Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsela Tsa go Atlega Kwa Sekolong

Ditsela Tsa go Atlega Kwa Sekolong

Ke mafoko afe a o ka a dirisang go tlhalosa tsela e o lebang sekolo ka yone?

  • Se a lapisa kgotsa se a tlhotlheletsa?
  • Se kgoba marapo kgotsa se na le molemo mongwe?
  • Se ngamola tlhogo kgotsa se monate?

Fa e le gore tsela e o lebang sekolo ka yone ga e a siama, o ka dirang ka gone? Fa e le gore o leba sekolo ka tsela e e siameng, o ka tokafatsa jang bokgoni jo o nang le jone e le gore thuto e go solegele molemo le go feta? Re tla dirisa Baebele go tlhalosa ditsela di le tlhano tse di ka go thusang gore o atlege.