Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Monna yo o Amogelwang ke Pelo ya ga Jehofa

Monna yo o Amogelwang ke Pelo ya ga Jehofa

Monna yo o Amogelwang ke Pelo ya ga Jehofa

KE ENG se se tlang mo mogopolong wa gago fa o akanya ka Dafide yo go buiwang ka ene mo Baebeleng? A o gopola fa a ne a fenya mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe? Fa a ne a tshabela kwa nageng a tshaba Kgosi Saulo yo o neng a mo tlhoile? Boleo jo a neng a bo dira le Bathesheba le mathata a a neng a nna le one ka ntlha ya seo? Kgotsa a o gopola maboko a gagwe a a tlhotlheleditsweng, a a kwadilweng mo bukeng ya Baebele ya Dipesalema?

Mo botshelong jwa gagwe, Dafide o ne a direla Modimo ditiro tse di kgethegileng, a atlega mo dilong tse dintsi a bo a welwa ke masetlapelo. Mme se se dirang gore re batle go itse ka Dafide le go feta ke se moporofeti Samuele a neng a se bua ka ene—o ne a tla nna “monna yo o amogelwang ke pelo ya [ga Jehofa].”—1 Samuele 13:14.

Boporofeti jwa ga Samuele bo ne jwa diragadiwa fa Dafide a ne a sa le mosha. A o ne o ka se rate go tlhalosiwa o le motho yo o amogelwang ke pelo ya ga Jehofa? Ka jalo ke eng se se diregileng mo botshelong jwa ga Dafide, segolobogolo fa a ne a sa le mosha, se se ka go thusang gore o nne motho yo o ntseng jalo? A re boneng.

Lelapa la Gagabo le Tiro ya Gagwe

Jese, rraagwe Dafide, yo e neng e le setlogolwana sa ga Ruthe le Boase, e tshwanetse ya bo e ne e le monna yo o ineetseng mo go Jehofa. Fa Dafide, bomorwarraagwe ba ba supa le bokgaitsadie ba babedi ba ne ba sa le bannye, Jese o ne a ba ruta Molao wa ga Moshe. Dafide o ipitsa morwa “lelata” la ga Jehofa mo go nngwe ya dipesalema tsa gagwe. (Pesalema 86:16) Seno se ile sa dira gore bangwe ba swetse ka go re mmaagwe Dafide, yo o sa umakiweng ka leina mo Baebeleng, le ene o ne a mo thusa gore a nne le kamano e e molemo le Modimo. Mokanoki mongwe a re Dafide “a ka tswa a utlwile kgang e e gakgamatsang ya ditirisano tsa Modimo le batho ba gagwe la ntlha ka [mmaagwe],” go akaretsa pego ya botshelo jwa ga Ruthe le Boase.

Fa re simolola go utlwa ka Dafide, e ne e le mosimanyana wa modisa yo o neng a na le maikarabelo a go tlhokomela dinku tsa ga rraagwe. Tiro eno e tshwanetse ya bo e ne e dira gore a fetse malatsi le masigo a mantsi a le esi kwa nageng. Leka go bona kgang eno ka leitlho la mogopolo.

Lelapa la gagabo Dafide le ne le nna kwa Bethelehema, motsana o o neng o le mo setlhoeng le mo mokgokoloseng wa mmoto kwa dithoteng tsa Juda. Naga e e matlapa e e gaufi le Bethelehema e ne e tlhagisa dijo tse dintsi tsa dithoro. Masimo a maungo, masimo a metlhware le masimo a mofine a ne a ikadile mo mekgokoloseng le mo mokgatšheng. Mo motlheng wa ga Dafide, naga e e fa gare ga dithota e e neng e sa lemiwa e ka tswa e ne e dirisediwa mafulo. Ka kwa ga yone go ne go na le sekaka sa Juda.

Tiro ya ga Dafide e ne e ka nna kotsi. O ne a le mo dithoteng tseno fa a ne a lebana le tau le bera tse di neng di leka go tsaya dinku mo letsomaneng. * Mosha yono yo o pelokgale o ne a leleka dibatana tseno, a di bolaya mme a namola dinku tsa gagwe mo melomong ya tsone. (1 Samuele 17:34-36) Gongwe Dafide o ne a nna setswerere mo go diriseng motsekedi mo nakong eno. Kgaolo ya ga Benjamine e ne e le gaufi le motse wa gagabo. Ditswerere tsa lotso loo tsa go konopa ka motsekedi di ne di ka konopa maje “go ya selekanyong sa boatlhamo jwa moriri e bile [di] se ke [di] fosa.” Dafide le ene o ne a kgona go lebaganya fela jalo fa a konopa.—Baatlhodi 20:14-16; 1 Samuele 17:49.

O ne A Dirisa Nako ya Gagwe Sentle

Gantsi tiro ya go disa e ne e le tiro e motho a e dirang a le esi ka tidimalo. Le fa go ntse jalo, Dafide ga a ka a itetla go lapisega. Go na le moo, lefelo le le didimetseng jalo le ne le dira gore a nne le ditshono tse dintsi tsa go tlhatlhanya. Go lebega gore dingwe tsa dikgopolo tse Dafide a neng a di akaretsa mo dipesalemeng tsa gagwe, a ka tswa a nnile le tsone fa a sa le mosha. A a ka tswa a ne a dirisa nako ya fa a ne a le esi go tlhatlhanya ka seabe sa motho mo thulaganyong ya lobopo le ka dilo tse di gakgamatsang tsa legodimo—letsatsi, ngwedi le dinaledi, “ditiro tsa menwana ya [ga Jehofa]”? A o ne a le mo nageng e e gaufi le Bethelehema fa a tlhatlhanya ka naga e e ungwang, dikgomo le dipoo, dinonyane le “dibatana tsa naga e e bulegileng”?—Pesalema 8:3-9; 19:1-6.

Ga go pelaelo gore se se diragaletseng Dafide e le modisa se ne sa dira gore a bone thata kafa Jehofa a ratang ka teng batlhanka ba Gagwe ba ba ikanyegang. Ka jalo, Dafide o ne a opela jaana: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe. O nthapamisa mo mafulong a a tletseng bojang; o nkisa fa mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi. Le fa gone ke tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho, ga ke boife sepe se se bosula, gonne o na le nna; thobane ya gago le lore lwa gago ke dilo tse di nkgomotsang.”—Pesalema 23:1, 2, 4.

O ka tswa o ipotsa gore tota dilo tseno tsotlhe di go ama jang. Karabo ke gore lengwe la mabaka a go bo Dafide a ne a atamalana thata le Jehofa e bile a ne a ka bidiwa “monna yo o amogelwang ke pelo ya gagwe” ke gore o ne a tlhatlhanya thata ka ditiro tsa ga Jehofa le ka kamano ya gagwe le Modimo. A go ka buiwa jalo le ka wena?

A o kile wa ikutlwa o tlhotlheletsega go baka le go galaletsa Mmopi morago ga gore o sekaseke sengwe se a se bopileng? A o kile wa ikutlwa o rata Jehofa thata fa o sena go bona dinonofo tsa gagwe tse di bonalang mo ditirisanong tsa gagwe le batho? E le gore o kgone go rata Jehofa ka ntlha ya dilo tseno, o tshwanetse go rapela le go ipha nako ya go tlhatlhanya ka tidimalo ka Lefoko la Modimo le ka dilo tse a di bopileng. Go tlhatlhanya jalo go ka go thusa gore o atamalane le Jehofa—o bo o mo rate. Basha mmogo le bagolo ba ka nna le tshiamelo eno. Dafide o tshwanetse a bo a ile a atamalana le Jehofa go tswa bosheng jwa gagwe. Re itse jang?

Fa Dafide A ne A Tlodiwa

Fa Kgosi Saulo a ne a sa tlhole a tshwanelega go etelela batho ba Modimo pele, Jehofa o ne a raya moporofeti Samuele a re: “O tla hutsafalela Saulo ka lobaka lo lo kae, fa nna, kafa letlhakoreng le lengwe, ke mo ganne gore a se tlhole a busa e le kgosi ya Iseraele? Tlatsa lonaka lwa gago ka leokwane mme o tsamaye. Ke tla go roma kwa go Jese wa Mobethelehema, ka gonne ke ineile kgosi mo gare ga bomorwawe.”—1 Samuele 16:1.

Fa moporofeti wa Modimo a goroga kwa Bethelehema, o ne a laela Jese gore a bitse bomorwawe. Samuele o ne a tla tlotsa ofe mo go bone gore a nne kgosi? Fa Samuele a bona morwa wa ga Jese yo mogolo wa maratagolejwa e bong Eliabe, o ne a ipolelela jaana: ‘Yono e tshwanetse ya bo e le ene.’ Mme Jehofa o ne a raya Samuele a re: “O se ka wa leba ponalo ya gagwe le boleele jwa gagwe, gonne ke mo ganne. Gonne Modimo ga a bone kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” Ka tsela e e tshwanang Jehofa o ne a gana le Abinadabe, Shammahe le bomorwarraabone ba bangwe ba le banè. Pego eno e tswelela jaana: “La bofelo Samuele a raya Jese a re: ‘A bano ke bone botlhe basimane?’ Foo a re: ‘Go sa ntse go setse yo mmotlana thata go fitlha jaanong, mme bona! o fudisa dinku.’”—1 Samuele 16:7, 11.

Karabo ya ga Jese e lebega e kaya gore: ‘Dafide e ka se ke ya bo e le ene yo o mmatlang.’ E re ka Dafide e ne e le ene yo mmotlana mo lapeng e bile a tsewa a se botlhokwa, o ne a neilwe tiro ya go tlhokomela dinku. Le fa go ntse jalo e ne e le ene yo Modimo a neng a mo tlhophile. Jehofa o bona se se mo pelong, mme go bonala sentle gore o ne a bona sengwe se se tlhwatlhwakgolo mo mosheng yono. Ka jalo fa Jese a sena go laela gore Dafide a bidiwe, Jehofa o ne a raya Samuele a re: “‘Nanoga, mo tlotse, gonne yo ke ene!’ Ka jalo Samuele a tsaya lonaka lwa leokwane mme a mo tlotsa mo gare ga bomorwarraagwe. Mme moya wa ga Jehofa wa simolola go dira mo go Dafide go tloga ka letsatsi leo go ya pele.”—1 Samuele 16:12, 13.

Ga re bolelelwe gore Dafide o ne a na le dingwaga di le kae fa seno se ne se direga. Le fa go ntse jalo, nakwana moragonyana, bomorwa Jese ba bararo ba bagolwane e bong Eliabe, Abinadabe le Shammahe ba ne ba le mo sesoleng sa ga Saulo. Gongwe ba bangwe ba batlhano ba ne ba le bannye gore le bone ba ka ya bosoleng. Go ka direga gore ba ne ba ise ba tshware dingwaga tse 20, e leng dingwaga tse di neng di tlhokega gore motho a tsenele bosole kwa Iseraele. (Dipalo 1:3; 1 Samuele 17:13) Mme gone Dafide o ne a le mmotlana tota fa Jehofa a ne a mo tlhopha. Le fa go ntse jalo, go lebega Dafide a ne a setse a tsaya kamano ya gagwe le Jehofa e le botlhokwa thata. Go lebega a ile a nna le yone ka go tlhatlhanya ka se a neng a se itse ka Modimo.

Gompieno basha ba tshwanetse go kgothalediwa go dira se se tshwanang. Ka jalo, batsadi, a lo kgothaletsa bana ba lona gore ba tlhatlhanye ka dikgang tsa Baebele, ba anaanele popo ya Modimo le go ithuta ka se Baebele e se buang ka Mmopi? (Duteronome 6:4-9) Mme lona basha a lo dira seno ka bolona? Dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di jaaka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! * di diretswe go lo thusa.

Setswerere sa go Letsa Harepa

Fela jaaka mafoko a dipesalema tse dintsi tsa ga Dafide a re bolelela sengwe malebana le nako ya fa e ne e le modisa, mmino wa tsone le one o tshwanetse wa bo o ne o dira jalo. Gone ke boammaaruri gore mmino o o neng o lediwa fa go opelwa dipina tseno tse di boitshepo ga o tlhole o le teng gompieno. Mme se re se itseng ke gore motlhami wa dipina tseo e ne e le kgeleke ya mmino. Tota e bile, lebaka la go bo Dafide a ne a bidiwa a le kwa madisong gore a ye go direla Kgosi Saulo ke gore e ne e le setswerere sa go letsa harepa.—1 Samuele 16:18-23. *

Dafide o ne a ithuta go letsa harepa kae le gone leng? E ka tswa e ne e le ka nako ya fa a ne a le kwa nageng a disitse dinku. Mme go a utlwala go akanya gore tota le fa Dafide a ne a sa le mosha jalo, o ne a setse a opelela Modimo wa gagwe dipako go tswa pelong. Aitsane, Jehofa o ne a mo tlhopha ka gonne a ne a ineetse mo go ene e bile a mo direla ka boikanyegi.

Mo setlhogong seno ga re bue thata ka gore Dafide o ne a nna motho yo o ntseng jang fa a setse a godile. Mme dinonofo tse a neng a na le tsone mo botshelong jotlhe jwa gagwe di dumalana le mafoko a a ka tswang a ile a a akanya a sa le mosha kwa nageng gaufi le Bethelehema. Akanya fela Dafide a opelela Jehofa a re: “Ke gakologetswe malatsi a bogologolo; ke tlhatlhantse ka tiro ya gago yotlhe; ke ne ka itlhophela go nna ke tlhatlhanya ka tiro ya diatla tsa gago.” (Pesalema 143:5) Pesalema eno le tse dingwe tse dintsi tsa ga Dafide tse di amang pelo, di ka tlhotlheletsa batho botlhe ba ba batlang go amogelwa ke pelo ya ga Jehofa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Bera e thokwa ya kwa Siria, e e kileng ya bo e le kwa Palesetina, e ne e le boima jwa dikilogerama di ka nna 140 e bile e ne e ka bolaya motho kgotsa phologolo ka go e itaya ka maroo a yone a matona. Ditau di kile tsa bo di le dintsi mo lefelong leo. Isaia 31:4 ya re tota le “badisa ba palo e e feletseng” ba ne ba ka se kgone go leleka “tawana e e seriri” fa e tlhasela phologolo nngwe.

^ ser. 20 Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 22 Mogakolodi wa kgosi yo o neng a buelela Dafide, gape o ne a re Dafide e ne e le “sebui se se botlhale le monna yo o bopegileng sentle, e bile Jehofa o [ne a] na le ene.”—1 Samuele 16:18.