Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipego Tse di Tshosang Tsa Dikgang le Bana ba Gago

Dipego Tse di Tshosang Tsa Dikgang le Bana ba Gago

“Morwadiake wa dingwaga di le 11 ga a rate go lebelela dikgang. Gantsi o nna le ditoro tse di maswe ka se a se boneng. Nako nngwe o ne a bona pego ya motho yo o neng a kgaotse mongwe wa ba lelapa la gagwe tlhogo. Mo go jone bosigo joo o ne a lora le ene a kgaolwa tlhogo.”—Quinn.

“Setlogolo sa me sa dingwaga di le thataro se ne sa bona dipego tsa dikgwanyape tse di neng di direga mo karolong e nngwe ya naga. Go ne ga feta dibeke morago ga foo a tshogile. O ne a tle a nteletse mogala a tlhomamisegile gore kgwanyape e ne e ya kwa a leng teng le gore o ne a tlile go swa.”—Paige.

A NGWANA wa gago o tshosiwa ke dipego tsa dikgang? Mo patlisisong nngwe, mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa batsadi ba ne ba bolela gore bana ba bone ba ne ba tshositswe ke sengwe se ba se boneng mo dikgannyeng le gore seo se ne se dirile gore bana bao ba boife gore tiragalo e e tshwanang e tla ba diragalela kgotsa e diragalele batho ba ba ba ratang.

Ka ntlha yang? Lebaka lengwe ke gore bana ba tlhaloganya dikgang ka tsela e e farologaneng le ya bagolo. Ka sekai, bana ba bannye ba ka tswa ba dumela gore masetlapelo a a bontshiwang gangwe le gape tota a ntse a direga gangwe le gape.

Lebaka la bobedi ke gore dipego tsa letsatsi le letsatsi tsa ditiragalo tse di tshosang di ka fetola tsela e ngwana a lebang lefatshe ka yone. Gone ke boammaaruri gore re tshela mo “dinako[ng] tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Mme fa bana ba nna ba bona dipego tse di tshosang tsa dikgang, seo se ka dira gore ba nne le poifo e e feteletseng. Kaiser Family Foundation ya re: “Gantsi bana ba ba lebelelang dikgang tsa thelebishene thata ba akanya gore bokebekwa bo bontsi thata go feta kafa bo leng ka teng mme ba ka tsaya gore lefatshe le kotsi thata go feta kafa tota le leng ka teng.”

 Fa e le gore dipego tse di tshosang tsa dikgang di ama bana ba gago, o ka dirang ka gone? Dikakantsho di le mmalwa ke tseno.

Ba sireletse.

Batsadi ba tshwanetse go laola gore bana ba bone ba lebelela dikgang go le kana kang go ikaegile ka dingwaga tsa bone, gore ba tlhaloganya dilo go le kana kang le maikutlo a bone. Gone ke boammaaruri gore mo motlheng ono o tshedimosetso e bonwang motlhofo mo go one, ga se gore bana ba gago ga ba itse dilo tse di diragalang. Tota le bana ba bannye ba ka tswa ba bona kgotsa ba utlwa dilo tse dintsi go feta kafa o akanyang ka gone. Ka jalo, nna o ntshitse matlho dinameng gore o bone matshwao ape a go boifa kgotsa a go tshwenyega a bana ba gago ba ka a bontshang.

Ba rute.

Fa bana ba gago ba ntse ba gola, akanyetsa go lebelela dikgang le bone. Fa o ntse o di lebile le bone, o ka dirisa nako eo go ba ruta. Leka go gatelela dintlha dipe tse di molemo ka pego eo—ka sekai, tiro ya namolo e e dirilweng go thusa batho ba ba amilweng ke masetlapelo mangwe.

Ba gomotse.

Fa go begwa tiragalo nngwe e e tshosang, botsa bana ba gago dipotso ka yone go bona gore ba ikutlwa jang ka se se diragetseng. Rre mongwe yo o bidiwang Michael a re: “Nna le mosadi wa me re ipha nako go tlhalosetsa morwa wa rona e bong Nathaniel ka se a se boneng mo dikgannyeng, re bo re mo tlhalosetsa gore re tsere dikgato dife go thibela gore le rona re se ka ra diragalelwa ke masetlapelo a a tshwanang. Nako nngwe fa Nathaniel a ne a bona ntlo e sha lore mo dikgannyeng, o ne a tshoga gore legae la rona le lone le tlile go sha. Re ne ra mo gomotsa ka go mmontsha dialamo tsotlhe tse di mo ntlong ya rona tse di kuang mokgosi fa go na le molelo. O itse kwa di leng gone, le lebaka la go bo di le gone. Seo se ne sa dira gore a ikutlwe a sireletsegile.”

Leba dilo ka tsela e e tshwanetseng.

Babatlisisi ba fitlhetse gore gantsi batho ba tsaya  gore fa go le motlhofo gore ba gopole tiragalo nngwe e e diragetseng, seo se kaya gore go ka direga gore tiragalo eo e ba diragalele. Ka sekai, fa e le gore o sa tswa go utlwa ka ngwana mongwe yo o utswilweng, go motlhofo go tsaya gore ngwana wa gago le ene o mo kotsing ya go utswiwa mme tota a se mo kotsing go le kalo. Gone ke boammaaruri gore go molemo go itse ka dikotsi tse di ka diregang. Le fa go ntse jalo, baitse ba bolela gore dipego tsa metswedi ya dikgang di ka dira gore re boife ditiragalo tse gongwe di ka se kang tsa tsamaya di re diragalela.—Diane 22:3, 13.

Fa batsadi ba sa nne le boikutlo jo bo tshwanetseng ka dikgang, ba ka nna le poifo e e feteletseng. Mme le bana ba bone ba ka nna le poifo e e ntseng jalo. Ka sekai, ka 2005 mosimane mongwe wa dingwaga di le 11 o ne a latlhega mo dithabeng tsa Utah kwa United States. O ne a boifa batho ba ba utswang bana thata jaana mo e leng gore o ne a iphitlhela batho ba ba neng ba leka go mo namola ka malatsi a le manè. Fa kgabagare batho ba ba neng ba batla ngwana yono ba mmona, o ne a se na maatla e bile a feletswe ke metsi mo mmeleng. Le fa kgonagalo ya gore a tsewe ka dikgoka ke motho yo a sa mo itseng e ne e ka nna 1 mo go 350 000, poifo ya mosimane yono e ne e dirile gore a itsenye mo kotsing ya go bolawa ke tlala go na le gore a amogele thuso.

“Bana ba ba dingwaga di le 3-7 ba tshosiwa thata ke dipego tse di kaga masetlapelo a tlholego le dikotsi, mme bana ba bagolwane ba ba dingwaga di le 8-12 ba tshosiwa thata ke dipego tse di kaga bokebekwa le thubakanyo.”—Kaiser Family Foundation

O ithuta eng mo go seno? Tlhomamisa gore wena le bana ba gago lo nna le boikutlo jo bo tshwanetseng ka dikgang. Boammaaruri ke gore, bontsi jwa masetlapelo a tsewa a tshwanelwa ke go begwa mo dikgannyeng ka gonne a direga sewelo—e seng ka gonne a direga gantsi.

Bokebekwa, thubakanyo le masetlapelo a tlholego ke dilo tsa mmatota tse di utlwisang botlhoko tse di diregang gompieno. Le fa go ntse jalo, jaaka re setse re bone, fa o leka go sireletsa bana ba gago, go ba ruta, go ba gomotsa le go dira gore ba lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng, seo se tla ba thusa go lebana le dipego tse di tshosang.