Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mefuta e Supa ya Dikungo Tsa Lefatshe le le Molemo

Mefuta e Supa ya Dikungo Tsa Lefatshe le le Molemo

Mefuta e Supa ya Dikungo Tsa Lefatshe le le Molemo

MO Baebeleng, naga ya Iseraele e tlhalosiwa e le naga ya dithota le mekgatšha, dipoa tse di fa lotshitshing le ditlhaba, dinoka le metswedi. Naga eno e ne e na le mefuta e mentsi ya dimela ka gonne e ne e na le mefuta e e farologaneng ya mmu le dikgaolo tse di nang le maemo a a farologaneng a loapi, go akaretsa sekaka se se omeletseng kwa borwa le dithaba tse di nang le kapoko kwa bokone. Fa Moshe a ne a dira gore Baiseraele ba lebelele pele kwa “lefatsheng le le molemo” le ba neng ba ya kwa go lone, o ne a bua ka lone e le “lefatshe la korong le barele le mefine le difeige le digaranata, lefatshe la metlhware ya leokwane le [tswina, NW],” a umaka ka tlhamalalo mefuta e le supa ya dikungo.—Duteronome 8:7, 8.

Ka dinako tse dingwe, dikungo tseno di ne di tshwantshiwa mo mading a tshipi le mo ditempeng tsa poso go bontsha kafa naga e ungwang ka teng. Di ne di lengwa jang mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele? Di ne di ama matshelo a batho ka tsela efe? A re boneng.

“Korong le Barele” Le fa gone korong le barele di ne di jalwa mmogo ka letlhabula, barele e ne e butswa kgwedi pele ga korong. Ngata ya mabutswapele a thobo ya barele e ne e isiwa kwa tempeleng e le tshupelo e e yang kwa go Jehofa ka nako ya Moletlo wa Senkgwe Se se Sa Bedisiwang ka March kgotsa April. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go ne go ntshiwa tshupelo ya dinkgwe tsa korong ka nako ya Moletlo wa Dibeke kgotsa Pentekosete ka May.—Lefitiko 23:10, 11, 15-17.

Mo makgolong a dingwaga go tla go fitlha bosheng jaana, balemi ba kwa Iseraele ba ne ba tshola peo ya dijo tsa dithoro mo memenong ya diaparo tsa bone ba bo ba e jala ka go e gasa ka seatla. Dithoro tsa barele di ne di gasiwa fela mo mmung. Mme peo ya korong yone e ne e tshwanetse go katelwa. E ne e tsenngwa mo mmung ka go dira gore diphologolo tse di lemang di e gatake kgotsa ka go lemolola tshimo gape.

Gantsi Baebele e bua ka go jala, go roba, go photha, go fefera le go sila dijo tsa dithoro. Nngwe le nngwe ya dikgato tseno e ne e tlhoka maatla tota. Letsatsi le letsatsi, dijo tsa dithoro tse di neng di robilwe di ne di silwa kwa gae go nna bupi di bo di bakiwa go nna senkgwe se se neng se tla jewa ke lelapa. Seno se re thusa go tlhaloganya se Jesu a neng a se bua fa a ne a laela gore re rapelele “senkgwe sa rona sa letsatsi.” (Mathaio 6:11) Senkgwe se se dirilweng ka bupi jwa korong kgotsa jwa barele e ne e le dijo tse di neng di jewa thata ke batho ba mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele.—Isaia 55:10.

“Mefine le Difeige le Digaranata” Morago ga gore Moshe a etelele batho ba gagabo pele kwa nageng ka dingwaga di le 40, o ne a dira gore ba lebelele pele sengwe se se itumedisang—go ja dikungo tsa Lefatshe le le Solofeditsweng. Dingwaga di le 40 pelenyana, ke eng se ditlhola di le lesome di neng tsa se tlisetsa Baiseraele ba ba neng ba thibeletse kwa nageng e le bosupi jwa gore Lefatshe le le Solofeditsweng le a ungwa? “Letlhogela . . . le le nang le lesitlha le le lengwe la morara” le le neng le le bokete mo ‘banna ba le babedi ba neng ba le sikara ka kota.’ Gape ba ne ba tla ka difeige le digaranata. A bo di ne di rokotsa mathe jang ne mo bathong ba ba neng ba tsamaya mo nageng e e sekaka! Seo e ne e le maoko fela a dilo tse di molemo tse di tla tlang!—Dipalo 13:20, 23.

Masimo a mofine a ne a tshwanetse go tlhokomelwa ka metlha—go pomiwa, go nosediwa le go rojwa—gore a nne a ungwa. Masimo a mofine a a mo mofapheng wa thota a a tlhokometsweng sentle a ne a bonwa ka lebota le le sireletsang, ditlhare tsa one di jadilwe di tlhomagantswe ka tsela e e bothakga e bile a na le leobo la molebedi. Baiseraele ba ne ba ithuta tiro e ntsi e e neng e tshwanetse go dirwa mo tshimong ya mofine mme ba ne ba itse gore go ne go ka diregang fa ba ne ba ka se e tlhokomele.—Isaia 5:1-7.

Tiro ya go dira beine e ne e simolola ka nako ya thobo ya morara. Masitlha a morara a ne a gatakiwa mo teng ga kane e kgolo kgotsa a gatisiwa mo bogatisetsong. Matute a one a ne a ka tlogelwa gore a bele ka boone gore a nne beine kgotsa a bedisiwa mo molelong go ntsha sukiri mo go one. Naga ya Iseraele e ne e na le maemo a a siametseng go lema merara le go dira beine. *

Batho ba ba nnang kgakala le dinaga tse go lengwang difeige mo go tsone ba ka tswa ba itse fela tse di omisitsweng. Leungo la feige le le kgetlilweng ka tlhamalalo mo setlhareng le lebega le farologane thata le tsone—le botshe e bile le na le matute. E le gore difeige di nne di siame le morago ga thobo, di tshwanetse go omisiwa ka go anegiwa mo letsatsing go tswa foo di bo di phuthelwa. ‘Dikuku tsa difeige tse di kgobilweng’ di umakiwa gantsi mo Baebeleng.—1 Samuele 25:18.

Fa o bula letlalo le le thata la garanata e e buduleng o fitlhela “maungonyana” a mantsintsi a a pakelaneng, a a setseng a siametse go jewa kgotsa go ntshiwa matute—leungo le le lapolosang e bile le na le dikotla tse di nonotshang mmele. Go bontsha kafa digaranata di neng di tseelwa kwa godimo thata ka gone, go kile ga bo go kgabisitswe ka ditshwantsho tsa tsone mo momenong wa sengwe sa diaparo tsa moperesiti yo mogolo le mo dipilareng tsa tempele ya ga Solomone.—Ekesodo 39:24; 1 Dikgosi 7:20.

‘Metlhware le Tswina’ Ka makgetlho a ka nna 60, Baebele e umaka motlhware, o o neng o jewa e bile go dirwa leokwane ka one. Go sa ntse go na le dikgwa tsa metlhware mo dikarolong tse dintsi tsa Iseraele. (Duteronome 28:40) Le gompieno thobo e e dirwang ka October e sa ntse e kopanelwa ke lelapa lotlhe mo metseng e le mentsi. Barobi ba itaya dikala tsa setlhare gore maungo a motlhware a wele fa fatshe ba bo ba a phutha. Go tswa foo a isiwa kwa bogatisetsong jwa leokwane jwa motse kgotsa a bewa ka tsela e e tla dirang gore a se ka a senyega mme lelapa le a je ngwaga otlhe. E bile go ile ga epololwa mafelo a le makgolokgolo a bogologolo a a neng a na le mefuta e e farologaneng ya bogatisetso. Gompieno go a kgatlha go bona leokwane la botala jo bosetlha le tshelwa mo dijaneng tse di tsholang leokwane le le tla dirisiwang ke lelapa ngwaga otlhe kgotsa le rekisiwa gore go nne le lotseno. Kwantle ga go dirisiwa mo dijong, leokwane la motlhware gape le ne le dirisiwa e le setlolo se se ntlafatsang e bile le tshelwa mo diponeng.

Tswina e Moshe a e umakileng e ka tswa e ne e le tswina ya dinotshe kgotsa e le tswina e e tswang mo maungong a setlhare sa mokolane kgotsa sa morara. Tswina e e tswang mo maungong ano e sa ntse e dirisiwa thata le gompieno go natetsha dijo. Mme go bonala sentle gore tswina e e umakilweng mo dipegong tsa Baebele tse di buang ka ga Samesone le Jonathane e ne e le tswina ya kwa nageng e e tswang mo mamepeng. (Baatlhodi 14:8, 9; 1 Samuele 14:27) Matlo a dinotshe a a fetang 30 a a ribolotsweng bosheng jaana kwa Tel Rehov kwa bokone jwa Iseraele a bontsha gore batho ba ne ba rua dinotshe mo nageng eo tota le mo motlheng wa ga Solomone.

Gompieno fa motho a tsamaya mo mmarakeng o o nang le dilo tse dintsi tse di farologaneng kwa Iseraele—mafelo a go baka le marekisetso a a tletseng maungo le merogo—o tla fitlhela bontsintsi jwa maungo a a farologaneng a mefuta e supa ya dikungo. Ke boammaaruri gore mefuta eno e supa ke e se kae fela ya mefuta e mentsintsi ya dijo tse di leng teng mo nageng eno. Mekgwa ya segompieno ya temothuo e dirile gore batho ba kgone go lema dijalo tse di tswang kwa dinageng tse dingwe. Maungo ano a mantsintsi a bontsha gore ruri naga eno e nnye ke “lefatshe le le molemo” jaaka e a tle e tlhalosiwe.—Dipalo 14:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Gape merara e ne e omisiwa go dira ditshwabi.—2 Samuele 6:19.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Korong

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Barele

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Mefine

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Difeige

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Digaranata

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Tswina

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Metlhware