peregamo ke “kwa Satane a nnang gone.” (Tshenolo 2:13) Tota polelwana eno e ne e kaya gore kobamelo ya ga Satane e ne e aname thata koo. Satane ga a nne mo lefelong lengwe le le rileng mo lefatsheng. Go na le moo, Baebele ya re “magosi otlhe a lefatshe le le nang le banni” ke a gagwe.—Luke 4:5, 6.

A Satane o kgona go utlwisa batho botlhoko kgotsa go ba laola?

“Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

SE BAEBELE E SE BUANG

Bontsi jwa batho ba ineetse mo tlhotlheletsong ya ga Satane e e tsietsang mme ka jalo o a ba laola. (2 Bakorintha 11:14) Ntlha eno e bontsha lebaka la go bo batho ba ntse ba palelwa ke go tokafatsa maemo a lefatshe.

Gape Baebele e bua ka maemo mangwe a a maswe a mo go one Satane kgotsa baengele ba bangwe ba batsuolodi ba ileng ba laola batho mme ba ba gobatsa.—Mathaio 12:22; 17:15-18; Mareko 5:2-5.

SE O KA SE DIRANG

Ga o tlhoke go boifa maatla a ga Satane. Fa o batla gore o se ka wa tlhotlhelediwa kgotsa wa laolwa ke Satane, o tshwanetse go ithuta tsela e a tlhotlheletsang batho ka yone gore ‘o nne le kitso ka maano a gagwe.’ (2 Bakorintha 2:11) Go bala Baebele go ka go thusa gore o nne le kitso ya botlhokwa ka maano a ga Satane mme ka go dira jalo wa tila go tlhotlhelediwa ke ene.

Latlha sengwe le sengwe se se amanang le bodimona. (Ditiro 19:19) Seo se akaretsa dipheko, dikgatiso, dibidio, mmino le mananeo a khomputara a a rotloeletsang tirisabadimo le go laola ka bola.

Baebele ya re: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.” (Jakobe 4:7) O ka itshireletsa mo maanong a a boikepo a ga Satane ka go ikobela kgakololo e e mosola ya Baebele.—Baefeso 6:11-18.