Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Baebele ya Reng . . . 

A Dinaledi di Ama Botshelo Jwa Gago?

A Dinaledi di Ama Botshelo Jwa Gago?

A o a nthata?

A ke tseye loeto gompieno?

A ke tla bona tiro ele?

GO ARABA dipotso tse di jaaka tse di fa godimo, batho ba le bantsi ba dirisa tepodinaledi. * Mme gone, a tota dinaledi di tlhotlheletsa botshelo jwa gago? A di ka go thusa go itse ka isagwe kana ka botho jwa gago? Baebele ya reng?

A Dinaledi di ka Tlhotlheletsa Isagwe ya Rona?

Batho bangwe ba dumela gore re ka se tile dilo tse di tshwanetseng go re diragalela mo isagweng. Ba re go setse go dirilwe tshwetso ka isagwe ya rona le gore dinaledi di ka re e senolela. Mme Baebele e bua se se farologaneng. E re bolelela gore Modimo o letlile batho go itlhophela, se se kayang gore ba ka kgona go laola se se ba diragalelang go ya bokgakaleng jo bo rileng. Ka sekai, o ne a raya Baiseraele a re: “Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago.”—Duteronome 30:19.

Ka mafoko ao, Jehofa Modimo o ne a bontsha batho ba gagwe gore ba ne ba ka kgona go laola isagwe ya bone. Fa ba ne ba ka ikobela ditaelo tsa gagwe, ba ne ba tla segofadiwa.  Fa ba ne ba sa di ikobele ba ne ba tla itlisetsa masetlapelo.

Akanya: Fa e le gore isagwe ya Moiseraele mongwe le mongwe e ne e setse e ka bonwa mo dinaleding, a go ne go ka utlwala gore Modimo a ba rotloetse go tlhopha botshelo? A go ne go tla bo go siame gore Modimo a ba bone molato ka ditiro tse ba neng ba ka se kgone go di laola?

Se Baebele e re rutang sone fano se utlwala sentle: Tsela e re tshelang ka yone e ikaegile ka ditshwetso tse re di dirang—e seng ka dinaledi.—Bagalatia 6:7.

A Dinaledi di ka Tlhotlheletsa Botho Jwa Rona?

Balepadinaledi ba le bantsi ga ba tshegetse kgang ya gore botshelo jwa batho bo setse bo laoletswe pele. Mongwe wa bone a re: “Re laola se se tla re diragalelang mo isagweng,” mme o oketsa jaana: “Kafa letlhakoreng le lengwe, nako e re tshotsweng ka yone e tlhotlheletsa tsela e botho jwa rona bo leng ka yone.” Batho ba le bantsi ba dumalana le seo. Ba akanya gore e re ka dinaledi le dipolanete di na le tlhotlheletso mo lefatsheng la rona [e e jaaka maatla a kgogedi], ke eng fa di ka se nne le tlhotlheletso ya masaitseweng? Baebele ya reng?

Baebele ga se buka ya saense e e re tlhalosetsang sengwe le sengwe ka mmele wa motho le ka lobopo. Le fa go ntse jalo, e re tlhalosetsa boikaelelo jwa ga Jehofa fa a ne a bopa dinaledi le dipolanete. Genesise 1:14, 15 e bolela jaana: “Modimo o ne a re: ‘Ke laela gore go nne masedi mo loaping go farologanya motshegare le bosigo le go nna sesupo sa dipaka . . . ke laela gore a phatshime mo lefatsheng.’”—Contemporary English Version.

Akanya: A Modimo o ne a se kitla a re bolelela, fa e le gore o ne a dirile dinaledi gore di tlhotlheletse botho jwa rona?

Re ka swetsa ka go reng? Ka go re dinaledi ke karolo ya popo ya Modimo, mme ga di tlhotlheletse botho jwa rona.

Kaelo e e Ikanyegang

Fa re batla go ithuta ka isagwe ya rona kana go ikitse botoka, seo ke selo se se molemo. Mme go na le kwa re ka bonang kaelo e e ikanyegang gone, go na le go e batla kwa dinaleding.

Baebele e tlhalosa Jehofa Modimo e le “Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong.” (Isaia 46:10) O na le boikaelelo, jo a tlileng go bo diragatsa. (Isaia 55:10, 11) Re ka ithuta ka boikaelelo jwa Modimo ka go bala Baebele. Buka eno e e boitshepo ya bogologolo gape e re naya mabaka a go bo re boga le gore Modimo o tlile go fedisa maemo otlhe a a utlwisang batho botlhoko. *2 Petere 3:13; Tshenolo 21:1-4.

Fa re batla go ithuta le go tokafatsa botho jwa rona, Baebele ke yone e e nang le kaelo e e ikanyegang. Ka ntlha yang? Ka gonne go e bala go re thusa gore re itshekatsheke sentle. Ka sekai, Baebele ya re Jehofa Modimo o “kutlwelobotlhoko,” “o bonya go galefa” gape “o iketleeleditse go itshwarela.” (Ekesodo 34:6; Pesalema 86:5) A mme re ntse jalo? Baebele e ka senola tsela e e phoso e re akanyang ka yone, le go re thusa go bona mo re tlhokang go tokafatsa gone.

Ka jalo, ga re tlhoke go dirisa dinaledi gore re ithute ka isagwe kana ka botho jwa rona. Tsela e e molemo ke go leba mo Baebeleng, e re ka e “tlhotlheleditswe ke Modimo e bile [e] tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.”—2 Timotheo 3:16, 17.

^ ser. 6 Tepodinaledi ke go ithuta ka letsatsi, ngwedi, dipolanete le dinaledi, ka tumelo ya gore dilo tseno di na le tlhotlheletso mo go rona le gore di ka re thusa go itlhaloganya.

^ ser. 19 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.