Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A LE TLHAMILWE?

Lefuka la Leruarua la Humpback

Lefuka la Leruarua la Humpback

LERUARUA le le godileng la Humpback le legolo e bile le bokete go feta bese. Le fa go ntse jalo, seamusi seno se segolo thata se majato ka tsela e e gakgamatsang fa se thabuela mo metsing le fa se retologa. Go tla jang gore leruarua la humpback le nne majato jaana? Sengwe sa dilo tse di le thusang ke dithurusa tse di mo diphukeng tsa lone.

Ela tlhoko: Bontsi jwa maruarua le diamusi tse dingwe tsa mo metsing di na le diphuka tse di borethe mo dintlheng tse di kwa pele. Mme leruarua la humpback lone ga le a nna jalo. Le na le dithurusa tse dikgolo ka tsela e e sa tlwaelegang (tse di bidiwang di-turbercle) mo dintlheng tse di kwa pele tsa diphuka tsa lone. Fa humpback e ntse e thuma, metsi a elela mo godimo ga dithurusa tseno a bo a kgaogana a dira dilo tse e keteng ke didiko tse dintsintsi tsa metsi. Dithurusa tseno di laola go elela ga metsi di bo di dira gore a fuduege. Go fuduega gono ga metsi go dira gore leruarua le nne le maatla a go ya kwa godimo a a dirang gore le kgone go tsholeletsa diphuka tsa lone kwa godimo le sa kgaotse go thuma. Gape dithurusa tseno di thusa gore fa leruarua le ya kwa godimo le se ka la imelwa ke metsi—selo se se le solegelang molemo thata e re ka le na le diphuka tse ditelele tse lengwe le lengwe la tsone le lekanang le mo e ka nnang nngwetharong ya boleele jwa mmele wa lone.

Babatlisisi ba dirisa mokgwa ono go tlhama dilaolasekepe tse di botoka, dienjene tse di fetlhang metsi go dira maatla, mafetlho (di-windmill) le ditshipi tse di dikologang go fofisa helikopotara.

O akanya eng? A lefuka la leruarua la humpback le nnile gone ka bolone fela? A kgotsa le tlhamilwe?