Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Latofadiwa ka Maaka!

O ne A Latofadiwa ka Maaka!

Tsa Basha

O ne A Latofadiwa ka Maaka!

JOSEFA—KAROLO 2

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba konokono: Josefa, Potifaro le mosadi wa gagwe

Tshobokanyo: Josefa o tsenngwa mo kgolegelong a latofadiwa ka maaka, mme Jehofa o nna le ene.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.—BALA GENESISE 39:7, 10-23.

O akanya gore lentswe la mosadi wa ga Potifaro le ne le bontsha maikutlo afe fa a ne a latofatsa Josefa ka maaka?

․․․․․

Tlhalosa gore o akanya gore ntlo ya kgolegelo e ne e ntse jang.

․․․․․

Lekgetlho la ntlha fa Josefa a le kwa kgolegelong o ne a tshwarwa jang? (Ntlha e e ka thusang: Bona Pesalema 105:17, 18.)

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Fa tumelo ya ga Josefa e ka bo e ne e le bokoa, a ka bo a ile a dira tshwetso efe e e phoso fa a ntse a le kwa kgolegelong? (Ntlha e e ka thusang: Bona Jobe 30:20, 21.)

․․․․․

Re itse jang gore Josefa ga a ka a bona Jehofa molato ka go bo a tsentswe mo kgolegelong? (Ntlha e e ka thusang: Bona Genesise 40:8; 41:15, 16.)

․․․․․

O akanya gore ke dinonofo dife tse di ileng tsa thusa Josefa gore a itshokele go tsenngwa mo kgolegelong go sa tshwanela? (Ntlha e e ka thusang: Bala o bo o akanye ka ditemana tse di latelang: Mika 7:7; Luke 14:11; Jakobe 1:4.)

․․․․․

Josefa o ile a newa thapiso efe kwa kgolegelong, mme thapiso eo e ka tswa e ile ya mo solegela molemo jang moragonyana mo botshelong? (Ntlha e e ka thusang: Bona Genesise 39:21-23; 41:38-43.)

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Melemo e e bonwang ke batho ba ba itshokang.

․․․․․

Thapiso e o ka e bonang fa o lebane le bothata bongwe.

․․․․․

Tsela e Jehofa a re emang nokeng ka yone ka dinako tsa mathata.

․․․․․

DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

A o kile wa nna mo seemong se mo go sone o neng o ikutlwa o tshwenyegile e bile o kgaphetswe kwa thoko? Tota le fa o ne o lebane le teko eo, Jehofa a ka tswa a ne a go thusa jang? (Ntlha e e ka go thusang: Bala o bo o akanye ka 1 Bakorintha 10:13.)

․․․․․

4 KE DINTLHA DIFE MO PEGONG ENO TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Fa o se na Baebele, kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye yone kgotsa o e bale mo atereseng eno ya internet www.watchtower.org