Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BATHO LE DINAGA

Go Etela Panama

Go Etela Panama

GONGWE Panama e itsege thata ka mosele wa yone o o golaganyang lewatle la Atlantic le la Pacific. Mme e re ka Panama e golaganya Amerika Bokone le Amerika Borwa, gape e golaganya batho. Go nna batho ba ditso tse di farologaneng koo. Bontsi jwa batho ba koo ba na le bagologolwane ba ba tswang mo nageng eno le ba ba tswang kwa Yuropa.

A O NE O ITSE? Segwagwa sa kwa Panama sa mmala wa gouta (Atelopus zeteki) se tsholetsa leoto la sone la kwa pele go ngoka digwagwa tsa bong bo sele le go tshosa baba ba sone

Fa babatlisisi ba Ba-Spain ba ne ba goroga kwa Panama ka 1501, ba ne ba fitlhela ditšhaba tse dintsi tse di tlholegang koo, mme dingwe tsa tsone di sa ntse di le gone le gompieno. Sengwe sa tsone ke sa Ba-Guna (ba pele ba neng ba bidiwa Ba-Kuna). Bontsi jwa Ba-Guna ba nna mo karolong e go nnang batho ba naga eno mo go yone ya Ditlhaketlhake Tsa San Blas le mo Lotshitshing  Lwa Caribbean gaufi le molelwane wa Panama le Colombia. Batho bano ba a tsoma, ba tshwara ditlhapi ba dirisa mekoro e e gabilweng e bile ba itemela dijo.

Mo setšhabeng sa Ba-Guna, fa monna a nyala o ya go nna le ba bogogwadi a bo a ba berekela. Moragonyana fa mosadi wa gagwe a ka tshola ngwana wa mosetsana, monna yono le ba lelapa la gagwe ba tla kgona go fuduga kwa gaabo mosadi mme ba bo ba ikagela motse.

Go na le diphuthego di ka nna 300 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Panama. Kwantle ga Se-Spain, dipokano di tshwarwa ka Se-China, Seesemane, Se-Gujarati, Se-Guna, Se-Creole sa kwa Haiti, Se-Ngabere le Puo ya Diatla ya kwa Panama.