Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A di Ne di Tlhamilwe?

Disensara Tsa Khukhwane ya Black Fire

Disensara Tsa Khukhwane ya Black Fire

Melelo ya sekgwa e koba bontsi jwa diphologolo, mme e ngoka dikhukhwane tsa black fire. Ka ntlha yang? Ka gonne ditlhare tse di sa tswang go sha ke tsone mafelo a ditshenekegi tseno di a bonang a siame go ka beela mae mo go one. Mo godimo ga moo, molelo o koba diphologolo tse di di jang mo go dirang gore dikhukhwane tseno di kgone go ja, go gwela le go beela mae ka tshosologo. Mme gone dikhukhwane tsa black fire di kgona jang go bona dikgwa tse di shang?

Disensara tsa khukhwane tse di kgonang go lemoga marang a a sa bonaleng

Ela tlhoko: Fa thoko ga maoto a a fa gare a khukhwane ya black fire go na le disensara dingwe tse di bidiwang di-pit organ tse di kgonang go lemoga marang a a sa bonaleng a melelo ya sekgwa. Marang a dira gore go nne mogote mo di-pit organ tseo mme go tswa foo a bo a kaela khukhwane go ya kwa ntlheng ya molelo.

Mme dikhukhwane tseno di na le disensara tse dingwe tse di di thusang go bona kwa melelo e leng gone. Fa ditlhare tsa tsone tse di di ratang di sha, dinakana tsa dikhukhwane di kgona go lemoga le eleng dikhemikale dingwe tse dinnyennye tse di tswang mo molelong di ya mo moyeng. Go ya ka babatlisisi bangwe, dikhukhwane tsa black fire di kgona go dirisa dinakana tsa tsone tse di dupang mosi go bona setlhare se le sengwe se se kuang mosi se le bokgakala jwa dikilometara di feta 0,8. Ka ntlha ya go kopanya bokgoni jwa tsone, go lebega dikhukhwane tseno di kgona go dupa le go bona kwa dikgwa tse di shang di leng gone di le bokgakala jwa dikilometara di feta 48!

Babatlisisi ba tsaya malebela mo di-pit organ le mo dinakaneng tsa khukhwane ya black fire go tokafatsa didirisiwa tse di lemogang marang a a sa bonaleng le molelo. Disensara tse di tlwaelegileng tse di dirisediwang go bona sentle marang a a sa bonaleng di tshwanetse go isiwa kwa themperetšhareng e e kwa tlase, ka jalo khukhwane eno e ka thusa baitsesaense go dira disensara tse di tla kgonang go bereka ka themperetšha e e mo magareng. Dinakana tsa khukhwane eno di tlhotlheleditse baenjenere go dira didirisiwa tse di kgonang go dupa sentle thata mme di kgona go dira pharologanyo gareng ga dikhemikale tse di tswang mo melelong ya sekgwa le dikhemikale tse dingwe.

Babatlisisi ba gakgamadiwa ke bokgoni jo bo tlhomologileng jwa khukhwane ya black fire jwa go kgona go bona lefelo le e ka beelang mae mo go lone. E. Richard Hoebeke yo e leng moitse wa dikhukhwane kwa Cornell University, kwa United States o ne a botsa jaana: “Go tlile jang gore dikhukhwane tseno di nne le bokgoni jwa go beela mae ka tsela eno? Akanya fela gore re itse go le gonnye go le kana kang ka ditshenekegi tse di nang le bokgoni le mekgwa e e raraaneng ya go kgona go dupa.”

O akanya eng? A bokgoni jwa khukhwane ya black fire jwa go bona melelo ya dikgwa bo itiragaletse fela? A kgotsa bo ne bo tlhamilwe?