Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Laolang ka Gone Tsela e o Dirisang Madi ka Yone

Kafa o ka Laolang ka Gone Tsela e o Dirisang Madi ka Yone

Mo godimo ga kgatelelo e re lebanang le yone ya babapatsi, maikutlo a rona le mekgwa ya rona le yone e ka dira gore re dirise madi botlhaswa. Dikakantsho tse thataro tse di latelang di ka go thusa go laola tsela e o dirisang madi ka yone.

  1. Tila go reka ka go phamoga fela. A go tsamaya mo mabenkeleng le go fitlhela dilo e le sesolo go dira gore o itumele thata? Fa go le jalo o ka tswa o na le mokgwa wa go reka o phamoga fela. O ka tila mokgwa ono ka go akanya sentle ka ditlamorago tsa go reka se o ikaeletseng go se reka le gore o tla se tlhokomela jang. Ema go se nene mme o akanye ka dilo tse o kileng wa di reka ka go phamoga mme moragonyana o bo o ikwatlhaya. Iphe nako ya go akanya pele o dira tshwetso ya bofelo.

  2. Tila go ikgomotsa ka go reka. Go reka go ka go itumedisa ka nakwana fa o go dira ka gonne mowa wa gago o le kwa tlase. Mme fa o wa mowa gape, o ka ikutlwa o tlhotlheletsega thata gore o senke boitumelo ka go reka. Mo boemong jwa go reka ka go bo o batla go ikgomotsa fela, batla ditsala tse di ka go gomotsang kgotsa o dire ditiro dingwe tse di jaaka go iphutholola maoto.

  3.   O se ka wa itlosa bodutu ka go reka. Dimmolo tsa maemo a a kwa godimo di dirile gore go reka e nne mokgwa wa go itlosa bodutu. Le fa o ka ya mmolong kgotsa wa fenyenkolola Internet e le go itlosa bodutu fela, bontsi jwa dilo tse o tla di bonang di diretswe go go tlhotlheletsa gore o di reke. Ya mabenkeleng fela fa go na le sengwe se o ikaeletseng go se reka, mme o reke selo seo fela.

  4. Tlhopha ditsala tsa gago sentle. Tsela e ditsala tsa gago di tshelang ka yone le se di buang ka sone se ka tlhotlheletsa se o se eletsang. Fa e le gore o reka thata fela ka gonne o batla go tshwana le ditsala tsa gago, tlhopha ditsala tse di sa tseyeng madi le dilo tse di bonalang e le dilo tsa botlhokwa thata.

  5. Dirisa dikarata tsa sekoloto ka botlhale. Dikarata tsa sekoloto di dira gore o kgone go reka mme o sa akanye sepe ka ditlamorago tsa gone. Leka go duela madi otlhe a o a kolotang mo karateng kgwedi le kgwedi. Batlisisa gore merokotso le dituelo tsa karata ya gago ya sekoloto di tsamaya jang mme o e bapise le mefuta ya dikarata tse dingwe tsa sekoloto go bona gore ke dife tse o ka kgonang go di duelela. Itise mo dikarateng tsa maemo a a kwa godimo (premium cards) tse di ka go letlang go dira sekoloto se segolo mme di na le melemo e o sa e tlhokeng. Mo boemong jwa go reka dilo tse di jang madi a mantsi ka sekoloto, boloka madi gore o kgone go di duelela ka nako e o di rekang ka yone.

  6. Itse maemo a gago a tsa madi. Go ka nna motlhofo go dirisa madi botlhaswa fa o sa tlhomamisega gore o na le bokae. Boloka direkoto tse di mo nakong mme o itse gore madi otlhe a gago ke bokae. Dira thulaganyo ya kgwedi le kgwedi e o ka e latelang ya go dirisa madi e e dirilweng go ya ka lotseno lwa gago le ditshenyegelo tsa mo nakong e e fetileng. Dira lenaane la kafa o dirisang madi ka teng mme o le bapise le thulaganyo ya gago. Kopa tsala e o e ikanyang gore e go thusa go tlhaloganya dikgang tsa madi tse o sa di tlhaloganyeng.