Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka—Karolo 6

‘Metlha ya Bofelo’

Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka—Karolo 6

Motseletsele ono wa ditlhogo di le robedi mo makasineng wa Tsogang! o sekaseka karolo e e tlhomologileng ya Baebele—dipolelelopele tsa yone. Ditlhogo tseno di tla go thusa go araba dipotso tseno: A dipolelelopele tsa Baebele di itlhametswe fela ke batho ba ba botlhale? A di tlhotlheleditswe ke Modimo? Re go laletsa gore o sekaseke bosupi.

RE TSHELA mo dinakong tse di boima. Go tswa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe re utlwa dipego tsa dikgang kaga masetlapelo le dikhuduego. A seemo sa gone jaanong sa lefatshe se kaya sengwe se se kgethegileng?

Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, Baebele e ne ya bolelela pele gore mathata a lefatshe a ne a tla nna maswe le go feta kwa “bokhutlo[ng] jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 24:3) Seno ga se kae “bofelo jwa lefatshe” jo batho ba bo boifang. Go na le moo, Baebele e tlhalosa ditiragalo le mekgwa, kgotsa sesupo se se neng se tla nna teng mo nakong e e bidiwang “metlha ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1) Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore fa ba bona “dilo tseno di diragala,” kgololo e ne e tla latela ka bonako fela morago ga foo. (Luke 21:31) Ela tlhoko dingwe tsa dipolelelopele tse di bontshang gore motlha o re tshelang mo go one o tlhomologile.

Polelelopele 1:

“Setšhaba se tla tsogologela setšhaba.”—Mathaio 24:7.

Tiragatso: Mo masimologong a dingwaga tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, batho ba le bantsi ba ne ba lebeletse gore go ne go tla tswelela go na le kagiso mo lefatsheng. Tshimologo ya Ntwa ya Lefatshe ya I e ne ya tshosa batho ba le bantsi thata mo lefatsheng mme ya simolola motlha wa dintwa tse di neng di ise di ko di nne gone. Jaaka buka ya Baebele ya Tshenolo e boleletse pele, kagiso ‘e ne ya tlosiwa mo lefatsheng gore batho ba bolaane.’—Tshenolo 6:4.

Se bosupi bo se senolang:

  • “Go sa ntse go bonala gore go runya ga Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe ka 1914 go ne ga tlisa phetogo e kgolo ka tshoganyetso mo lefatsheng.”—The Origins of the First World War, e e gatisitsweng ka 1992.
  • Le fa re sa itse sentle gore go sule batho ba le kae ka Ntwa ya Lefatshe ya I, buka nngwe ya tshedimosetso e fopholetsa gore palo ya masole fela a a suleng mo ntweng eno e ne e le 8 500 000.
  • Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II go ile ga swa batho ba le bantsi le go feta ka gonne go sule dipalopalo tse di simololang go dimilione di le 35 go  ya go di le 60 tsa masole le batho ba bangwe ba e seng masole.
  • Go tloga fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e fela go fitlha ka 2010, go ne ga nna le dintwa tse go dirisiwang dibetsa mo go tsone di le 246 mo mafelong a le 151 mo lefatsheng lotlhe.

Polelelopele 2:

“Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.”—Mathaio 24:7.

Tiragatso: Mo lekgolong la bo20 la dingwaga leuba le ile la baka dintsho di feta dimilione di le 70 mme leuba e sa ntse e le bothata mo lefatsheng lotlhe.

Se bosupi bo se senolang:

  • Go ya ka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, tlala ke bothata jo bogolo go a gaisa otlhe a a amang botsogo jwa batho mo lefatsheng, mme gone jaanong motho a le 1 mo go ba le 7 mo lefatsheng lotlhe ga a na dijo tse di lekaneng.
  • “Tlhaelo ya dijo gompieno ga e bakiwe ke maemo a bosa a a sa tlwaelegang le a nakwana a a dirang gore dijalo di se ka tsa gola sentle, mme e bakiwa ke dilo di le nnè tse e leng bothata jo bo masisi tse di sa bolong go nna gone e bile di etegela pele: go oketsega ka bofefo ga palo ya batho, go fela ga mmu o o fa godimo ga lefatshe, go oketsega ga tlhaelo ya metsi le go tlhatloga ga themperetšha.”—Scientific American.

Polelelopele 3:

“Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo.”—Luke 21:11.

Tiragatso: E re ka batho ba le bantsi ba nna mo mafelong a a tshabelelwang ke dithoromo tsa lefatshe, palo ya batho ba ba tlhokafetseng kgotsa ba matshelo a bone a tlhakatlhakaneng ka ntlha ya dithoromo tsa lefatshe e oketsegile fela thata.

Se bosupi bo se senolang:

  • World Disasters Report 2010 ya re: “Dithoromo tsa lefatshe di bolaile batho ba bantsi thata mo dingwageng tsa bosheng go feta ditiragalo tse dingwe tsotlhe tse dikgolo tsa masetlapelo.”
  • Ngwaga le ngwaga, go tloga ka 1970 go fitlha ka 2001, go ile ga nna le palogare ya masetlapelo * a dithoromo tsa lefatshe di le 19, le palogare ya batho ba di ba bolaileng ba le 19 547. Mo dingwageng di le lesome pele ga 2012, palogare eo e ne ya oketsega go fitlha go ditiragalo tsa masetlapelo a dithoromo tsa lefatshe di le 28 ka ngwaga le palogare ya batho ba di ba bolaileng ba le 67 954.

Polelelopele 4:

“Mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo.”—Luke 21:11.

Tiragatso: Le fa go dirilwe kgatelopele mo go tsa kalafi, batho ba le dimilionemilione ba sa ntse ba swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya malwetse a a tshelanwang. E re ka batho ba etela kwa dinageng tse dingwe mme le palo ya batho ba ba nnang mo ditoropong e ntse e oketsega, go ka direga thata gore malwetse a aname ka bonako.

Se bosupi bo se senolang:

  • Go fopholediwa gore bolwetse jwa sekgwaripana bo bolaile batho ba le dimilione di le 300 go ya go di le 500 mo lekgolong la bo20 la dingwaga.
  • Setheo sa Worldwatch Institute se bega gore mo dingwageng di le 30 tse di fetileng, “malwetse a feta masome a mararo a pele a neng a sa itsiwe a a jaaka Ebola, HIV, Hantavirus le SARS [bolwetse jo bo bakelang motho mathata a magolo a go hema] e setse e le one a a leng kotsi thata mo bathong.”
  • Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o ile wa tlhagisa jaana malebana le go oketsega ga megare e e sa bolaweng ke diokobatsi: “Fa nako e ntse e ya dibolayamegare dingwe di tla bo di sa tlhole di dira mme malwetse a mantsi a a tlwaelegileng a ka se tlhole a alafega mme a [tla] boa gape a bolaya batho.”

Polelelopele 5:

Batho ba tla “okana e bile ba tla tlhoana. . . . Lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.”—Mathaio 24:10, 12.

Tiragatso: Batho ba le dimilionemilione ba ile ba swa ka ntlha ya kgailo ya morafe e e tlhotlheleditsweng ke letlhoo. Kwa dinageng di le dintsi dikgotlhang tse go dirisiwang dibetsa mo go tsone mmogo le bokebekwa di dirile gore poifo le tirisodikgoka di oketsege.

Se bosupi bo se senolang:

  • Puso ya Banasi e bolaile dimilione di le thataro tsa Bajuda le batho ba bangwe ba le dimilionemilione. Mokwadi mongwe e bong Zygmunt Bauman o bolela jaana malebana le tsela e baagi ba neng ba  tsiboga ka yone: “Fa go ne go gailwa batho ka bontsi, setšhaba ga se a ka sa dira sepe go bontsha gore se amilwe maikutlo ke tiragalo eno.”
  • Go ya ka BBC News, go fopholediwa gore Batutsi le Bahutu ba ba sa tseyeng letlhakore ba ka nna 800 000 ba ne ba bolawa mo dikgweding di le mmalwa fela. Mmatlisisi mongwe o fopholetsa gore batho ba ka nna 200 000 ba ne ba nna le seabe mo polaong e kgolo eno.
  • Ngwaga le ngwaga batho ba feta 740 000 ba swa ka ntlha ya bokebekwa le dintwa tse go lowang ka dibetsa mo go tsone.

Polelelopele 6:

“Batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba ba se nang lorato lwa tlholego.”—2 Timotheo 3:2, 3.

Tiragatso: Motlha wa rona ke motlha wa bopelotshetlha le go tlhoka boitsholo jo bo siameng. Mekgwa e e ntseng jalo e bakile mathata a mantsi mo setšhabeng.

Se bosupi bo se senolang:

  • Pego ya UNICEF ya kwa United Kingdom e e malebana le tlhokomelo ya bana ya re kwa nageng eo “go lebega [batsadi le bana] ba na le mokgwa wa go nnela go reka dilo.” Malapa a reka dithoto “e le go leka go ikgomotsa ka ntlha ya mathata a ba nang le one le batho ba bangwe le ka gonne ba ikutlwa e se batho ba sepe mo setšhabeng.”
  • Go fopholediwa gore bana ba le dimilione di le 275 mo lefatsheng lotlhe ba lebane le tirisodikgoka mo lelapeng.
  • “Kwa United States fela, go dumelwa gore ngwaga le ngwaga bagolo ba feta 500 000 ba a sotliwa kgotsa ga ba tlhokomelwe.”—Centers for Disease Control and Prevention.

Polelelopele 7:

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.”—Mathaio 24:14.

Tiragatso: Baebele e ruta gore Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota, e e busang go tswa kwa legodimong, e Kgosi ya yone e leng Jesu. Bogosi jono jwa kwa legodimong bo tla “thubaganya bo fedisa [dipuso tsotlhe tsa batho], mme bo tla ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Se Bogosi jwa Modimo e leng sone le se bo tla se dirang ke one molaetsa wa konokono o Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba o rutang.

Basupi ba ga Jehofa ba diragatsa Mathaio 24:14 ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo

Se bosupi bo se senolang:

  • Mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba palo ya bone e fetang dimilione di le supa mo dinageng di feta 230 ba ruta batho ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo.
  • Basupi ba ga Jehofa ba dirile gore go nne le tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng ka dipuo di feta 500 mo dikgatisong le mo Internet.

Sesupo le Isagwe ya Gago

Morago ga gore batho ba le dimilionemilione ba sekaseke bosupi ba ile ba swetsa ka gore sesupo sa Baebele malebana le metlha ya bofelo se a diragadiwa gone jaanong. Jaaka ditlhogo tsa ntlha tse thataro tsa motseletsele ono di setse di bontshitse, hisitori e supa gore eleruri Baebele ke buka ya boporofeti jo bo opang kgomo lonaka.

Le wena o ka ikanya se Baebele e se bolelelang pele ka isagwe. Dipolelelopele tseno di tla go ama ka gonne Modimo o solofetsa gore o tla fedisa metlha eno ya bofelo e e utlwisang botlhoko. Ditlhogo tse pedi tse di setseng tsa motseletsele ono di tla tlhalosa kafa ‘metlha ya bofelo’ e tla felang ka gone mme gape di tla tlhalosa ka isagwe e e itumedisang e e tla tlelang lefatshe le batho.

^ ser. 22 Setheo sa Centre for Research on the Epidemiology of Disasters se tlhalosa “masetlapelo” a thoromo ya lefatshe e le thoromo ya lefatshe e e felelang ka sengwe sa dilo tse di latelang: fa go swa batho ba le 10 kgotsa go feta, fa go amega batho ba le 100 kgotsa go feta, fa go dirwa kitsiso ya gore go na le seemo se se masisi sa tshoganyetso kgotsa go kopiwa thuso kwa dinageng di sele.