Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmusi wa Lefatshe yo o Fitlhang se a Leng Sone o a Senoga

Mmusi wa Lefatshe yo o Fitlhang se a Leng Sone o a Senoga

Mmusi wa Lefatshe yo o Fitlhang se a Leng Sone o a Senoga

NAKO nngwe Jesu o ne a raya batho a re: “Mmusi wa lefatshe leno o tla latlhelwa kwa ntle.” Moragonyana o ne a re ‘ga go na jaaka mmusi wa lefatshe a ne a ka mo tshwara’ le gore “mmusi wa lefatshe leno o atlhotswe.” (Johane 12:31; 14:30; 16:11) Jesu o ne a bua ka mang?

Fa re akanya ka se Jesu a neng a se bua ka “mmusi wa lefatshe leno,” go bonala sentle gore a ka se ka a bo a ne a bua ka Rraagwe e bong Jehofa Modimo. Ka jalo, “mmusi wa lefatshe leno” ke mang? O tla “latlhelwa kwa ntle” jang, mme o “atlhotswe” jang?

“Mmusi wa Lefatshe Leno” o a Itshenola

Fela jaaka gantsi sekebekwa se se matlhajana se ipelafatsa ka dilo tse se kgonang go di dira, Diabolo le ene o ne a dira jalo fa a ne a raela Jesu, Morwa Modimo. Fa Satane a sena go bontsha Jesu “magosi otlhe” a lefatshe, Satane o ne a mo solofetsa jaana: “Ke tla go naya taolo eno yotlhe le kgalalelo ya yone, ka gonne e neilwe nna, mme ke e naya ope fela yo ke eletsang go e mo naya. Jalo, wena, fa o ka obama fa pele ga me, yotlhe e tla nna ya gago.”—Luke 4:5-7.

Fa Diabolo e ne e le bosula fela ka kakaretso, jaaka bangwe ba bua, re ne re tla tlhalosa thaelo eo jang? A Jesu o ne a raelwa ke kakanyo nngwe e e bosula kgotsa ke maikutlo a a tlhakatlhakaneng a a ka tswang a ile a nna le one fa a sena go kolobediwa? Fa e le gore go ntse jalo, ke jang go neng go ka twe “ga go na boleo mo go ene”? (1 Johane 3:5) Jesu ga a ka a ganetsa gore Diabolo o laola batho, mme go na le moo o ne a tlhomamisa ntlha eo ka go mmitsa “mmusi wa lefatshe,” a mo tlhalosa e le “mmolai” le “moaki.”—Johane 14:30; 8:44.

Mo e ka nnang dingwaga di feta 60 fa Keresete a sena go gana thaelo ya ga Diabolo, moaposetoloi Johane o ne a gopotsa Bakeresete kafa Diabolo a nang le tlhotlheletso e e maatla ka gone fa a ne a re, “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Gape Johane o ne a re ‘o tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (1 Johane 5:19; Tshenolo 12:9) Go bonala sentle gore Baebele ya re “mmusi wa lefatshe” ke setshedi se se sa bonaleng sa moya. Mme gone o tlhotlheletsa batho go le kana kang?

Mmusi wa Lefatshe o Naya Badirikaene Maatla

Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala ka ntwa ya tumelo e Bakeresete ba leng mo go yone, o ne a bontsha sentle gore baba ba bone ba ba kotsi ke bomang. O ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Re lwa, e seng le madi le nama, mme le dipuso, le balaodi, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Ka jalo, ntwa eno ga e ame batho fela, ka gonne e lowa “e seng le madi le nama,” mme e lowa le “meya e e boikepo.”

Go ya ka bontsi jwa dithanolo tsa bosheng tsa Baebele, fano “meya e e boikepo” ga e kaye bosula fela ka kakaretso mme e kaya batho ba moya ba ba maatla e bile ba le boikepo. Dithanolo tse dingwe di ranola mafoko ano e le “masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo” (Baebele e e Boitshepo) kgotsa “maatla a a bosula a a fetang a motho a a kwa magodimong” (The New English Bible). Ka jalo, Diabolo o ntse a laola a dirisa baengele ba bangwe ba batsuolodi ba ba latlhileng “lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” la kwa legodimong.—Jude 6.

Buka ya Baebele ya boporofeti ya Daniele e tlhalosa kafa “babusi [bano] ba lefatshe” ba ntseng ba dirisa taolo ya bone ka teng mo lefatsheng fa e sa le go tloga bogologolo. E re ka moporofeti Daniele a ne a tshwenyegile thata ka Bajuda ba gagabo ba ba neng ba boetse kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. ba tswa kwa botshwarwa kwa Babelona, o ile a ba rapelela ka dibeke di le tharo. Moengele yo o neng a romilwe ke Modimo gore a kgothatse moporofeti yono, o ne a mmolelela gore ke ka ntlha yang fa a ne a diegile go goroga. O ne a re: “Kgosana ya puso ya segosi ya Peresia e ne e eme kgatlhanong le nna malatsi a le masome a mabedi le bongwe.”—Daniele 10:2, 13.

‘Kgosana eno ya Peresia’ e ne e le mang? Go bonala sentle gore moengele o ne a sa bue ka Kgosi Kurose wa kwa Peresia, yo o neng a amogela Daniele le batho ba gagabo. Mo godimo ga moo, go ne go ka tla jang gore kgosi ya motho e kgone go emelana le sebopiwa sa moya dibeke di le tharo mme moengele a le mongwe a ile a kgona go fedisa masole a a nonofileng a le 185 000? (Isaia 37:36) ‘Kgosana eno ya Peresia’ ya mmaba e tshwanetse ya bo e ne e le modiredi wa ga Diabolo, ke gore, ledimona le le neng le neilwe taolo gore le laole Mmusomogolo wa Peresia. Moragonyana mo pegong eno, moengele wa Modimo o ne a bolela gore o ne a tla tshwanelwa ke go boa gape a lwa le “kgosana ya Peresia” le kgosana e nngwe ya ledimona e bong “kgosana ya Gerika.”—Daniele 10:20.

Re ka swetsa ka go reng mo kgannyeng eno? Re ka swetsa fela ka go re tota “babusi ba lefatshe” ba ba sa bonaleng ba teng, dikgosana tsa madimona tse di laolang lefatshe di eteletswe pele ke Satane Diabolo. Mme boikaelelo jwa bone e ntse e le eng go fitlha gompieno?

Mmusi wa Lefatshe o a Senoga

Mo bukeng ya bofelo ya Baebele ya Tshenolo, moaposetoloi Johane o tlhalosa kafa Jesu, e le moengele yo mogolo Mikaele, a fenyang Diabolo le madimona a gagwe ka teng a bo a tlhalosa ditlamorago tse di botlhoko tsa go kobiwa ga bone kwa legodimong. Re bala jaana: “A bo go latlhega lefatshe . . . ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:9, 12.

Diabolo o ile a bontsha bogale jo bogolo jang? Fela jaaka dikebekwa di le dintsi tse di ikemiseditseng di na le boikutlo jwa gore di laola batho go seng jalo di a ba bolaya, Diabolo le madimona a gagwe ba ikemiseditse go dira gore lefatshe le batho ba ba nnang mo go lone ba senngwe mmogo le bone. E re ka Diabolo a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane, o ntse a dirisa nngwe ya dikarolo tsa konokono tsa setšhaba tse di mo taolong ya gagwe, e leng dikgwebo tse dikgolo, go rotloetsa moya wa go reka mo go feteletseng, o o felelang ka gore dikungo tsa lefatshe di fele le tikologo ya lefatshe e senyege, mme seo se tsenya matshelo a batho mo kotsing.—Tshenolo 11:18; 18:11-17.

Go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya batho, tsela e Diabolo a ratang go laola ka yone e ile ya bonala le mo dipolotiking le mo bodumeding. Buka ya Tshenolo e tshwantsha mebuso ya dipolotiki le dibatana tsa naga tse Diabolo a di neileng “taolo e kgolo.” Gape e bontsha gore go tlhabisa ditlhong gore bodumedi bo bo bo dirisana le dipolotiki mme e tlhalosa seo e le boaka jwa semoya. (Tshenolo 13:2; 17:1, 2) Akanya ka kgatelelo, bokgoba, dintwa le dikgotlhang tsa merafe tse di bolaileng dimilione tsa batho ka makgolokgolo a dingwaga. A go na le mongwe yo o ka reng ditiragalo tse di garolang pelo le tse di tshosang tse di ntseng di diragala mo hisitoring ke dilo tse di neng di dirwa ke batho fela? A kgotsa di ne di tlhotlhelediwa ke meya e e boikepo e e sa bonaleng?

Baebele e bontsha sentle e bile e senola gore ke mang yo o ntseng a tlhotlheletsa baeteledipele ba batho le dipuso tsa lefatshe. Le fa batho ba ka tswa ba lemoga kgotsa ba sa lemoge, ba na le mekgwa ya mmusi wa bone le boikutlo jo bo tshwanang le jwa gagwe jwa gore a laole batho go seng jalo a ba bolaye. Mme batho ba tla tswelela ba boga ka lobaka lo lo kana kang ba busiwa ke Diabolo?

Diabolo o Tla Amogiwa Thata

Bodiredi jwa ga Keresete mo lefatsheng ka lekgolo la ntlha la dingwaga bo ne bo bontsha gore go ne go le gaufi gore Diabolo le madimona a gagwe ba nyelediwe. Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmolelela gore ba ne ba lelekile jang madimona a a sa bonaleng, o ne a ba raya a re: “Ke ne ka simolola go bona Satane a setse a ole jaaka logadima go tswa kwa legodimong.” (Luke 10:18) Ka go rialo, Jesu o ne a ipelela phenyo ya gagwe e e neng e tla direga mo isagweng fa a fenya mmusi wa lefatshe ka nako ya fa Jesu a setse a boetse kwa legodimong e le Mikaele, moengele yo mogolo. (Tshenolo 12:7-9) Go ithuta mo go oketsegileng ka boporofeti jwa Baebele go bontsha gore phenyo eno e ile ya diragala kwa legodimong ka 1914 kgotsa moragonyana fela ga foo. *

Fa e sa le go tloga ka nako eo, Diabolo o itse gore o saletswe ke nako e khutshwane pele a senngwa. Le fa ‘lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a gagwe,’ go na le batho ba le dimilione gompieno ba ba sa tsiediwang ke maano a gagwe a gore a ba laole. Baebele e ba bontshitse gore tota ke mang le gore maano a gagwe ke afe. (2 Bakorintha 2:11) Ba newa tsholofelo ke mafoko ano a Paulo a neng a a bolelela Bakeresete ka ene: “Modimo yo o nayang kagiso o tla tapeta Satane kafa tlase ga dinao tsa lona mo bogautshwaneng.” *Baroma 16:20.

Go ise go ye kae Diabolo o tla amogiwa thata! Ka nako ya fa Keresete a tla bo a busa ka lorato, batho ba ba siameng ba tla fetola sebeo sa Modimo sa dinao sa tshwantshetso e leng lefatshe go nna paradaise. Thubakanyo, letlhoo le bopelotshetlha di tla fela ka bosakhutleng. Baebele ya re: “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa.” (Isaia 65:17) Ruri seno se tla itumedisa batho botlhe ba ba duleng mo taolong ya mmusi wa lefatshe leno yo o fitlhang se a leng sone!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 20 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka letlha leno, bona dintlha tse di oketsegileng tse di mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, mo go tsebe 215 go ya go 218.

^ ser. 21 Mafoko a ga Paulo fano a tshwana le boporofeti jwa ntlha jwa Baebele, jo bo mo go Genesise 3:15, jo bo bontshang gore kgabagare Diabolo o tla senngwa. Paulo o ne a tlhalosa tiragalo eo a dirisa lefoko la Segerika le le kayang “go thubaganya.”—Vine’s Complete Expository Dictionary of Old and New Testament Words.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Ka nako ya fa Keresete a tla bo a busa ka lorato, batho ba ba siameng ba tla fetola lefatshe go nna paradaise