Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Olivétan—“Moranodi yo o Ikokobeditseng” wa Baebele ya Sefora

Olivétan—“Moranodi yo o Ikokobeditseng” wa Baebele ya Sefora

Olivétan—“Moranodi yo o Ikokobeditseng” wa Baebele ya Sefora

E ne e le ka September 13, 1540. Mapodise a ne a phuruphutsa legae la ga Collin Pellenc. Ba ne ba fitlhela ditlankana tse di belaetsang mo phaposing nngwe e e fitlhegileng mme mo go tsone go na le buka nngwe e kgolo. Mo tsebeng ya bobedi go ne go kwadilwe mafoko ano: “P. Robert Olivetanus, moranodi yo o ikokobeditseng.” E ne e le Baebele ya Se-Waldo! Collin Pellenc o ne a tshwarwa, a bonwa molato wa bokgelogi a bo a fisiwa a tshela.

KA NAKO eo kwa Fora, fela jaaka kwa mafelong a mangwe kwa Yuropa, Kereke ya Katoliki e ne e senka Badiradiphetogo ka gonne e batla go fedisa dithuto tsa bone tse di neng di tsewa e le tsa boferefere. Mongwe wa Badiradiphetogo e bong Guillaume Farel yo o tlhagafetseng, o ne a ikemiseditse go tlhatswa pelo batho ba ba buang Sefora gore ba amogele dithuto tsa ga Martin Luther, mongwe wa baeteledipele ba Phetogo e Kgolo ya Boporotesetanta. Farel, wa kwa Porofenseng ya Dauphiné kwa borwabotlhaba jwa Fora o ne a itse gore tsela ya konokono ya go fetola kafa batho ba akanyang ka teng ke ka go dirisa dibuka. E le gore a fitlhelele boikaelelo jwa gagwe, o ne a tlhoka dipampitshana le Dibaebele. Mme ke mang yo o neng a tla duelela ditshenyegelo tsa tiro eno? O ne a kopa thuso mo setlhopheng se se ikemetseng sa bodumedi sa Ba-Waldo se se neng se ineetse mo tirong ya go rera ka Baebele.

Phuthego ya Batsamaisi ba Kereke Kwa Chanforan

Bogologolo mo bogareng jwa September 1532, ba-barbe (baruti) ba Ba-Waldo ba ne ba tshwara phuthego kgotsa khonferense kwa Chanforan, motsana o o gaufi le Turin kwa Italy. Ba-Waldo le baeteledipele ba Phetogo e Kgolo ba ne ba ntse ba dirisana ka dingwaga di le mmalwa. Ka jalo, Farel le ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba lalediwa kwa phuthegong eo ya batsamaisi ba kereke. Ba-Waldo ba ne ba batla go itse gore a dithuto tsa bone di ne di dumalana le tse di neng di rerwa ke Luther le barutwa ba gagwe. *

Kwa Chanforan, tsela e Farel a neng a bua ka botswerere ka yone e ne e tlhatswa pelo. Fa ba-barbe ba Ba-Waldo ba ne ba mmontsha Dibaebele tsa bone tsa bogologolo tsa puo ya bone tse di kwadilweng ka seatla, o ne a ba tlhotlheletsa go duelela ditshenyegelo tsa go gatisiwa ga Baebele ya Sefora. Go farologana le thanolo ya 1523 ya ga Lefèvre d’Étaples e e ranotsweng go tswa mo thanolong ya Selatine, eno yone e ne e tla ranolwa go tswa mo puong ya Sehebera le ya Segerika tse Baebele e kwadilweng ka tsone lantlhantlha. Mme ke mang yo o neng a ka kgona go dira tiro eo?

Farel o ne a itse motho yo o neng a ka e dira. Leina la gagwe e ne e le Pierre Robert, mme o ne a itsiwe ka leina la Olivétan, * morutabana yo mmotlana yo o neng a tsholetswe kwa kgaolong ya Picardy e e kwa bokone jwa Fora. Olivétan, ntsalae John Calvin, e ne e le mongwe wa Badiradiphetogo ba ntlha e bile e le motho yo o ikanyegang. Gape o ne a fetsa dingwaga di le mmalwa kwa Strasbourg a ithuta dipuo tsa Baebele ka tlhoafalo.

Fela jaaka Farel le ba bangwe ba bantsi, Olivétan o ne a tshabetse kwa Switzerland. Ditsala tsa gagwe di ne tsa mo rapela gore a dumele go dira tiro ya thanolo. Fa a sena go gana ka makgetlho a le mmalwa, labofelo o ne a dumela go ranolela Baebele “mo Seforeng go ya ka dipuo tsa Sehebera le Segerika.” Ka yone nako eo, Ba-Waldo ba ne ba ntsha madi a a boitshegang go duelela bogatisetso.

Legakabe le Nonyane e e Opelang Monate

Mo masimologong a 1534, Olivétan o ne a ya go nna a le esi kwa dithabeng tsa Alps mme a simolola tiro ya gagwe a farafarilwe ke dibuka tsa gagwe, tse e neng e kete ke barutisi ba gagwe ba ba sa bueng. Mokanoki ope fela wa mo motlheng ono o ne a ka eletsa go nna le motlobo o o ntseng jalo wa dibuka. O ne o akaretsa dithanolo tsa Baebele tsa Sesiria, Segerika le Selatine, mekwalo ya borabi, dibuka tsa thutapuo tsa Sekaladea le dibuka tse dingwe tse dintsi. Sa botlhokwa le go feta, o ne a na le thanolo ya bosheng ya kwa Venice ya Baebele e e neng e ranotswe go tswa mo Sehebereng.

Fa Olivétan a ne a ranola se gantsi se bidiwang Tesetamente e Ntšha o ne a dirisa mokwalo wa Sefora wa ga Lefèvre d’Étaples mme o ne a dirisa le mokwalo wa Segerika wa mokanoki wa Mo-Dutch e bong Erasmus ka makgetlho a le mantsi. Gantsi mafoko a Olivétan a neng a tlhopha go a dirisa a ne a sa tsamaisane le dithuto tsa Katoliki. Ka sekai, o ne a dirisa “molebedi” mo boemong jwa “bishopo,” “sephiri” mo boemong jwa “masaitseweng” le “phuthego” mo boemong jwa “kereke.”

Fa Olivétan a ranola se ba le bantsi ba se bitsang Tesetamente e Kgologolo, o ne a ikemiseditse go ranola lefoko ka lefoko go tswa mo puong ya Sehebera sa ntlhantlha. O ne a dira motlae a re go ranolela Sehebera mo Seforeng go tshwana le go “ruta nonyane e e opelang monate gore e opele ka lentswe le le magwata la legakabe”!

Olivétan o ne a bona leina la Modimo mo mekwalong ya Sehebera le kwadilwe ka ditlhaka tse nnè tsa Thaterakeramatone ka makgetlho a le diketekete. O ne a tlhopha go le ranola e le “Wa Bosakhutleng,” e leng polelwana e moragonyana e neng ya dirisiwa thata mo Dibaebeleng tsa Sefora tsa Baporotesetanta. Le fa go ntse jalo, ka makgetlho a le mmalwa o ne a dirisa leina “Jehofa” jaaka mo go Ekesodo 6:3.

Se se gakgamatsang ke gore ka February 12, 1535, morago ga mo e ka nnang ngwaga fela, moranodi yono o ne a re o weditse tiro ya gagwe! E re ka a ne a dumela gore o ne a “setse a feditse nako e telele a dira tiro eno e e bokete [ya thanolo] a le esi,” go bonala sentle gore ka ngwaga wa 1534/1535 o ne a wetsa tiro e e bokete e e tsereng lobaka lo loleele. Moranodi yono o ne a bolela jaana ka boikokobetso: “Ke dirile bojotlhe jwa me.” Jaanong se se neng se setse fela e ne e le go gatisa Baebele ya ntlha ya Sefora e e neng e ranotswe go ya ka dipuo tsa ntlhantlha.

Kwa Madirelong a ga Pirot

Jaanong Pierre de Wingle, yo gape a neng a bidiwa Pirot Picard, yo e neng e le tsala ya ga Farel e bile e le Modiradiphetogo wa mogatisi, o ne a tsenya letsogo. Morago ga gore Kereke ya Katoliki e mo leleke kwa Lyon, o ne a nna kwa Neuchâtel, kwa Switzerland ka 1533. O ne a simolola go gatisa tshedimosetso e ntsi e go neng go tsewa gore e menola kereke a dirisa madi a Ba-Waldo. Ka sekai, madirelo a gagwe ke one a neng a gatisa dipolakate tse di neng di kgala Mmisa, tse dingwe tsa tsone di neng tsa bonwa ke Kgosi Francis I wa Mokatoliki wa kwa Fora.

De Wingle o ne a simolola tiro ya gagwe ya go gatisa gape—jaanong a gatisa Baebele! Gore tiro eno e dirwe ka bofefo, mongwe le mongwe wa metšhine e mebedi ya go gatisa e ne e dirisiwa ke setlhopha sa badiri ba le banè kgotsa ba le batlhano, ba rulaganya ditlhaka ba bo ba gatisa dipampiri. Kgabagare, ka “ngwaga wa 1535, ka letsatsi la bo4 la June,” de Wingle o ne a saena Baebele ya ga Olivétan mo tsebeng e e nang le tshedimosetso ka bagatisi. Mo ketapeleng ya gagwe, moranodi o ne a re o ranolela badumedi ba ba tlhomolang pelo “ba ba gateletsweng e bile ba imetswe” ke “dingwao tse di se nang mosola.”

Go gatisiwa ga Baebele eno e ne e le tiro e e duleng diatla. Se se neng se dira gore mokwalo wa Sefora o balege monate ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa ke gore, o ne o kwadilwe ka tsela e e kgatlhang le e e balegang motlhofo ka ditlhaka tsa mokwalo wa bogologolo di rulagantswe ka dikholomo tse pedi e bile di kgaogantswe ka dikgaolo le dirapa. Dintlha tse di kwadilweng fa thoko ga dikholomo tseo di bontsha kafa thanolo eno e ranotsweng ka kelotlhoko le ka nepo ka teng. Dikakgelo tsa kwa tshimologong, dintlha tse di oketsegileng, manaane a tshedimosetso le maboko le tsone di ne di dira gore Baebele eo e kgatlhe. Kwa bofelong jwa Baebele eno, go na le temana e khutshwane ya poko e e reng “Ba-Waldo, ba ba rerang Efangele, ba dirile gore batho ba kgone go nna le letlotlo leno.”

Tiro ya Botswerere . . . Le Mathata a Yone

Thanolo ya ga Olivétan e e kileng ya bo e kgalwa, gompieno batho ba le bantsi ba e tsaya e le tiro ya botswerere e e dirilweng ka kelotlhoko le ka nepo. Mo godimo ga moo, e ile ya dirisiwa go ranola dithanolo tsa Baebele tsa Baporotesetanta ka dingwaga di le makgolo a mararo.

Le fa go ne ga gatisiwa dikhopi di ka nna sekete tsa Baebele ya ga Olivétan, ga di a ka tsa rekwa thata. E ne e le ka gonne go ne go se na thulaganyo e e tlhomameng ya go di anamisa le ka gonne ka nako eo puo ya Sefora ka boyone e ne e fetoga ka bofefo. Mo godimo ga moo, e re ka e ne e le buka e kgolo ya dikilogerama tse tlhano, e ne e sa siamela bareri ba ba tsamayang kgotsa batho ba ba neng ba batla go e bala mo sephiring.

Le fa gone khopi nngwe e ile ya fitlha kwa legaeng la ga Collin Pellenc kwa Fora jaaka go umakilwe kwa tshimologong ya setlhogo seno, Baebele ya ga Olivétan ga e a ka ya rekiwa thata. Ka 1670, mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo le masome a matlhano moragonyana, lebenkele la dibuka kwa Geneva le ne le sa ntse le rekisa khopi ya yone.

“Tlhokaina wa Motlhokagagabo”

Fa Olivétan a sena go wetsa tiro ya gagwe, o ne a tsena ka lenga la seloko. O ne a tlhabolola Tesetamente ya gagwe e Ntšha le dikarolo tsa Tesetamente e Kgologolo a ipitsa ka maina a sele. Gape o ne a ineela mo tirong e nngwe e a e ratang thata—go ruta. E re ka e ne e le morutabana yo o akanyetsang dilo kwa teng, o ne a kwala sesha buka ya gagwe ya Instruction for Children (Thuto ya Bana) e e rutang bana dithuto ka boitsholo e bile e ba ruta go bala Sefora e theilwe mo Dikwalong fela. Lengwe la maina a a neng a ipitsa ka one e ne e le Belisem de Belimakom, le le kayang “Tlhokaina wa Motlhokagagabo.”

Olivétan o ne a tlhokafala ka 1538 a le mo masimologong a dingwaga tsa bo30, gongwe a le kwa Roma. Gompieno ga se batho ba bantsi ba ba itseng ka seabe se mokwadi yono yo mmotlana yo o tswang kwa Picardy a nnileng le sone mo go anamisiweng ga Baebele ya Sefora. Leina la gagwe le tlhagelela ka sewelo mo didikishinareng. Gongwe seno se ne se tla itumedisa “moranodi yo o ikokobeditseng,” Louys Robert, yo gape a neng a bidiwa Olivétan!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Fa o batla tshedimosetso malebana le kafa Ba-Waldo ba neng ba inaakanya ka gone le Phetogo e Kgolo, bona Tora ya Tebelo ya March 15, 2002, tsebe 20-23.

^ ser. 7 Fa a tsholwa o ne a tewa leina la Louys Robert mme morago a ipitsa Pierre. Olivétan ke leina le a ka tswang a ne a bidiwa ka lone ka gonne a ne a dirisa leokwane le lentsi la motlhware (olive oil) go bonesa e re ka a ne a bereka go fitlha bosigo.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Archives de la Ville de Neuchâtel, Suisse/​Photo: Stefano Iori

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Left photo: Alain Leprince - La Piscine-musée, Roubaix/​Courtesy of the former Bouchard Museum, Paris

Center and right: Société de l’Histoire du Protestantisme Français, Paris

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Société de l’Histoire du Protestantisme Français, Paris